Kgaolo ya Masomeamabedinngwe
Seatla sa ga Jehofa se Nna Kwa Godimo
1. Ke ka ntlha yang fa Isaia a anaanela Jehofa?
ISAIA o rata Jehofa fela thata e bile o itumelela go mmaka. O goa jaana: “Wena Jehofa, o Modimo wa me. Ke a go godisa, ke baka leina la gago.” Ke eng se se thusang moporofeti gore a anaanele Mmopi wa gagwe thata jaana? Lebaka la konokono ke gore o itse Jehofa le ditiro tsa gagwe. Mafoko a ga Isaia a a latelang a senola kitso eno: “Gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang, maikaelelo go tswa metlheng ya bogologolo, ka boikanyegi, ka go ikanngwa.” (Isaia 25:1) Fela jaaka Joshua pele ga gagwe, Isaia o itse gore Jehofa o a ikanyega e bile a ka tshepiwa, le gore “maikaelelo” a gagwe otlhe—dilo tse a di ikaeletseng—a a diragala.—Joshua 23:14.
2. Isaia jaanong o bolela boikaelelo bofe jwa ga Jehofa, mme boikaelelo jono bo ka tswa bo lebisitse kwa go eng?
2 Maikaelelo a ga Jehofa a akaretsa dipolelo tsa gagwe tsa katlholo kgatlhanong le baba ba Iseraele. Jaanong Isaia o bolela nngwe ya tsone: “O dirile motse mokoa wa maje, motse o o sireletsegileng marope a a wang, tora ya bonno ya batswakwa gore e se ka ya nna motse, o o se kitlang o agiwa sesha ka bosakhutleng.” (Isaia 25:2) Motse ono o o sa buiweng ka leina ke ofe? Isaia a ka tswa a bua ka Ara wa kwa Moabe—Moabe ga a bolo go nna mmaba wa batho ba Modimo.a Kgotsa a ka tswa a lebisitse kwa motseng o mongwe, o o nonofileng go feta—Babelona.—Isaia 15:1; Sefania 2:8, 9.
3. Baba ba ga Jehofa ba mo galaletsa jang?
3 Baba ba ga Jehofa ba tla itshwara jang fa boikaelelo jwa gagwe kgatlhanong le motse wa bone o o nonofileng bo diragala? “Batho ba e leng setšhaba se se nonofileng ba tla go [galaletsa]; motse wa ditšhaba tse di patikang, ba tla go boifa.” (Isaia 25:3) Go a utlwala go bo baba ba Modimo mothatayotlhe ba tla mmoifa. Le fa go ntse jalo, ba mo galaletsa jang? A ba tla latlha medimo ya bone ya maaka ba bo ba dirisa kobamelo e e itshekileng? Le e seng! Go na le moo, jaaka Faro le Nebukadenesare, ba galaletsa Jehofa fa ba patelesega go dumela gore o mogolo thata.—Ekesodo 10:16, 17; 12:30-33; Daniele 4:37.
4. “Motse wa ditšhaba tse di patikang” o o leng teng gompieno ke ofe, mme le one tota o tshwanelwa ke go galaletsa Jehofa jang?
4 Gompieno, “motse wa ditšhaba tse di patikang” ke “motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo ga dikgosi tsa lefatshe,” e leng, “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:5, 18) Karolo ya konokono ya mmusomogolo ono ke Labokeresete. Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba galaletsa Jehofa jang? Ka go dumela ka kutlobotlhoko dilo tse di molemo tse a di diretseng Basupi ba gagwe. Bogolo jang ka 1919 fa Jehofa a ne a busetsa batlhanka ba gagwe mo go direng ka tlhoafalo fa ba sena go gololwa mo botshwarong jwa semoya jwa Babelona o Mogolo, baeteledipele bano ba ne “ba tshoga ba bo ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo.”—Tshenolo 11:13.b
5. Jehofa o sireletsa jang batho ba ba mo ikanyang gotlhelele?
5 Le fa baba ba ga Jehofa ba mmona a boifisa, ke botshabelo jwa batho ba ba pelonomi ba ba ikokobeditseng ba ba batlang go mo direla. Bagateledi ba bodumedi le ba bopolotiki ba ka leka ka natla yotlhe go senya tumelo ya baobamedi ba boammaaruri, mme ba a palelwa ka gonne bone ba ikantse Jehofa gotlhelele. Kwa bofelong, o didimatsa baganetsi ba gagwe motlhofo fela, a dira jaaka e kete o khurumeditse letsatsi le le babolang la sekaka ka leru kana o kganela maatla a pula ya matsubutsubu ka lebota.—Bala Isaia 25:4, 5.
