Peshitta ya Sesiria—Go Tlhaloganya Hisitori ya Dithanolo Tsa Bogologolo Tsa Baebele
Ka 1892, mawelana mangwe a basadi e bong Agnes Smith Lewis le Margaret Dunlop Gibson a ne a tsaya mosepele wa malatsi a le robongwe ka kamela go ralala sekaka go ya kwa Lefelong la Baitlami la St. Catherine gaufi le Thaba ya Sinai. Goreng basadi bano ba babedi ba ba mo bowelong jwa dingwaga tsa bo40 ba ne ba tsaya loeto loo ka nako e go neng go le kotsi go dira jalo kwa Botlhaba? Karabo e ka dira gore o dumele le go feta pele gore Baebele e nepile.
PELE ga Jesu a boela kwa legodimong, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba neele bosupi ka ene “mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Barutwa ba ne ba dira jalo ka tlhagafalo le ka bopelokgale. Mme ka bonako fela, tiro ya bone ya go rera mo Jerusalema e ne ya ganediwa mo go botlhoko mme seo sa felela ka gore Setefane a bolawe. Bontsi jwa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshabela kwa Antioka kwa Siria, mongwe wa metse e megolo mo Mmusomogolong wa Roma, o o dikilometara di ka nna 550 kwa bokone jwa Jerusalema.—Ditiro 11:19.
Barutwa ba ne ba tswelela ba rera “dikgang tse di molemo” ka ga Jesu kwa Antioka mme batho ba le bantsi ba e seng Bajuda ba ne ba nna badumedi. (Ditiro 11:20, 21) Le fa Segerika se ne se buiwa thata mo Antioka, mo mafelong a mangwe le mo porofenseng ya yone go ne go buiwa Sesiria.
DIKGANG TSE DI MOLEMO DI RANOLELWA MO PUONG YA SESIRIA
Fa palo ya Bakeresete ba ba buang Sesiria e oketsega mo lekgolong la bobedi la dingwaga, dikgang tse di molemo di ne tsa tshwanelwa ke go ranolwa ka segabone. Ka jalo, go bonala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ranotswe la ntlha ka Sesiria e seng ka Selatine.
Ka 170 C.E., Mokwadi wa Mosiria e bong Tatian (mo e ka nnang ka 120-173 C.E.) o ne a kopanya Diefangele tse nnè tse di amogelwang e le Dikwalo Tse di Boitshepo a bo a gatisa buka ya Segerika kgotsa ya Sesiria e e bidiwang Diatessaron, e leng lefoko la Segerika le le kayang “mo [Diefangeleng] tse nnè.” Moragonyana, Mosiria mongwe yo o bidiwang Ephraem (mo e ka nnang ka 310-373 C.E.) o ne a kwala buka e e buang ka Diatessaron, e e neng e tlhomamisa gore Bakeresete ba Basiria ba ne ba e dirisa thata.
Le rona re kgatlhegela buka ya Diatessaron gompieno. Ka ntlha yang? Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, bakanoki bangwe ba ne ba re Diefangele di kwadilwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga magareng ga 130 C.E. le 170 C.E., ka jalo go ya ka bone ga go kgonege gore di bo di na le pego e e boammaaruri ya botshelo jwa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, mekwalo ya bogologolo ya seatla ya Diatessaron e e neng ya bonwa e ne ya tlhomamisa gore Diefangele tsa Mathaio, Mareko, Luke le Johane di ne di setse di anamisitswe thata mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Di tshwanetse tsa bo di kwadilwe pelenyana ga foo. Mo godimo ga moo, e re ka Tatian a sa dirisa diefangele tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone jaaka a ile a dirisa Diefangele tse nnè tse di amogelwang e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo fa a ne a kwala Diatessaron, go bonala sentle gore diefangele tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di ne di tsewa di sa ikanyege e bile di se boammaaruri.
Kwa tshimologong ya lekgolo la botlhano la dingwaga, thanolo ya Baebele ya Sesiria e ne e dirisiwa thata kwa bokone jwa Mesopotamia. Thanolo eno e e ka tswang e dirilwe mo lekgolong la bobedi kgotsa la boraro la dingwaga C.E., e na le dibuka tsotlhe tsa Baebele kwantle ga 2 Petere, 2 le 3 Johane, Jude le Tshenolo. E itsege ka gore ke Peshitta e e kayang “E Motlhofo” kgotsa “E a Utlwala.” Peshitta ke nngwe ya dithanolo tsa bogologolo le e e ranotseng mekwalo ya ntlhantlha ya Baebele.
Se se kgatlhang ke gore mokwalo mongwe wa seatla wa Peshitta o na le letlha la 459/460 C.E., le le bontshang gore ke mokwalo wa seatla wa Baebele wa bogologolo o o nang le letlha le le tlhomameng. Ka 508 C.E., Peshitta e ne ya tlhabololwa mme ya akaretsa dibuka tse tlhano tse di neng di seyo. E ne ya itsege e le Philoxenian Version.
GO BONWA MEKWALO E MENGWE YA SEATLA YA SESIRIA
Go fitlha ka lekgolo la bo19 la dingwaga, mo e batlang e le dikhopi tsotlhe tse di neng di itsiwe tsa Segerika tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, di ne di kwadilwe mo lekgolong la botlhano la dingwaga kgotsa morago thata ga foo. Seno se ne sa dira gore bakanoki ba Baebele ba kgatlhegele thata dithanolo tsa ntlhantlha tsa Vulgate ya Selatine le Peshitta ya Sesiria. Ka nako eo, bangwe ba ne ba akanya gore Peshitta e ranotswe go tswa mo thanolong e e tlhabolotsweng ya bogologolo ya Sesiria. Le fa go ntse jalo, ga go itsiwe sepe ka thanolo eo. E re ka Baebele ya Sesiria e kwadilwe ka lekgolo la bobedi la dingwaga, e ka re thusa go tlhaloganya mekwalo ya Baebele ya bogologolo e bile e ka solegela bakanoki ba Baebele molemo! A tota go ne go na le thanolo ya bogologolo ya Sesiria? A e ne e ka bonwa?
