“O Rate Jehofa Modimo wa Gago”
“O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”—MATH. 22:37.
1. Ke eng se se dirileng gore lorato lo Modimo le Morwawe ba ratanang ka lone lo gole?
MORWA wa ga Jehofa e bong Jesu Keresete, o ne a re: “Ke rata Rara.” (Joh. 14:31) Gape Jesu o ne a re: “Rara o rata Morwa.” (Joh. 5:20) Seo ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Tota e bile, dingwaga di le dintsi pele Jesu a tla mo lefatsheng, e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo. (Dia. 8:30) Fa Jehofa le Jesu ba ntse ba dira mmogo, Morwa o ne a ithuta go le gontsi ka dinonofo tsa ga Rraagwe mme o ne a na le mabaka a mantsi a go mo rata. Tota e bile, ga go na pelaelo gore go atamalana thata jalo ga bone ke gone go dirileng gore lorato lo ba ratanang ka lone lo gole.
2. (a) Lorato lo akaretsa eng? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?
2 Lorato lo akaretsa go amega thata ka mongwe. Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Ke tla go rata, wena Jehofa nonofo ya me.” (Pes. 18:1) Ke kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka gone ka Modimo, ka gonne ene o a re rata. Fa re ikobela Jehofa, o tla re bontsha gore o a re rata. (Bala Duteronome 7:12, 13.) A mme tota re ka rata Modimo, le fa gone re sa mmone? Go kaya eng go rata Jehofa? Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go mo rata? Mme re ka bontsha jang gore re rata Modimo?
LEBAKA LA GO BO RE KGONA GO RATA MODIMO
3, 4. Ke ka ntlha yang fa go ka kgonega gore re rate Jehofa?
3 “Modimo ke Moya”; ka jalo, ga re kgone go mmona. (Joh. 4:24) Le fa go ntse jalo, re ka kgona go rata Jehofa e bile Dikwalo di re laela gore re dire jalo. Ka sekai, Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.”—Dute. 6:5.
4 Ke ka ntlha yang fa re ka kgona go rata Modimo go tswa pelong? Ka gonne o re bopile re na le keletso ya dilo tsa semoya mme a re naya bokgoni jwa go bontsha lorato. Fa keletso ya rona ya dilo tsa semoya e kgotsofadiwa ka botlalo, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo a gola mme re nna le mabaka a a utlwalang a go itumela. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Math. 5:3) Go kile ga bolelwa jaana ka se bangwe ba reng ke keletso e batho ba tsholwang ba na le yone ya go obamela: “Re tshwanetse go gakgamala fa re bona kafa batho mo lefatsheng lotlhe ba tsereng matsapa ka gone go batla mongwe yo o kwa godimodimo e bile ba dumela mo go ene.”—Man Does Not Stand Alone, ya ga A. C. Morrison.
5. Re itse jang gore ga se matsapa a bophiri go batla Modimo?
5 A go batla Modimo ke matsapa a bophiri? Nnyaa, ka gonne o batla gore re mmatle mme re mmone. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a rerela setlhopha sengwe se se neng se phuthegetse kwa Areopago. Seo se ne sa direga gaufi le Parthenon—tempele e e neng e neetswe Athena, modimo wa sesadi wa kwa Athena wa bogologolo. Akanya o le foo fa Paulo a ntse a bua ka “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone,” a bo a tlhalosa gore ga “a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla.” Moaposetoloi o tswelela ka go re Modimo “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme o ne a baya dinako tse di tlhomilweng le melelwane e e tlhomilweng ya bonno jwa batho, gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Dit. 17:24-27) Ee, batho ba ka kgona go batla Modimo mme ba mmona. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le supa le halofo ‘ba mmone’—mme ruri ba a mo rata.
SE GO RATA MODIMO GO SE KAYANG
6. Ke eng se Jesu a ileng a re ke “taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha”?
6 Go rata Jehofa go tshwanetse ga tswa pelong. Jesu o ne a tlhalosa seno sentle fa Mofarasai mongwe a ne a mmotsa a re: “Moruti, taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” Jesu o ne a araba a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.”—Math. 22:34-38.