‘Mokete wa Ditšhaba Tsotlhe’
6, 7. (a) Jehofa o dira mokete o o ntseng jang, mme a o direla bomang? (b) Mokete o o porofetilweng ke Isaia o tshwantshetsa eng?
6 Jaaka rre yo o lorato, Jehofa ga a sireletse bana ba gagwe fela mme gape o a ba fepa, bogolo jang ka tsela ya semoya. Fa a sena go golola batho ba gagwe ka 1919, o ne a ba direla mokete wa phenyo, letlepu la dijo tsa semoya: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.”—Isaia 25:6.
7 Mokete ono o dirwa mo “thabeng” ya ga Jehofa. Thaba eno ke eng? Ke “thaba ya ntlo ya ga Jehofa” e ditšhaba tsotlhe di ologelang kwa go yone “go ela kwa bofelong jwa metlha.” Ke ‘thaba e e boitshepo’ ya ga Jehofa, e baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba sa utlwiseng botlhoko le fa e le go senya mo go yone. (Isaia 2:2; 11:9) Jehofa o direla batho ba ba ikanyegang mokete o mogolo mo lefelong leno le le goletsegileng la kobamelo. Mme dilo tse di molemo tsa semoya tse gone jaanong di abiwang ka bontsi jaana di tshwantshetsa dilo tse di molemo tsa senama tse di tla abiwang fa Bogosi jwa Modimo e nna jone fela puso ya batho. Ka nako eo tlala e tla bo e sa tlhole e le teng. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:8, 16.
8, 9. (a) Go tla tlosiwa baba bafe ba babedi ba bagolo ba batho? Tlhalosa. (b) Modimo o tla dira eng gore a tlose kgobo ya batho ba gagwe?
8 Batho ba jaanong ba leng mo moketeng wa semoya o o rulagantsweng ke Modimo ba na le isagwe e ntle. Reetsa mafoko a ga Isaia a a latelang. O bua jaana a tshwantsha boleo le loso le “mologo,” kana “sebipo” tse di hupetsang: “Mo thabeng eno ruri [Jehofa] o tla kometsa sefatlhego sa sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe. Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:7, 8a.
9 Ee, boleo le loso di ka se tlhole di nna teng! (Tshenolo 21:3, 4) Mo godimo ga moo, kgobo ya go akelwa e batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba e itshokela ka dingwaga di le diketekete le yone e tla fedisiwa. “Kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.” (Isaia 25:8b) Seno se tla diragala jang? Jehofa o tla tlosa se se bakang kgobo eo, Satane le losika lwa gagwe. (Tshenolo 20:1-3) Ga go gakgamatse go bo batho ba Modimo ba tla tlhotlheletsega go bolela jaana: “Bona! Yono ke Modimo wa rona. Re solofetse mo go ene, mme o tla re boloka. Yono ke Jehofa. Re solofetse mo go ene. A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.”—Isaia 25:9.
Ba ba Ikgogomosang ba a Kokobediwa
10, 11. Jehofa o tlile go tshwara Moabe ka tsela efe e e setlhogo?
10 Jehofa o boloka batho ba gagwe ba ba boikokobetso. Le fa go ntse jalo, moagelani wa Iseraele e bong Moabe o a ikgodisa, mme Jehofa o tlhoile boikgodiso. (Diane 16:18) Ka jalo, Moabe o otlhaiwa gore a kokobele. “Seatla sa ga Jehofa se tla nna mo thabeng eno, mme Moabe o tla gatakwa mo lefelong la gagwe jaaka fa mokoa wa lotlhaka o gatakwa mo lefelong la motshotelo. Mme o tla o otlololela diatla tsa gagwe mo gare ga gagwe jaaka fa mongwe yo o thumang a di otlolola gore a thume, mme o tla kokobetsa mabela a gagwe ka metsamao ya botsipa ya diatla tsa gagwe. Mme motse o o sireletsegileng, ka dipota tsa gago tse di sireletsegileng, o tla o isa kwa tlase; o tla o kokobetsa, a bo a o kgomise lefatshe, le lorole.”—Isaia 25:10-12.