Ee, go ntse jalo! Tota e bile, go ne ga bonwa mekwalo e mebedi ya seatla e e tlhwatlhwakgolo ya Sesiria. Mokwalo wa ntlha wa seatla ke wa lekgolo la botlhano la dingwaga. E ne e le mongwe wa mekwalo ya Sesiria e e tserweng kwa lefelong la baitlami kwa Sekakeng sa Nitria kwa Egepeto mme ya tsenngwa mo Musiamong wa Boritane ka 1842. E ne e bidiwa Curetonian Syriac ka gonne e ne ya bonwa le go gatisiwa ke William Cureton, yo e neng e le mothusamotlhokomedi wa mekwalo ya seatla kwa musiamong. Buka eno e e tlhwatlhwakgolo e na le Diefangele tse nnè tse di tlhomagantsweng jaana, Mathaio, Mareko, Johane le Luke.
Sinaitic Syriac ke mokwalo wa bobedi wa seatla o o sa ntseng o le gone mo motlheng wa rona. O ne wa bonwa ke mawelana a digatlhamelamasisi a re buileng ka one kwa tshimologong ya setlhogo seno. Le fa Agnes a sa ya yunibesithing, o ne a ithuta dipuo tse dingwe tse robedi tse nngwe ya tsone e leng Sesiria. Ka 1892, Agnes o ne a bona sengwe se se tlhomologileng kwa lefelong la baitlami la St. Catherine kwa Egepeto.
O ne a bona mokwalo wa seatla wa Sesiria mo kamotshaneng e e lefifi. A re “o ne o onetse, o le leswe e bile ditsebe tsa one di ngaparagane ka gonne di ne di sa phetlhiwe” ka makgolokgolo a dingwaga. E ne e le mokwalo wa seatla wa Palimpsest,a o mokwalo wa one wa ntlha o neng wa phimolwa le ditsebe tsa one di neng tsa kwalwa gape ka mokwalo wa Sesiria go kwalwa ka baitshepi ba basadi. Le fa go ntse jalo, Agnes o ne a lemoga mokwalo mongwe o o neng o le ka fa tlase mmogo le mafoko “a Mathaio,” “a Mareko” kgotsa “a Luke” a a neng a le fa godimo. O ne a tshwere mo e batlang e le mokwalo o o feletseng wa bogologolo wa Sesiria wa Diefangele tse nnè! Jaanong bakanoki ba dumela gore mokwalo ono wa bogologolo o kwadilwe mo bowelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga.
Sinaitic Syriac e tsewa e le mongwe wa mekwalo ya seatla ya botlhokwa ya Baebele e e neng ya bonwa mmogo le mekwalo ya seatla ya Segerika e e jaaka Codex Sinaiticus le Codex Vaticanus. Jaanong go dumelwa gore mekwalo ya seatla ya Curetonian le Sinaitic e kwalolotswe go tswa mo Diefangeleng tsa Sesiria tsa bogologolo tsa mo bowelong jwa lekgolo la bobedi kgotsa mo masimologong a la boraro la dingwaga.
“LEFOKO LA MODIMO WA RONA, LE TLA NNA KA BOSAKHUTLENG”
A mekwalo eno ya seatla e ka solegela baithuti ba Baebele molemo gompieno? Ee ruri! Tsaya ka sekai konelo e telele ya Efangele ya Mareko e mo Dibaebeleng dingwe e tlang morago ga Mareko 16:8. E tlhagelela mo Greek Codex Alexandrinus ya lekgolo la botlhano la dingwaga, mo Vulgate ya Selatine le mo go tse dingwe. Le fa go ntse jalo, mekwalo e mebedi ya seatla ya lekgolo la bonè la dingwaga ya Segerika—Codex Sinaiticus le Codex Vaticanus—e felela ka Mareko 16:8. Sinaitic Syriac yone ga e na konelo e telele, e leng bosupi jwa gore konelo eno e ne ya itsenyediwa moragonyana mme e ne e se karolo ya Efangele ya Mareko go tswa kwa tshimologong.
Akanya ka sekai se sengwe. Ka lekgolo la bo19 la dingwaga, bontsi jwa dithanolo tsa Baebele di ne di itsenyeditse thuto e e seng boammaaruri ya Tharonngwe mo go 1 Johane 5:7. Le fa go ntse jalo, karolo eno e e itsenyeditsweng ga e yo mo mekwalong ya seatla ya bogologolo ya Segerika. E bile ga e tlhage mo Peshitta e leng se se bontshang gore karolo e e itsenyeditsweng ya 1 Johane 5:7 e ne e le go fetolwa ga mokwalo wa Baebele.
Go bonala sentle gore jaaka Jehofa Modimo a solofeditse, o sireleditse Lefoko la gagwe le le Boitshepo. Re tlhomamisediwa jaana mo go lone: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.” (Isaia 40:8; 1 Petere 1:25) Thanolo ya Peshitta e nnile le karolo ya botlhokwa mo go fetisetseng molaetsa o o nepileng wa Baebele mo bathong botlhe.
a Lefoko la Segerika e leng pa·lim’pse·stos le kaya “go phimolwa gape.”