Tswelela o Nonotsha Tumelo ya Gago!
“Nnang lo tsamaye ka moya.”—BAGAL. 5:16.
PINA: 136, 10
1, 2. Mokaulengwe mongwe o ne a lemoga gore ke eng se a neng a sa se dire sentle, mme o ne a dira eng?
ROBERT o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 15, mme gone, boammaaruri e ne e se selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. A re: “Ke ne ke sa dire sepe se se phoso, mme se ke neng ke se dira e ne e le seomodiro fela. Ke ne ke bonala e kete ke na le tumelo e e nonofileng ka gonne ke ne ke ya dipokanong ka metlha e bile ke ne ke tsaya bobulatsela jo bo thusang makgetlo a le mmalwa mo ngwageng. Mme go ne go na le sengwe se ke neng ke sa se dire sentle.”
2 Robert o ne a sa tlhaloganye gore ke eng se a neng a sa se dire sentle go fitlha a nyala. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhola ba botsana dipotso ka dilo tse di mo Baebeleng. Mosadi wa gagwe o ne a na le tumelo e e nonofileng, ka jalo, o ne a araba motlhofo fela, gantsi Robert o ne a sa kgone go araba dipotso tseo. A re: “E ne e kete ga ke itse sepe. Ke ne ka ipolelela jaana: ‘Fa ke batla go thusa mosadi wa me gore a tswelele a na le tumelo e e nonofileng, ke tshwanetse go dira sengwe.’” O ne a dira fela jalo. A re: “Ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo, mme ke ne ka simolola go tlhaloganya dilo di le dintsi, ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go atamalana thata le Jehofa.”
3. (a) Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Robert? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Re ka ithuta dilo di le dintsi mo go se se diragaletseng Robert. Re ka tswa re na le kitso ya Baebele e bile re ya dipokanong ka metlha, mme seo ga se reye gore re na le tumelo e e nonofileng. Kgotsa re ka tswa re na le tumelo e e nonofileng, mme fa re itlhatlhoba, re ka nna ra lemoga gore re sa ntse re ka tokafatsa. (Bafil. 3:16) Gore re tswelele re na le tumelo e e nonofileng, re tla araba dipotso di le tharo mo setlhogong seno: (1) Ke eng se se tla re thusang go lemoga gore tumelo ya rona e nonofile go le kae? (2) Re ka nna jang le tumelo e e nonofileng le go tswelela re na le yone? (3) Go nna le tumelo e e nonofileng go ka re thusa jang mo botshelong?
GO ITLHATLHOBA
4. Ke bomang ba ba tshwanetseng go dirisa kgakololo e e mo go Baefeso 4:23, 24?
4 Fa re ne re nna batlhanka ba Modimo, re ne ra dira diphetogo mo matshelong a rona. Mme fa re sena go kolobediwa, ga re a ka ra emisa go dira diphetogo. Baebele ya re re ‘dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa rona.’ Ka Segerika, polelwana e e reng ‘re dirwe basha’ e kaya selo se se tswelelang pele. Ka jalo, re tshwanetse go tswelela re dirwa basha mo tseleng e re akanyang ka yone. (Baef. 4:23, 24) Ga re a itekanela, ka jalo, rotlhe re tlhoka go nna re dira diphetogo mo matshelong a rona. Tota le batho ba ba nang le nako e telele ba direla Jehofa le bone ba tshwanetse go tswelela ba nonotsha tumelo ya bone.—Bafil. 3:12, 13.
5. Re ka dirisa dipotso dife go itlhatlhoba?
5 Gore re nonotshe tumelo ya rona le gore e tswelele e nonofile, re tlhoka go itshekatsheka. Le fa re ka tswa re sale basha kgotsa re godile, go molemo gore re ipotse dipotso tseno: ‘A go a bonala gore tumelo ya me e a nonofa? A botho jwa me bo tshwana le jwa ga Keresete? A tsela e ke itshwarang ka yone kwa dipokanong e bontsha gore ke na le tumelo e e nonofileng? Dilo tse ke di buang di bontsha gore ke rata eng thata? Tsela e ke ithutang ka yone, e ke aparang ka yone le e ke itshwarang ka yone fa ke newa kgakololo e bontsha gore ke motho yo o ntseng jang? Ke itshwara jang fa ke raelwa? A ke tlhaloganya dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo, tse di tla nthusang gore ke nne le tumelo e e nonofileng?’ (Baef. 4:13) Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go bona gore tumelo ya rona e nonofile go le kana kang.