11 Seatla sa ga Jehofa se tla “nna” mo thabeng ya Moabe. Seo se tla felela ka eng? Moabe yo o ikgodisang o tla itewa a bo a gatakwa jaaka e kete mo “lefelong la motshotelo.” Mo motlheng wa ga Isaia, lotlhaka lo gatakelwa mo mekoeng ya boloko go dira motshotelo; ka jalo Isaia o bolelela pele go kokobediwa ga Moabe, le fa a na le dipota tse di kwa godimo tse di lebegang di sireletsegile.
12. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhopha Moabe gore a mo neye polelo ya katlholo?
12 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhopha Moabe gore a newe kotlhao e e botlhoko jaana? Bamoabe ke ditlogolwana tsa ga Lote, setlogolo sa ga Aborahame e bile e le moobamedi wa ga Jehofa. Ka jalo, ga se baagelani fela ba setšhaba se se mo kgolaganong le Modimo mme gape ke ba losika. Le fa go ntse jalo ba setse ba na le medimo ya maaka mme ke baba ba bagolo ba Iseraele. Se se ba diragalelang se a ba tshwanela. Mo ntlheng eno, Moabe o tshwana le baba ba batlhanka ba ga Jehofa gompieno. O tshwana thata le Labokeresete, yo o iphakang gore o tswa mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme jaaka go bonwe pelenyana, tota ke karolo ya konokono ya Babelona o Mogolo.
Pina ya Poloko
13, 14. “Motse o o nonofileng” o batho ba Modimo ba nang le one gompieno ke ofe, mme ke bomang ba ba letlelelwang go tsena mo go one?
13 Go tweng ka batho ba Modimo? E re ka ba itumelela gore Jehofa o a ba rata le go ba sireletsa, ba tsholetsa mantswe a bone ba opela. “Mo letsatsing leo go tla opelwa pina eno mo lefatsheng la Juda: ‘Re na le motse o o nonofileng. O baya poloko go nna dipota le lorako lwa phemelo. Bulang dikgoro, gore setšhaba se se siameng se se itshwarang ka boikanyego se tsene.’” (Isaia 26:1, 2) Le mororo mafoko ano kwantle ga pelaelo a ile a diragadiwa mo metlheng ya bogologolo, go phepafetse gore a a diragadiwa le gompieno. “Setšhaba se se siameng” sa ga Jehofa e bong Iseraele wa semoya, se na le mokgatlho o o nonofileng o e keteng motse. Ruri seo ke lebaka la go itumela, go opela!
14 Go tla tla batho ba mofuta ofe mo ‘motseng’ ono? Pina e a araba: “[Modimo] o tla dibela mokgwa o o tshegeditsweng sentle ka kagiso e e tswelelang pele, ka gonne motho o dirwa gore a go ikanye. Ikanyeng Jehofa ka bosakhutleng, gonne Jah Jehofa ke Lefika la bosakhutleng.” (Isaia 26:3, 4) “Mokgwa” o Jehofa a o tshegetsang ke keletso ya go utlwa melaometheo ya gagwe ya tshiamo le go mo ikanya, e seng go ikanya ditsamaiso tse di sa itsetsepelang tsa papadi, tsa polotiki le tsa bodumedi. “Jah Jehofa” ke ene fela Lefika le le ikanyegang la tshireletsego. Ba ba ikanyang Jehofa ka botlalo o a ba sireletsa e bile ba nna le “kagiso e e tswelelang pele.”—Diane 3:5, 6; Bafilipi 4:6, 7.
15. “Motse o o goleditsweng” o ile wa kokobediwa jang gompieno, mme “dinao tsa yo o bogisiwang” di o gataka jang?
