Thusa Badumedimmogo Morago ga Tlhalo Jang?
Gongwe o itse mongwe yo o tlhadilweng—gongwe e bile o itse batho ba le mmalwa ba ba mo boemong joo. Go ntse jalo ka gonne tlhalo e tlwaelegile thata. Ka sekai, patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Poland e bontsha gore batho ba ba nang le dingwaga di le 30, ba ba setseng ba na le dingwaga di le tharo go ya go di le thataro ba le mo lenyalong, ba ka nna ba tlhalana; mme ga se batho ba ba mo dingwageng tseo fela ba ba ka nnang ba tlhalana.
Tota e bile, Institute for Family Policy ya kwa Spain e bolela gore “dipalopalo di bontsha gore [kwa Yuropa] halofo ya batho ba ba tsenang mo lenyalong ba tla tlhalana.” Seemo se ntse fela jalo le mo dinageng tse dingwe tse di tlhabologileng.
GO TLHAKATLHAKANA GA MAIKUTLO
Ke eng se se bakang ditlamorago tseno tse di utlwisang botlhoko? Mogakolodi mongwe wa lenyalo wa kwa Yuropa Botlhaba o ne a re: “Tlhalo ke letshwao la semolao la se se setseng se diragetse—go fela ga kamano ya lona mme morago ga foo go kgaogana, sengwe se se utlwisang botlhoko thata.” O ne a oketsa ka gore: “Gantsi go latela maikutlo a a farologaneng a a maatla—kgalefo, go ikwatlhaya, go kgobega marapo, go itlhoboga le go tlhabiwa ke ditlhong.” Ka dinako dingwe seno se dira gore batho ba nne le maikutlo a go batla go ipolaya. “Fa kgotlatshekelo e dira tshwetso ya makgaolakgang ya tlhalo, go simolola kgato e nngwe. E re ka motho yo o tlhadilweng a ikutlwa a se na mosola e bile a le nosi, a ka nna a ipotsa gore: ‘E re ka jaanong ke tlhadilwe, tota ke mang? Boikaelelo jwa botshelo jwa me ke eng?’”
Fa Ewa, a gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka gone dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, a re: “Ke ne ke ikutlwa ke tlhabilwe ke ditlhong thata, morago ga gore tlhalo e fele semolao, baagelani ba me le badirimmogo le nna ba ne ba ne ba re ke ‘motho yo o tlhadilweng.’ Ke ne ke galefile tota. E re ka monna wa me a ne a ntlogetse le bana ba babedi ba bannye, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke nne mmaabone le rraabone.”a Adam, yo e neng e le mogolwane yo o tlotliwang, ka dingwaga di le 12 o akgela jaana: “Ke ne ka latlhegelwa ke seriti sa me mo e leng gore ka dinako tse dingwe ke a galefa mme ke ikutlwa ke batla go ikgogona.”
KGWETLHO YA GO TLHOMAMA GAPE
E re ka bangwe ba tlhobaela thata ka isagwe ya bone, ba ile ba lebana le kgwetlho ya go tlhomama gape—tota le dingwaga di le dintsi morago ga tlhalo. Ba ka nna ba swetsa ka gore batho ba bangwe ga ba amege ka bone. Mo godimo ga moo, mokwaladikgang mongwe yo o kwalang ka tlhalo, o bolela gore ba tshwanetse go “fetola dilo tse ba tlwaetseng go di dira mme ba ithute go lepalepana le mathata a bone ba le bosi.”
Stanisław o gakologelwa jaana: “Fa nna le mosadi wa me re ne re tlhalana, o ne a gana gore ke bone basetsanyana ba me ba babedi. Seo se ne sa dira gore ke akanye gore ga go tlhole go na le ope yo o amegang ka nna le gore Jehofa o tshwanetse a bo a ntatlhile. Ke ne ke sa tlhole ke batla go tshela. Mme fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga kafa go neng go le phoso ka teng go akanya ka tsela eo.” Mosadi mongwe yo le ene a neng a tlhadilwe yo o bidiwang Wanda o ne a tshwenngwa ke go ikutlwa a sa tlhomama ka isagwe: “Ke ne ke tlhomamisegile gore morago ga nakwana, batho—go akaretsa le badumedimmogo—ba tla bo ba sa tlhole ba tshwenyega ka nna le bana ba me. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke kgona go bona kafa bakaulengwe ba neng ba amega ka rona ka gone le go nthusa fa ke ntse ke leka go godisa bana ba me gore e nne baobamedi ba ga Jehofa.”
O kgona go lemoga ka dikakgelo tse di ntseng jalo gore morago ga tlhalo bangwe ba nna le maikutlo a a sa siamang. Ba ka nna ba simolola go inyatsa, ba akanya gore ga ba na mosola e bile ba ka se ratiwe. Mo godimo ga moo, ba ka nna ba tshwaya batho ba ba ba dikologileng diphoso. Ka ntlha ya seo, ba ka nna ba simolola go akanya gore phuthego ga e na le lorato e bile ga e ba utlwele botlhoko. Le fa go ntse jalo, maitemogelo a ga Stanisław le Wanda, a bontsha gore batho ba ba tlhadilweng ba tla lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba amega tota ka bone. Tota e bile, Bakeresetemmogo ba ile ba ba thusa thata, tota le fa kwa tshimologong ba ne ba sa lemoge gore ba a ba thusa.
FA O SIMOLOLA GO IKUTLWA O JEWA KE BODUTU E BILE O LATLHILWE
Gakologelwa gore le fa re ka dira maiteko a magolo jang, gangwe le gape badumedimmogo ba ba tlhadilweng ba ka nna ba ikutlwa ba jewa ke bodutu. Bokgaitsadi ba ba tlhadilweng ke bone ba segolobogolo ba akanyang gore batho ba le bantsi ga ba amege ka bone. Alicja a re: “Go setse go fetile dingwaga di le robedi ke tlhadilwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ke sa ntse ke ikutlwa ke se na mosola. Ka dinako tse di ntseng jalo, ke a ikgogona ke bo ke lela le go ikutlwela botlhoko.”
Le fa go tlwaelegile gore motho yo o tlhadilweng a ikutlwe ka tsela e e tlhalositsweng fano, Baebele e re gakolola gore re se ka ra itlhaola. Fa re sa latele kgakololo eno go ka dira gore re gane “botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Dia. 18:1) Le fa go ntse jalo, motho yo o ikutlwang a jewa ke bodutu, o tshwanetse go tlhaloganya gore o tla bo a le botlhale fa a tila go nna a batla kgakololo kgotsa kgomotso mo mothong wa bong bo sele. Ka go dira jalo, a ka se ka a raelesega go nna le maikutlo a a sa tshwanelang a lorato.
Badumedi ka rona ba ba tlhadilweng ba ka tswa ba na le maikutlo a go leng thata go lebana le one, go akaretsa le go tlhobaela ka isagwe le go ikutlwa ba jewa ke bodutu kgotsa le e leng go ikutlwa ba latlhilwe. Fa re lemoga gore maikutlo a a ntseng jalo a tlwaelegile le gore go thata go a fenya, re tshwanetse go etsa Jehofa ka go ema bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona nokeng ka boikanyegi. (Pes. 55:22; 1 Pet. 5:6, 7) Re ka tlhomamisega gore ba tla anaanela thata thuso epe fela e re ba e nayang. Eleruri, ba tla bona thuso ya balekane ba boammaaruri mo phuthegong!—Dia. 17:17; 18:24.
a Maina mangwe a fetotswe.