6. Re tlhoka go dira eng gape gore re tlhatlhobe tumelo ya rona?
6 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra tlhoka thuso ya batho ba bangwe gore re lemoge gore tumelo ya rona e nonofile go le kae. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore motho yo o se nang tumelo ga a kgone go lemoga fa a dira dilo tse Modimo a sa di rateng. Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng ene o tlhaloganya tsela e Modimo a lebang dilo ka yone e bile o itse ditlamorago tse di botlhoko tsa go dira dilo tse Modimo a sa di rateng. (1 Bakor. 2:14-16; 3:1-3) E re ka bagolwane ba akanya jaaka Keresete, gantsi ba kgona go lemoga fa Mokeresete a simolola go itshwara ka tsela e e sa dumalaneng le Dikwalo. Fa bagolwane ba re tlhagisa, a re amogela kgakololo ya bone re bo re e dirisa? Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re batla go nna le tumelo e e nonofileng.—Mor. 7:5, 9.
O KA NONOTSHA TUMELO YA GAGO JANG?
7. Ke eng fa go itse Baebele fela go sa lekana gore re nne le tumelo e e nonofileng?
7 Nna o gopotse gore go itse Baebele fela ga go ka ke ga dira gore o nne le tumelo e e nonofileng. Kgosi Solomone o ne a itse melao ya ga Jehofa sentle. Mafoko a gagwe a ne a bo a kwalwa mo Baebeleng. Mme gone, kwa bofelong o ne a palelwa ke go tswelela a na le tumelo e e nonofileng le go ikanyega mo go Jehofa. (1 Dikg. 4:29, 30; 11:4-6) Ka jalo, ntle le go itse Baebele, o tlhoka go dira eng gape? O tshwanetse go tswelela o nonotsha tumelo ya gago. (Bakol. 2:6, 7) O ka dira seo jang?
8, 9. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re nne le tumelo e e tsepameng? (b) Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna bofe fa re ithuta le fa re tlhatlhanya? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
8 Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle.’ (Baheb. 6:1) Re ka dirisa jang kgakololo eo ya ga Paulo? Re ka dira seo ka go ithuta buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.” Go ithuta buka eno go tla go thusa go bona gore o ka dirisa jang melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gago. Fa e le gore o setse o feditse go e bala, o ka nna wa bala dikgatiso tse dingwe tse di ka nonotshang tumelo ya gago. (Bakol. 1:23) A o tlhatlhanya ka se o se ithutang le go kopa Jehofa gore a go thuse go se dirisa mo botshelong jwa gago?
9 Nna o gopotse gore o tshwanetse go bala le go tlhatlhanya ka boikaelelo jwa gore o nne le keletso ya go itumedisa Jehofa le go ikobela melao ya gagwe. (Pes. 40:8; 119:97) Mo godimo ga moo, dira ka natla go tila dilo tse di ka koafatsang tumelo ya gago.—Tito 2:11, 12.
10. Basha ba ka dira eng go nonotsha tumelo ya bone?
10 Fa o le mosha, a o ipeetse mekgele mo tirelong ya ga Jehofa? Fa mokaulengwe mongwe yo o direlang kwa Bethele a le kwa kopanong ya potologo, o rata go bua le batho ba ba yang go kolobediwa. Bontsi jwa bone ke basha. O rata go ba botsa gore ba ipeetse mekgele efe mo tirelong ya ga Jehofa. Ba le bantsi ba araba ka tsela e e bontshang gore ba itse se ba batlang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa, gongwe ka go tsenela mofuta mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng kgotsa go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Mme gone, ka dinako dingwe basha bangwe ga ba kgone go mo araba. Seno se ka tswa se bontsha gore ga ba ise ba itse botlhokwa jwa go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Fa o le mosha ipotse jaana: ‘A ke nna le seabe mo ditirong tsa kobamelo fela ka gonne batsadi ba me ba batla gore ke dire jalo? A ke dira ka natla gore ke nne le kamano e e molemo le Jehofa?’ Gone ke boammaaruri gore ga se basha fela ba ba tshwanetseng go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Go ipeela mekgele go ka thusa batlhanka botlhe ba ga Jehofa gore ba nonotshe tumelo ya bone.—Mor. 12:1, 13.