15 A bo seo se farologana jang ne le se se diragalelang baba ba batho ba Modimo! “O isitse kwa tlase ba ba nnang kwa bogodimong, motse o o goleditsweng. O a o kokobetsa, o o kokobeletsa mo lefatsheng; o o kgomisa lorole. Lonao lo tla o gataka, dinao tsa yo o bogisiwang, dikgato tsa batho ba maemo a a kwa tlase.” (Isaia 26:5, 6) Gape, Isaia fano a ka tswa a lebisitse go “motse o o goleditsweng” kwa Moabe, kgotsa a ka tswa a bua ka motse mongwe o sele, o o jaaka Babelona, o ruri o goleditsweng ka boikgodiso. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, Jehofa o tsere taolo mme o fetotse dilo mo ‘motseng o o goleditsweng’ mme batho ba gagwe ‘ba maemo a a kwa tlase le ba ba bogisiwang’ ba o gatakela fa fatshe. Gompieno boporofeti jono bo tshwanela Babelona o Mogolo sentle, bogolo jang Labokeresete. Ka 1919, “motse o o goleditsweng” ono o ne wa patelesega go golola batho ba ga Jehofa—go wa mo go tlhabisang ditlhong—mme le bone, ba ile ba simolola go gatakela motshwari wa bone wa bogologolo. (Tshenolo 14:8) Jang? Ka go itsise phatlalatsa gore Jehofa o tlile go ipusolosetsa mo go ene.—Tshenolo 8:7-12; 9:14-19.
Go Eletsa Tshiamo le “Segopotso” sa ga Jehofa
16. Isaia o tlhoma sekao sefe se se molemo sa boineelo?
16 Fa Isaia a sena go kwala pina eno ya phenyo, o senola kafa boineelo jwa gagwe bo leng boteng ka teng le maduo a go direla Modimo wa tshiamo. (Bala Isaia 26:7-9.) Moporofeti yono ke sekao se se molemo sa go ‘solofela mo go Jehofa’ le go nna le keletso e e boteng ya “leina” la ga Jehofa le “segopotso” sa gagwe. Segopotso sa ga Jehofa ke eng? Ekesodo 3:15 ya re: “Jehofa . . . ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” Isaia o rata leina la ga Jehofa le sotlhe se le se emelang, go akaretsa melao le ditsela tsa Gagwe tse di siameng. Bao ba tlhagolelang lorato lo lo ntseng jalo ka Jehofa ba ka tlhomamisega gore o tla ba segofatsa.—Pesalema 5:8; 25:4, 5; 135:13; Hosea 12:5.
17. Batho ba ba boikepo ba tla tingwa ditshiamelo dife?
17 Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba ratang Jehofa le melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. (Bala Isaia 26:10.) Baikepi, le fa ba lalediwa, ba gana ka bogoma go ithuta tshiamo gore ba tsene “mo lefatsheng la tshiamo,” lefatshe le mo go lone go nnang batlhanka ba ga Jehofa ba ba siameng mo boitsholong le mo semoyeng. Ka ntlha ya seo, baikepi “ga [ba] kitla [ba] bona tlotlomalo ya ga Jehofa.” Ga ba kitla ba tshela gore ba itumelele masego a a tla anamelang mo bathong fa leina la ga Jehofa le sena go itshepisiwa. Tota le mo lefatsheng le lesha, fa lefatshe lotlhe le tla bo e le ‘lefatshe la tshiamo,’ bangwe ba ka nna ba palelwa ke go anaanela bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Maina a batho ba ba ntseng jalo ga a ne a kwalwa mo bukeng ya botshelo.—Isaia 65:20; Tshenolo 20:12, 15.