7. Go kaya eng go rata Modimo ka (a) “pelo yotlhe” ya rona? (b) “moya otlhe” wa rona? (c) “mogopolo otlhe” wa rona?
7 Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re re tshwanetse go rata Modimo ka “pelo yotlhe”? O ne a kaya gore re tshwanetse go rata Jehofa ka pelo yotlhe ya rona ya tshwantshetso, e leng dikeletso tsa rona le maikutlo a rona. Gape re tshwanetse go mo rata ka “moya otlhe” kgotsa ka bojotlhe jwa rona. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go rata Modimo ka “mogopolo otlhe” wa rona kgotsa ka tlhaloganyo ya rona yotlhe. Totatota, seo se raya gore re tshwanetse go rata Jehofa ka botlalo, re sa belaele sepe.
8. Go rata Modimo ka botlalo go tla re tlhotlheletsa go dira eng?
8 Fa re rata Modimo ka pelo, moya le mogopolo otlhe wa rona, re tla nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la gagwe, re dira se a batlang gore re se dire ka peloyotlhe e bile re tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo. (Math. 24:14; Bar. 12:1, 2) Fa re rata Jehofa ka tsela ya mmatota, seo se tla dira gore re atamalane thata le ene. (Jak. 4:8) Gone ke boammaaruri gore re ka se ka ra tlhalosa mabaka otlhe a go bo re tshwanetse go rata Modimo. Le fa go ntse jalo, mma re sekaseke a le mmalwa a one.
MABAKA A GO BO RE TSHWANETSE GO RATA JEHOFA
9. Ke ka ntlha yang fa o rata Jehofa go bo e le Mmopi le Motlamedi wa rona?
9 Jehofa ke Mmopi wa rona le Motlamedi wa rona. Paulo o ne a re: “Ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.” (Dit. 17:28) Jehofa o re neile lefatshe e le legae la rona le lentle. (Pes. 115:16) Gape o re naya dijo le dilo tse dingwe gore re tshele. Ka jalo, Paulo o ne a ka kgona go bolelela baagi ba kwa Lisetera ba ba obamelang medingwana gore ‘Modimo yo o tshelang, ga a ka a itlogela a se na bosupi ka gore o ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.’ (Dit. 14:15-17) A leo ga se lebaka la go bo re tshwanetse go rata Mmopi wa rona yo Mogolo le Motlamedi wa rona yo o lorato?—Mor. 12:1.
10. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka go bo Modimo a dirile gore go kgonege gore boleo le loso di tlosiwe?
10 Modimo o dirile gore go kgonege gore loso le boleo tse re di ruileng mo go Adame di tlosiwe. (Bar. 5:12) Eleruri, “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Bar. 5:8) Ga go na pelaelo gore re rata Jehofa thata ka gonne o dirile gore go kgonege gore re itshwarelwe maleo a rona fa re ikwatlhaya e bile re bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo.—Joh. 3:16.
11, 12. Jehofa o re neile tsholofelo ka ditsela dife?
11 Jehofa o re ‘naya tsholofelo e e re tlatsang ka boipelo le kagiso.’ (Bar. 15:13) E re ka re na le tsholofelo e e tswang kwa Modimong, re kgona go itshoka fa tumelo ya rona e lekiwa. Batlodiwa ba ba itshupileng ba ‘ikanyega go ya losong ba tla newa serwalo sa botshelo.’ (Tshen. 2:10) Bathokgami ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla itumelela masego a Paradaise ya lefatshe lotlhe e e solofeditsweng. (Luke 23:43) Re ikutlwa jang ka ditsholofetso tse di ntseng jalo? A ga re ikutlwe re na le boipelo le kagiso e bile re rata Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng”?—Jak. 1:17.
12 Modimo o re neile tsholofelo e e itumedisang ya tsogo. (Dit. 24:15) Gone ke boammaaruri gore re hutsafala thata fa mongwe yo re mo ratang a swa mme e re ka re na le tsholofelo ya tsogo ‘ga re hutsafale jaaka ba ba se nang tsholofelo.’ (1 Bathes. 4:13) Lorato lo dira gore Jehofa Modimo a batle go tsosa baswi, segolobogolo batho ba ba ikanyegang e bile ba siame ba ba jaaka Jobe. (Jobe 14:15) Akanya ka boitumelo jo bo tla nnang teng fa batho ba boa ba amogela batho ba ba tsoseditsweng mono mo lefatsheng. A bo lorato lo re ratang ka lone Rraarona yo o kwa legodimong, yo o re neileng tsholofelo e e itumedisang ya tsogo ya baswi lo gola jang ne!
13. Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore ruri Modimo o amega ka rona?