11. (a) Re tshwanetse go dira eng gore tumelo ya rona e nonofe? (b) Re ka etsa sekao sa ga mang?
11 Fa re lemoga gore go na le dilo dingwe tse re tlhokang go tokafatsa mo go tsone, re tshwanetse go dira jalo. Go botlhokwa tota gore re nne le tumelo e e nonofileng. Ke kgang ya botshelo le loso. (Bar. 8:6-8) Mme gone, go nna le tumelo e e nonofileng ga go reye gore ga re kitla re dira diphoso. Moya wa ga Jehofa o tla re thusa go dira diphetogo. Le fa go ntse jalo, re tlhoka go tsaya matsapa. Mokaulengwe John Barr yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a bua jaana a akgela ka Luke 13:24: “Batho ba le bantsi ga ba kgone go tsena ka kgoro e e tshesane ka gonne ga ba tseye matsapa.” Re tshwanetse go tshwana le Jakobe, o ne a nna a lwantsha moengele go fitlha a mo segofatsa. (Gen. 32:26-28) Go ithuta Baebele go a itumedisa, le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebelela gore Baebele e tshwane le buka ya ditlhamane e e kwaletsweng go re tlosa bodutu. Re tshwanetse go tsaya matsapa gore re bone matlotlo a re ka a dirisang mo botshelong jwa rona.
12, 13. (a) Ke eng se se tla re thusang go dirisa kgakololo e e mo go Baroma 15:5? (b) Sekao sa ga moaposetoloi Petere le kgakololo ya gagwe di ka re thusa jang? (c) O ka dira eng go nonotsha tumelo ya gago? (Bona lebokoso le le reng “Se o Ka se Dirang go Nonotsha Tumelo ya Gago.”)
12 Fa re dira ka natla go nonotsha tumelo ya rona, moya o o boitshepo o tla re thusa gore re fetole tsela e re akanyang ka yone. Ka ntlha ya seo, re tla simolola go akanya jaaka Keresete. (Bar. 15:5) Gape moya o o boitshepo o tla re thusa gore re fenye dikeletso tse di sa siamang mo dipelong tsa rona le gore re lwele go nna le dinonofo tse di itumedisang Modimo. (Bagal. 5:16, 22, 23) Fa e le gore re tlhomile mogopolo thata mo dikhumong kgotsa mo menateng, ga re a tshwanela go ineela. Nna o kope moya o o boitshepo, mme Jehofa o tla go thusa gore o kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. (Luke 11:13) Gakologelwa moaposetoloi Petere. O ile a dira diphoso makgetlo a le mmalwa mo botshelong. (Math. 16:22, 23; Luke 22:34, 54-62; Bagal. 2:11-14) Le fa go ntse jalo, ga a ka a ineela. Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a thusa Petere gore a akanye jaaka Keresete. Le rona a ka re thusa.
13 Moragonyana, Petere o ne a bua ka dilo tse re ka tokafatsang mo go tsone. (Bala 2 Petere 1:5-8.) Fa re “tsenya boiteko jotlhe ka tlhoafalo” gore re nne le dinonofo tse di jaaka boikgapo, boitshoko le lorato lwa bokaulengwe, re tla tswelela re na le tumelo e e nonofileng. Letsatsi le letsatsi ipotse jaana: ‘Nka dira eng gompieno go nonotsha tumelo ya me?’
GO DIRISA MELAOMETHEO YA BAEBELE MO BOTSHELONG
14. Go nna le tumelo e e nonofileng go tla ama botshelo jwa rona jang?
14 Fa re akanya jaaka Keresete, seno se tla ama tsela e re buang ka yone, tsela e re itshwarang ka yone kwa tirong kgotsa kwa sekolong, le ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi. Tsela e re dirang ditshwetso ka yone e tla bontsha gore re leka go etsa Keresete. Ga re batle sepe se senya kamano ya rona le Jehofa. Fa re raelwa go dira sengwe se se phoso, tumelo ya rona e tla re thusa gore re kgone go emelana le thaelo eo. Fa re dira ditshwetso, re tla ipotsa dipotso tseno: ‘Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka nthusang go dira tshwetso eno? Jesu o ne a tla dira eng fa a ne a lebane le maemo ano? Ke tshwetso efe e e tla itumedisang Jehofa?’ Gore re kgone go tlwaela go dira jalo, mma re tlotle ka maemo mangwe a re ka lebanang le one. Mo sekaing sengwe le sengwe, re tla leka go bona gore ke melaometheo efe ya Baebele e e ka re thusang go dira tshwetso e e molemo.