18. Batho bangwe ba motlha wa ga Isaia ba iphoufatsa jang ka boomo, mme ba tla patelesega leng gore ba “bone” Jehofa?
18 “Wena Jehofa, seatla sa gago se kwa godimo, mme ga ba se bone. Ba tla bona tlhoafalo ya batho ba gago e bo e ba tlhabisa ditlhong. Ee, molelo wa baba ba gago o tla ba laila.” (Isaia 26:11) Mo motlheng wa ga Isaia seatla sa ga Jehofa se itshupile se goleditswe fa Jehofa a sireletsa batho ba gagwe ka go tsaya kgato kgatlhanong le baba ba bone. Mme bontsi jwa batho ga ba a lemoga seno. Batho ba ba ntseng jalo, ba ba iphoufaditseng semoyeng ka boomo, kgabagare ba tla patelesega go “bona,” kana go dumela gore Jehofa o teng fa ba jewa ke molelo wa tlhoafalo ya gagwe. (Sefania 1:18) Moragonyana Modimo o raya Esekiele a re: “Ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Esekiele 38:23.
“Yo Jehofa a mo Ratang O a Mo Otlhaya”
19, 20. Jehofa o otlhaelang batho ba gagwe, mme o ba otlhaya jang, le gone ke bomang ba ba solegetsweng molemo ke kotlhao eo?
19 Isaia o a itse gore kagiso le khumo le fa e ka nna efe e ba gagabo ba nang le yone e tlile ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa. “Wena Jehofa, o tla re laolela kagiso, ka gonne o re diretse ditiro tsa rona tsotlhe.” (Isaia 26:12) Le fa go ntse jalo, e bile le fa Jehofa a diretse batho ba gagwe gore ba nne le sebaka sa go nna “bogosi jwa baperesiti . . . le setšhaba se se boitshepo,” Juda o ile a nna le hisitori e e nang le dilo tse di molemo le tse di bosula. (Ekesodo 19:6) Gangwe le gape batho ba gagwe ba ile ba ineela mo kobamelong ya medimo ya maaka. Ka ntlha ya seo, ba ile ba otlhaiwa gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, kotlhao e e ntseng jalo e supa lorato lwa ga Jehofa ka gonne “yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.”—Bahebera 12:6.
20 Gantsi, Jehofa o otlhaya batho ba gagwe ka go letla ditšhaba tse dingwe, “beng ba bangwe,” gore ba ba laole. (Bala Isaia 26:13.) Ka 607 B.C.E., o letla Bababelona gore ba ba ise botshwarwa. A seno se ba solegela molemo? Go boga ka bogone ga go solegele motho molemo. Le fa go ntse jalo, fa motho yo o bogang a ithuta mo go se se mo diragalelang, a ikwatlhaya, a bo a obamela Jehofa fela, ke gone a solegelwang molemo. (Duteronome 4:25-31) A go na le Bajuda bape ba ba bontshang go ikwatlhaya ga bomodimo? Ee! Isaia o bolela jaana a porofeta: “Ke ka wena fela re tla umakang leina la gago.” Fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa ka 537 B.C.E., gantsi ba tlhoka go otlhaelwa maleo a mangwe, mme le ka motlha ga ba wele gape mo serung sa go obamela medimo ya leje.
21. Go tla diragalang ka batho ba ba ileng ba gatelela batho ba Modimo?
21 Go tweng ka batshwari ba Juda? “Ka go bo ba se na maatla mo losong, ga ba kitla ba nanoga. Ka gone o lebisitse tlhokomelo ya gago gore o ba nyeletse o senye go umakiwa gotlhe ga bone.” (Isaia 26:14) Babelona o tla boga ka ntlha ya bosetlhogo jo a bo direlang setšhaba sa ga Jehofa se se tlhophilweng. Jehofa o tla dirisa Bameda le Baperesia go diga Babelona yo o ikgodisang le go golola batho ba gagwe ba ba isitsweng botshwarwa. Motse o mogolo oo wa Babelona, o tla dirwa gore o nne o se na maatla, go tshwane fela le fa o sule. Kgabagare, ga o kitla o tlhola o nna gone.