13 Ruri Jehofa o amega ka rona. (Bala Pesalema 34:6, 18, 19; 1 Petere 5:6, 7.) E re ka re itse gore ka metlha Modimo wa rona yo o lorato o iketleeleditse go thusa batho ba ba ikanyegang mo go ene, re ikutlwa re sireletsegile re le karolo ya ‘letsomane la mafulo a gagwe.’ (Pes. 79:13) Mo godimo ga moo, Modimo o tla bontsha kafa a re ratang ka teng ka se a tla se re direlang ka Bogosi jwa ga Mesia. Fa Kgosi e a e tlhophileng e bong Jesu Keresete e sena go tlosa thubakanyo, kgatelelo le boikepo mo lefatsheng, batho ba ba kutlo ba tla segofadiwa ka kagiso e e tla nnelang ruri le katlego. (Pes. 72:7, 12-14, 16) A ga o dumele gore ditsholofetso tse di ntseng jalo di re naya lebaka la go rata Modimo yo o amegang ka rona, re dira jalo ka pelo, moya le mogopolo otlhe wa rona?—Luke 10:27.
14. Modimo o re neile tshiamelo efe e e botlhokwa?
14 Jehofa o re neile tshiamelo e e botlhokwa ya go nna Basupi ba gagwe. (Isa. 43:10-12) Re rata Modimo ka go bo a re neile tshono eno ya go ema nokeng bolaodi jwa gagwe le go tlisetsa batho ba ba tshelang mo lefatsheng leno le le nang le mathata tsholofelo ya mmatota. Mo godimo ga moo, re ka bua re na le tumelo e bile re tlhomamisegile ka gonne re rera dikgang tse di molemo tse di theilweng mo Lefokong la Modimo wa boammaaruri, yo ditsholofetso tsa gagwe di se kitlang di palelwa ke go diragadiwa. (Bala Joshua 21:45; 23:14.) Gone mme, re na le masego le mabaka a a seng kana ka sepe a go bo re rata Jehofa. Mme re ka bontsha jang gore re a mo rata?
KAFA RE KA BONTSHANG KA GONE GORE RE RATA MODIMO
15. Go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo go ka re thusa jang?
15 Ithute Lefoko la Modimo ka tlhoafalo mme o le dirise. Fa re dira jalo, re bontsha gore re rata Jehofa le gore ruri re batla gore lefoko la gagwe e nne ‘lebone la dinao tsa rona.’ (Pes. 119:105) Fa re ngomogile pelo, re gomodiwa ke go bo Jehofa a re tlhomamisetsa jaana ka lorato: “Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.” “Bopelonomi jwa gago jwa lorato, wena Jehofa, bo ne jwa nna jwa ntshegetsa. Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me.” (Pes. 51:17; 94:18, 19) Jehofa le Jesu ba utlwela batho ba ba bogang botlhoko. (Isa. 49:13; Math. 15:32) Go ithuta Baebele go ka dira gore re lemoge kafa Jehofa a amegang ka rona e bile seo se ka dira gore re kgone go mo rata go tswa pelong.
16. Go rapela ka metlha go ka dira jang gore tsela e re ratang Modimo ka yone e gole?
16 Rapela Modimo ka metlha. Dithapelo tsa rona di dira gore re atamelane thata le “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Fa re lemoga gore Modimo o araba dithapelo tsa rona, re mo rata le go feta. Ka sekai, re ka tswa re lemogile gore ga a dire gore re raelwe ka tsela e re ka se kang ra kgona go e itshokela. (1 Bakor. 10:13) Fa re tlhobaela mme re bo re rapela Jehofa ka tlhoafalo, re tla nna le “kagiso ya Modimo.” (Bafil. 4:6, 7) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra rapelela mo pelong—jaaka Nehemia—mme re bo re lemoga gore thapelo ya rona e arabilwe. (Neh. 2:1-6) Fa re ntse re ‘nnela ruri mo thapelong’ mme re lemoga gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona, lorato lwa rona lo a gola mme tsholofelo ya rona e a oketsega mme seo se tla re thusa go itshoka fa re lekiwa mo tumelong.—Bar. 12:12.
17. Fa e le gore re rata Modimo, re tla leba jang go ya dipokanong?
17 Itlwaetse go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. (Baheb. 10:24, 25) Baiseraele ba ne ba kopana go reetsa le go ithuta ka Jehofa gore ba mmoife le go diragatsa Molao wa gagwe. (Dute. 31:12) Ga go thata go dira thato ya Modimo fa e le gore tota re a mo rata. (Bala 1 Johane 5:3.) Ka jalo, le ka motlha a re se letleng sepe go dira gore re tseye go ya dipokanong go se botlhokwa. Ruri ga re batle gore go nne le sengwe se se tla dirang gore re latlhegelwe ke lorato lo re neng re rata Jehofa ka lone pele.—Tshen. 2:4.