15, 16. Go akanya jaaka Keresete go ka re thusa jang (a) fa re tlhopha molekane wa lenyalo? (b) fa re tlhopha ditsala?
15 Go tlhopha molekane wa lenyalo. Molaomotheo o re ka o dirisang ke o o mo go 2 Bakorintha 6:14, 15. (E bale.) Paulo o tlhalosa gore motho yo o nang le tumelo e e nonofileng a ka se tshedisane sentle ka kagiso le motho yo o se nang tumelo. O ka dirisa jang kgakololo eno fa o tlhopha molekane wa lenyalo?
16 Go tlhopha ditsala. Ela tlhoko molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 15:33. (E bale.) Motho yo o ratang Modimo a ka se itsalanye le batho ba ba ka koafatsang tumelo ya gagwe. Akanyetsa gore o ka dirisa molaomotheo ono jang mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, o ka o dirisa jang fa o ikgolaganya le batho mo Internet? Gape o ka o dirisa jang fa mongwe a go laletsa go tshameka metshameko ya dibidio le batho ba o sa ba itseng mo Internet?
17-19. Go nna le tumelo e e nonofileng go ka go thusa jang gore (a) o se ka wa nna le seabe mo ditirong tse di se nang mosola? (b) o ipeele mekgele e e molemo? (c) o rarabolole dikgotlhang?
17 Dilo tse di ka koafatsang tumelo ya rona. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetemmogo le ene ka sengwe sa botlhokwa. (Bala Bahebera 6:1.) “Ditiro tse di suleng” tse re tshwanetseng go di tila ke dife? Ke dilo tse di se nang mosola e bile di sa re thuse gore re nne le tumelo e e nonofileng. Molaomotheo ono o tla re thusa go araba dipotso tse re ka ipotsang tsone tse di jaaka tseno: A selo seno se tla nthusa kgotsa ga se na mosola? A ke tshwanetse go nna le seabe mo kgwebong eno? Ke eng fa ke sa tshwanela go tsenela mekgatlho e e lekang go tokafatsa dilo mo lefatsheng?
18 Go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Dilo tse Jesu a neng a di bua mo Therong ya kwa Thabeng di re thusa go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. (Math. 6:33) Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng o ipeela mekgele e e tla dirang gore a atamalane le Modimo. Go nna re akantse ka molaomotheo ono go ka re thusa go araba dipotso tse di jaaka tseno: ‘A ke tshwanetse go ya yunibesithing? A ke amogele tiro nngwe e e rileng?’
19 Dikgotlhang. Kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e ka re thusa jang go rarabolola dikgotlhang? (Bar. 12:18) E re ka re le balatedi ba ga Keresete, re batla go dira ka natla gore re ‘agisane le batho botlhe.’ Re tshwanetse go dira eng fa go nna le dikgotlhang? Fa re na le kgotlhang le mongwe, a go thata gore re amogele se a se buang kgotsa a re itsege re le batho “ba ba dirang kagiso”?—Jak. 3:18.
20. Ke eng fa o batla go tswelela o nonotsha tumelo ya gago?
20 Tseno ke dikai di le mmalwa fela tsa kafa go tlhatlhanya ka melaometheo ya Baebele go ka re thusang ka gone go dira ditshwetso tse di bontshang gore tumelo ya rona e nonofile. Go nna le tumelo e e nonofileng go ka re thusa gore re itumelele botshelo le gore re kgotsofale. Robert yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno a re: “Go nna le kamano e e molemo le Jehofa go ile ga nthusa gore ke nne monna yo o molemo. Gape go ile ga nthusa gore ke kgotsofale e bile ke itumele.” Le rona re tla itumela fa re dira gore go nonotsha tumelo ya rona e nne selo se se tlang pele mo matshelong a rona. Fa re na le tumelo e e nonofileng, re tla itumelela botshelo gone jaanong, e bile re tla itumelela “botshelo jwa mmatota” jo Jehofa a re solofetsang jone.—1 Tim. 6:19.