22. Mo metlheng ya gone jaanong, batho ba Modimo ba ile ba segofadiwa jang?
22 Mo tiragatsong ya motlha wa segompieno, masalela a Iseraele wa semoya yo o phepafaditsweng a ne a gololwa mo go Babelona o Mogolo mme a boa a direla Jehofa ka 1919. E re ka jaanong Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba filwe maatla sesha, ba ne ba tsena ka tlhoafalo mo tirong ya bone ya go rera. (Mathaio 24:14) Jehofa le ene o ne a ba segofatsa ka go dira gore ba oketsege, a ba a tlisa boidiidi jo bogolo jwa “dinku tse dingwe” gore bo direle le bone. (Johane 10:16) “O okeditse setšhaba; wena Jehofa, o okeditse setšhaba; o ikgalaleditse. O katoseditse melelwane yotlhe ya lefatshe kgakala. Wena Jehofa, ba ile ba lebisa tlhokomelo ya bone kwa go wena fa ba le mo matshwenyegong; ba ile ba gorometsa thapelo ka go sebaseba fa o ba otlhaya.”—Isaia 26:15, 16.
“Di Tla Tsoga”
23. (a) Go diragala eng se se supang maatla a ga Jehofa ka tsela e e tlhomologileng ka 537 B.C.E.? (b) Go ne ga diragala pontsho efe e e tshwanang ka 1919 C.E.?
23 Isaia o bua gape ka seemo se Juda a leng mo go sone fa a sa ntse a tshwerwe kwa Babelona. O tshwantsha setšhaba seno le mosadi yo o belegang mme a ka se ka a kgona go belega fa a sa thusiwe ke ope. (Bala Isaia 26:17, 18.) Thuso eo e tla ka 537 B.C.E., mme batho ba ga Jehofa ba boela kwa nagagaeng ya bone, ba tlhoafaletse go aga tempele sesha le go busetsa kobamelo ya boammaaruri. E bile tota, setšhaba se tsosiwa mo baswing. “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa rona—di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa morogo, mme lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.” (Isaia 26:19) A bo seo se supa maatla a ga Jehofa jang ne! Mo godimo ga moo, a bo e ne e le tshupo e kgolo jang ne fa mafoko ano a ne a diragadiwa ka tsela ya semoya ka 1919! (Tshenolo 11:7-11) Mme a bo re tlhoafaletse go bona nako ya fa mafoko ano a tla bo a diragadiwa ka tsela ya mmatota mo lefatsheng le lesha mme ba ba se nang maatla ka gonne ba sule ba ‘utlwa lentswe la ga Jesu ba bo ba tswa’ mo mabitleng a kgakologelo!—Johane 5:28, 29.
24, 25. (a) Ka 539 B.C.E., Bajuda ba ka tswa ba ile ba ikobela jang taelo ya ga Jehofa ya gore ba iphitlhe? (b) ‘Diphaposi tse di kwa teng’ di ka tswa di lebisitse go eng mo metlheng ya gompieno, mme re tshwanetse ra nna le boikutlo bofe ka tsone?
24 Le fa go ntse jalo, fa batho ba ba ikanyegang ba batla go bona masego a semoya a a solofeditsweng ka Isaia, ba tshwanetse ba ikobela ditaelo tsa ga Jehofa: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta. Gonne bonang! Jehofa o tswa mo lefelong la gagwe go tla go sekisa tlolo ya monni wa lefatshe, mme lefatshe ruri le tla baya tshololo ya gagwe ya madi mo pontsheng mme ga le kitla le tlhola le bipa ba ba bolailweng ba lone.” (Isaia 26:20, 21; bapisa Sefania 1:14.) Ditemana tseno di ka tswa di diragadiwa lantlha fa Bameda le Baperesia, ba eteletswe pele ke Kgosi Kurose, ba fenya Babelona ka 539 B.C.E. Go ya ka rahisitori wa Mogerika e bong Xenophon, fa Kurose a tsena mo Babelona, o laela gore batho botlhe ba nne mo magaeng a bone ka gonne batlhabani ba gagwe ba dipitse ba “laetswe gore ba bolaye batho botlhe ba ba fitlhelwang ba se mo ntlong.” Gompieno, ‘diphaposi tse di kwa teng’ tsa boporofeti jono di ka amanngwa thata le dikete tse di masomesome tsa diphuthego tsa batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Diphuthego tseno di tla tswelela pele di na le seabe se segolo mo matshelong a rona, le e leng go ralala ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:14) A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re na le boikutlo jo bo siameng ka phuthego le go kopanela le yone ka metlha!—Bahebera 10:24, 25.