18. Go rata Modimo go re tlhotlheletsa go dira eng malebana le dikgang tse di molemo?
18 Bolelela ba bangwe “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” ka tlhoafalo. (Bagal. 2:5) Tsela e re ratang Modimo ka yone e re tlhotlheletsa gore re bue ka Bogosi jwa ga Mesia, Morwawe yo o rategang, yo o tla ‘palamang ka ntlha ya boammaaruri’ ka nako ya Haramagedona. (Pes. 45:4; Tshen. 16:14, 16) A bo go itumedisa jang ne go nna le seabe mo go direng batho barutwa ka go ba thusa go ithuta ka lorato lwa Modimo le ka lefatshe la gagwe le lesha le a le solofeditseng!—Math. 28:19, 20.
19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go anaanela thulaganyo ya ga Jehofa ya gore letsomane la gagwe le disiwe?
19 Bontsha gore o anaanela thulaganyo ya Modimo ya gore letsomane la gagwe le disiwe. (Dit. 20:28) Bagolwane ba Bakeresete ke thulaganyo e e tswang kwa go Jehofa, yo ka metlha a re batlelang se se molemo. Bagolwane ba ntse “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isa. 32:1, 2) A bo re itumela jang ne fa re na le lefelo la go iphitlhela phefo e e nonofileng le la go iphitlhela pula ya matsubutsubu! Fa re fisiwa ke letsatsi le le mogote, re itumelela moriti wa lefika. Dipapiso tseno di re thusa go bona gore bagolwane ba re naya thuso ya semoya e re e tlhokang e bile ba a re lapolosa. Fa re ikobela ba ba etelelang pele mo gare ga rona, re bontsha gore re anaanela “dimpho [tse e leng] banna” mme re bontsha kafa re ratang Modimo le Keresete, yo e leng Tlhogo ya phuthego ka teng.—Baef. 4:8; 5:23; Baheb. 13:17.
DIRA GORE TSELA E O RATANG MODIMO KA YONE E NNE E GOLE
20. Fa o rata Modimo, o tla tsibogela jang Jakobe 1:22-25?
20 Fa e le gore o rata Jehofa, o tla nna ‘modiri wa lefoko, e seng moutlwi fela.’ (Bala Jakobe 1:22-25.) ‘Modiri’ o na le tumelo e e nang le ditiro tse di jaaka go rera ka tlhoafalo le go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete. E re ka tota o rata Modimo, o tla ikobela ‘molao o o itekanetseng’ wa ga Jehofa o o akaretsang sengwe le sengwe se a batlang gore o se dire.—Pes. 19:7-11.
21. Dithapelo tsa gago tse di tswang pelong di ka tshwantshiwa le eng?
21 Go rata Jehofa Modimo go tla dira gore o mo rapele ka metlha go tswa pelong. Fa mopesalema Dafide a ne a bua ka maswalo a a fisitsweng mo kgolaganong ya Molao o ne a opela jaana: “E kete thapelo ya me e ka baakanngwa jaaka maswalo fa pele ga gago [Jehofa], go tsholediwa ga diatla tsa me jaaka tshupelo ya maitseboa ya dijo tsa ditlhaka.” (Pes. 141:2; Ekes. 30:7, 8) E kete mekokotlelo ya gago ya boikokobetso le dithapelo tsa gago tse o di rapelang ka tlhoafalo le mafoko a gago a pako le a tebogo a a tswang pelong a a yang kwa Modimong a ka nna jaaka maswalo a a nkgang monate a a tshwantshetsang dithapelo tse di amogelesegang.—Tshen. 5:8.
22. Re tla tlotla ka lorato lo lo ntseng jang mo setlhogong se se latelang?
22 Jesu o ne a re re tshwanetse go rata Modimo le moagelani wa rona. (Math. 22:37-39) Jaaka re tla bona fa re ntse re tsweletse go tlotla ka nonofo eno, lorato lo re ratang Jehofa le melaometheo ya gagwe ka yone lo tla re thusa go dirisana sentle le batho ba bangwe le go bontsha baagelani ba rona lorato.