25 Lefatshe la ga Satane le tla tloga le fela. Ga re ise re itse gore Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe jang mo nakong eo e e boifisang. (Sefania 2:3) Le fa go ntse jalo, gone re a itse gore re ka falola fela fa re dumela mo go Jehofa le fa re ikanyega mo go ene e bile re mo ikobela.
26. “Lefiathane” ke eng mo motlheng wa ga Isaia le mo motlheng wa rona, mme ke eng se se diragalelang “setshedi [seno] se setona thata sa lewatle”?
26 Isaia o porofeta jaana a bua ka nako eo: “Mo letsatsing leo Jehofa, ka tšhaka ya gagwe e e thata e kgolo le e e nonofileng, o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go Lefiathane, noga e e lelemelang, mo go Lefiathane, noga e e boferefere, mme ruri o tla bolaya setshedi se setona thata sa lewatle se se mo lewatleng.” (Isaia 27:1) Mo tiragatsong ya ntlha, “Lefiathane” o lebisitse kwa dinageng tse Iseraele a gasamiseditsweng kwa go tsone, tse di jaaka Babelona, Egepeto le Asiria. Dinaga tseno ga di ne di kgona go thibela batho ba ga Jehofa go boela kwa nagagaeng ya bone ka nako e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, Lefiathane wa motlha wa segompieno ke mang? Go lebega e le Satane—“noga ya kwa tshimologong”—le tsamaiso ya gagwe e e boikepo ya dilo mono mo lefatsheng, sedirisiwa se a lwantshang Iseraele wa semoya ka sone. (Tshenolo 12:9, 10; 13:14, 16, 17; 18:24) “Lefiathane” o ne a felelwa ke taolo ya gagwe mo bathong ba Modimo ka 1919, mme mo bogautshwaneng o tla nyelela gotlhelele fa Jehofa a tla bo “ruri [a] bolaya setshedi se setona thata sa lewatle.” Fa go sa ntse go le jalo, ga go na sepe se “Lefiathane” a ka lekang go se dira kgatlhanong le batho ba ga Jehofa se se tla atlegang tota.—Isaia 54:17.
“Tshimo ya Mofine ya Beine e e Phophomang”
27, 28. (a) Tshimo ya ga Jehofa ya mofine e tladitse lefatshe lotlhe ka eng? (b) Jehofa o sireletsa tshimo ya gagwe ya mofine jang?
27 Jaanong Isaia o dirisa pina e nngwe go tshwantsha sentle kafa batho ba ga Jehofa ba ba golotsweng ba ungwang ka teng: “Mo letsatsing leo lo mo opelele lo re: ‘Tshimo ya mofine ya beine e e phophomang! Nna, Jehofa, ke a mo dibela. Ke tla mo nosetsa nako le nako. Gore ope a se ka a lebisa tlhokomelo ya gagwe kgatlhanong le ene, ke tla mo dibela le eleng bosigo le motshegare.’” (Isaia 27:2, 3) Masalela a Iseraele wa semoya le badirikabone ba ba dirang ka natla eleruri ba tladitse lefatshe lotlhe ka maungo a semoya. A lebaka le le molemo jang ne la go ipela—go opela! Tlotla yotlhe e ya kwa go Jehofa, ene yo o tlhokomelang tshimo ya gagwe ya mofine ka lorato.—Bapisa Johane 15:1-8.
28 Eleruri, tsela e Jehofa a neng a galefile ka yone pele e tseetswe sebaka ke boipelo! “Ga ke na tšararego epe. Ke mang yo o tla nnayang ditlhatshana tse di mitlwa le mefero kwa tlhabanong? Ke tla di gata. Ke tla di tlhosetsa ka molelo ka nako e le nngwe fela. E seng jalo a a tshware kago ya me e e thata, a a dire kagiso le nna; a kagiso a e dire le nna.” (Isaia 27:4, 5) Gore Jehofa a tlhomamise gore mofine wa gagwe o tswelela pele o tlhagisa “beine e e phophomang” e le ntsi, o gata a bo a tlhosetsa ka molelo tlhotlheletso epe fela e e tshwanang le mofero e e ka senyang tshimo ya gagwe ya mofine. Ka gone, a ope a se ka a tsenya phuthego ya Bokeresete mo kotsing! Go na le moo, a botlhe ba ‘tshware kago ya ga Jehofa e e thata,’ ba batle go ratiwa ke ene le go sirelediwa ke ene. Ka go dira jalo ba nna le kagiso le Modimo—sengwe se se botlhokwa thata mo e leng gore Isaia o se umaka gabedi. Seo se felela ka eng? “Mo malatsing a a tlang Jakobe o tla mela medi, Iseraele o tla ntsha dithunya a bo a tlhoge; mme ba tla tlatsa naga e e ungwang ka maungo.” (Isaia 27:6)c A bo tiragatso ya temana eno e le bosupi jo bontle jang ne jwa maatla a ga Jehofa! Fa e sa le ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tladitse lefatshe ka “maungo,” dijo tsa semoya tse di nonotshang. Ka ntlha ya seo, ba setse ba okeditswe ka dimilione tsa ba dinku tse dingwe ba ba ikanyegang, ba ba “[direlang Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo” mmogo le bone. (Tshenolo 7:15) Batho bano ba ba itumetseng ba boloka melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo ba le mo lefatsheng le le bodileng. Mme Jehofa o tswelela pele go ba segofatsa ka go dira gore ba oketsege. A le ka motlha re se ka ra lebala tshiamelo e e molemo e re nang le yone ya go ja “maungo” ano le go a abela ba bangwe ka go nna re bolela pako ka tlhoafalo!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leina Ara le ka tswa le kaya “Motse.”
c Isaia 27:7-13 e tlhalosiwa mo lebokosong le le mo tsebeng ya 285.
[Lebokoso mo go tsebe 285]
“Lonaka lo Logolo” lo Bolela Kgololesego
Ka 607 B.C.E., ditlhabi tsa Juda di oketsega fa Jehofa a otlhaya setšhaba sa gagwe sa diganana ka go ba isa botshwarwa. (Bala Isaia 27:7-11.) Molato wa setšhaba o mogolo thata mo o ka se kang wa direlwa tetlanyo ka ditlhabelo tsa diphologolo. Ka jalo Jehofa o koba Baiseraele mo nagagaeng ya bone fela jaaka motho a ka phatlalatsa dinku kana dipodi ka go ‘goa a di tshosa’ kana jaaka a ka “tsubutla” matlhare ka phefo e kgolo. Morago ga moo, tota le ditšhaba tse di bokoa, tse di tshwantshediwang ke basadi, di kgona go dirisa se se setseng mo nageng.
Le fa go ntse jalo, go tla nako ya gore Jehofa a golole batho ba gagwe mo botshwarong. O ba golola jaaka molemi a ka golola metlhware e e tshwerweng e le magolegwa mo ditlhareng, jaaka go ka tualo. “Go tla diragala mo letsatsing leo gore Jehofa a phothe leungo, mo molatswaneng o o elelang wa Noka [ya Euferatese] go ya mokgatšheng o o phothoselang wa Egepeto, mme ka jalo lo tla selwa ka bongwe ka bongwe, lona bomorwa Iseraele. Mme go tla diragala mo letsatsing leo gore go tla lediwa lonaka lo logolo, mme ba ba nyelelang mo lefatsheng la Asiria le ba ba phatlalaleditsweng mo lefatsheng la Egepeto ba tla tla ba ikobela Jehofa mo thabeng e e boitshepo ya Jerusalema.” (Isaia 27:12, 13) Fa Kurose a sena go fenya ka 539 B.C.E., o ntsha molao wa gore Bajuda botlhe ba ba mo mmusomogolong wa gagwe ba gololwe, go akaretsa ba ba kwa Asiria le Egepeto. (Esera 1:1-4) Go ntse jaaka e kete go ledile “lonaka lo logolo,” lo utlwatsa pina ya pako ya go gololwa ga batho ba Modimo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 275]
“Mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi”
[Setshwantsho mo go tsebe 277]
Babelona o gatakelwa kafa tlase ga dinao tsa ba e neng e le magolegwa
[Setshwantsho mo go tsebe 278]
“Tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng”