KGAOLO YA BOSOMETHARO
“Jehofa o Dirile se se Neng Se le Mo Mogopolong wa Gagwe”
1. Fa Jerusalema e sena go senngwa, Jeremia o ne a reng ka boporofeti jwa ga Jehofa?
JERUSALEMA ke matlotla. Go sa ntse go kua mosi wa melelo e e tshubilweng ke Bababelona ba ba fentseng. Jeremia o sa ntse a gopola sentle selelo se se botlhoko sa batho ba ba neng ba bolawa. Modimo o ne a mmoleletse se se tlileng go direga, mme go ne ga direga fela jalo. Moporofeti yono o ne a bua jaana a hutsafetse: “Jehofa o dirile se se neng se le mo mogopolong wa gagwe.” Ruri go wa ga Jerusalema e ne ya nna masetlapelo a a seng kana ka sepe!—Bala Dikhutsafalo 2:17.
2. Jeremia o ne a bona go diragadiwa ga boporofeti bofe jo bo neng bo boleletswe pele makgolokgolo a dingwaga pelenyana?
2 Ee, Jeremia o ne a bona go diragadiwa ga dipolelelopele di le dintsi tse di neng tsa itsisiwe batho ba Modimo, go akaretsa le tsa pele ga motlha wa gagwe. Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, Moshe o ne a bolelela Baiseraele ditlamorago tsa go ikobela Modimo le tsa go sa mo ikobele—gore e tla nna “tshegofatso” kgotsa “phutso.” Jehofa o ne a batlela batho ba gagwe dilo tse di molemolemo, e leng tshegofatso. Mme phutso e e neng e tla nna gone ka ntlha ya go sa ikobele Modimo, e ne e tla nna botlhoko thata. Moshe o ne a ba tlhagisa gore batho ba ba itlhokomolosang Jehofa le ba ba nnang kgatlhanong le ene ba tla ‘ja nama ya bomorwaabone le nama ya bomorwadiabone,’ mme moragonyana Jeremia le ene o ne a ba tlhagisa ka seo. (Dute. 30:19, 20; Jer. 19:9; Lefi. 26:29) Bangwe ba ka tswa ba ile ba ipotsa jaana, ‘A tota selo se se maswe jalo se ne se ka direga?’ Ee, se ile sa direga fa Bababelona ba ntse ba dikaganyeditse Jerusalema ka nako e go neng go sena dijo mo motseng ka yone. Jeremia o ne a bega jaana: “Diatla tsa basadi ba ba pelotlhomogi di bedisitse bana ba bone. Ba fetogile go nna jaaka senkgwe sa kgomotso mo mothong mo nakong ya tshenyego ya morwadia batho ba me.” (Dikhu. 4:10) A masetlapelo ruri!
3. Boikaelelo jwa Modimo e ne e bofe fa a romela baporofeti kwa bathong ba gagwe?
3 Ke boammaaruri gore boikaelelo jwa ga Jehofa fa a roma baporofeti ba ba jaaka Jeremia, e ne e se fela gore ba itsise melaetsa ya tshenyego. Modimo o ne a batla gore batho ba gagwe ba boele ba ikanyege mo go ene. O ne a batla gore baleofi ba ikwatlhaye. Esera o ne a tlhalosa seno jaana: “Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane a nna a roma kgatlhanong le bone ka barongwa ba gagwe, a roma gangwe le gape, ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe le bonno jwa gagwe pelo.”—2 Ditir. 36:15; bala Jeremia 26:3, 12, 13.
4. Jeremia o ne a ikutlwa jang ka molaetsa o a neng a o bolela?
4 Fela jaaka Jehofa, Jeremia le ene o ne a tlhomogela batho ba gaabo pelo. O kgona go bona seno mo go se a neng a se bua pele Jerusalema e senngwa. O ne a tshwentswe thata ke masetlapelo a a neng a tloga a ba wela. Masetlapelo ao a ne a ka tilwa fa fela batho ba ne ba ka reetsa le go ikobela molaetsa o Jeremia a neng a ba bolelela one! Leka go bona ka leitlho la mogopolo tsela e Jeremia a neng a ikutlwa ka yone fa a bolela molaetsa wa Modimo. O ne a bua jaana a lela: “Mala a me wee, mala a me wee! Ke na le ditlhabi tse di botlhoko thata mo dipoteng tsa pelo ya me. Pelo ya me e a fuduega mo teng ga me. Ga ke kgone go nna ke didimetse gonne moya wa me o utlwile modumo wa lonaka, mokgosi wa tlhagiso wa ntwa.” (Jer. 4:19) O ne a sa kgone go nna a sa bue sepe ka masetlapelo a a neng a tla.
KE ENG FA A NE A TLHOMAMISEGILE JAANA?
5. Ke eng fa Jeremia a ne a tlhomamisegile ka molaetsa o a neng a o rera?
5 Ke eng fa Jeremia a ne a ka tlhomamisega gore dilo tse a di porofetileng di tla direga? (Jer. 1:17; 7:30; 9:22) E ne e le monna wa tumelo yo o neng a ithutile Dikwalo e bile a itse gore Jehofa ke Modimo yo dipolelelopele tsa gagwe di leng boammaaruri. Dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng di ile tsa bontsha sentle gore Jehofa o na le bokgoni jwa go bolelela pele ditiragalo tse go ya ka batho di bonalang di sa kgonege, jaaka go gololwa ga Iseraele kwa bokgobeng jwa Egepeto. Jeremia o ne a itse sentle pego e e buang ka Khudugo ya Baiseraele e bile a tlwaelane le mafoko a mosupi a le mongwe yo o boneng ditiragalo tseo ka matlho. Joshua o ne a gakolola Baiseraele ka ene jaana: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Josh. 23:14.
6, 7. (a) Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela dipolelelopele tsa ga Jeremia? (b) Ke eng se se tla go thusang gore o tlhomamisege ka molaetsa o o o rerang?
6 Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o ithuta boporofeti jwa ga Jeremia? Sa ntlha, ke ka gonne o ne a na le lebaka le le utlwalang la go tshepa gore Jehofa o tla diragatsa mafoko a gagwe. Sa bobedi, ke ka gonne dipolelelopele dingwe tse Modimo a ileng a di bua a dirisa Jeremia di a diragadiwa gompieno, mme o sa ntse o tlile go bona tse dingwe di diragadiwa. Sa boraro, ke ka gonne dipolelelopele di le mmalwa tse Jeremia a neng a di bua a dirisa leina la Modimo, le tsela e a neng a tlhagafetse ka yone fa a di bolela, di mo dira motlhanka yo o tlhomologileng thata wa Modimo. Moithutabodumedi mongwe a re: “Tota moporofeti Jeremia ke mogaka fa a bapisiwa le baporofeti ba bangwe.” Jeremia o ne a tsewa e le moporofeti wa botlhokwa mo baporofeting ba ba kileng ba dirisana le batho ba Modimo mo e leng gore fa Jesu a ne a bua, batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba ithaya ba re ke Jeremia.—Math. 16:13, 14.
7 Fela jaaka Jeremia, le wena o tshela mo nakong e mo go yone boporofeti jo bo botlhokwa thata jwa Baebele bo diragadiwang. Mme fela jaaka ene, le wena o tshwanetse go nna o tshepa gore ditsholofetso tsa Modimo di tla direga. (2 Pet. 3:9-14) O ka dira seo jang? Ka go tswelela pele o nonotsha tumelo e o nang le yone ya gore ruri Lefoko la Modimo la boporofeti le a ikanyega. Gore o kgone go dira seo, re tla sekaseka dipolelelopele di le mmalwa mo kgaolong eno, tse Jeremia a neng a di bolela le tse a neng a di bona di diragadiwa. Tse dingwe tse re tla di sekasekang di ile tsa diragadiwa moragonyana. Mme dingwe tsa tsone di go ama ka tlhamalalo gone jaanong e bile di tla ama isagwe ya gago. E kete se re tlileng go se ithuta se ka nonotsha tsela e o ikanyang Lefoko la ga Jehofa la boporofeti ka yone gore o tlhomamisege le go feta gore ‘o tla dira se se leng mo mogopolong wa gagwe.’—Dikhu. 2:17.
Ke eng fa Modimo a ne a roma baporofeti? Ke eng fa o ikanya dipolelelopele tse di buang ka tshenyego e e tlang?
BOPOROFETI JO JEREMIA A NENG A BO BOLELA LE GO BO BONA BO DIRAGADIWA
8, 9. Ke ka tsela efe e nngwe Baebele e leng buka e e tlhomologileng?
8 Go na le batho ba le bantsi ba ba lekang go bonela pele isagwe. Akanya ka baitseanape ba ikonomi, boradipolotiki, batho ba ba dirisanang le meya le ba ba lepang maemo a bosa. O tshwanetse wa bo o lemogile gore le dilo tse di sa reng sepe tse ba lekang go di bolelela pele—jaaka se se ka nnang sa direga mo malatsing kgotsa mo dibekeng di le mmalwa—ga di direge jaaka ba buile. Mme gone, sengwe sa dilo tse Baebele e tlhomologileng thata ka tsone ke boporofeti jwa yone jo bo boammaaruri. (Isa. 41:26; 42:9) Dipolelelopele tsotlhe tsa ga Jeremia di ne di nepile, e ka tswa e le tse di neng di tla direga mo nakong e khutshwane kgotsa mo isagweng. Bontsi jwa tsone di ne di amana le batho bangwe le ditšhaba dingwe. Mma re sekasekeng pele di le mmalwa tse di ileng tsa diragadiwa mo motlheng wa ga Jeremia.
9 Gompieno ke mang yo o ka kgonang go bolelela pele gore seemo sa lefatshe se tla bo se ntse jang mo ngwageng o le mongwe kgotsa di le pedi tse di tlang? Ka sekai, ke moitseanape ofe wa dikgang tsa lefatshe yo o ka kgonang go bolelela pele diphetogo tse di ka nnang teng mo dipusong? Mme gone, Modimo o ne a tlhotlheletsa Jeremia go bolelela pele gore puso ya Babelona e ne e tla anama. O ne a re Babelona e ne e le “senwelo sa gouta” se Jehofa a neng a tla se dirisa go tshololela bogale jwa gagwe mo go Juda le mo metseng e mentsi e e bapileng le yone le mo bathong, mme ba ne ba tla patelesega go nna makgoba. (Jer. 51:7) Jeremia le baporofeti ba bangwe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe ba ne ba bona fa dilo tseo tsotlhe di direga.—Bapisa Jeremia 25:15-29; 27:3-6; 46:13.
10. Ke eng se Jehofa a ileng a se bolelela pele ka dikgosi di le nnè tsa Juda?
10 Gape Jehofa o ne a dirisa Jeremia go bolelela pele se se neng se tla direga ka dikgosi di le nnè tsa Juda. Modimo o ne a bolelela pele gore Jehoahase kgotsa Shalume, morwa Kgosi Josia, o ne a tla isiwa botshwarwa mme o ne a se kitla a tlhola a boela kwa Juda. (Jer. 22:11, 12) Go ne ga direga fela jalo. (2 Dikg. 23:31-34) Modimo o ne a bolela gore motlhatlhami wa ga Jehoahase e bong Jehoiakime, o tla fitlhwa “ka phitlho ya esele e tonanyana.” (Jer. 22:18, 19; 36:30) Baebele ga e tlhalose tsela e a neng a swa ka yone kgotsa gore go ne ga dirwa eng ka setopo sa gagwe, mme gone e bontsha gore morwawe e bong Jehoiakine o ne a mo tlhatlhama ka nako ya fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe. Jeremia o ne a bolelela pele gore Jehoiakine (yo gape a neng a bidiwa Konia le Jekonia) o ne a tla isiwa botshwarwa kwa Babelona mme o ne a tla swela teng. (Jer. 22:24-27; 24:1) Go ne ga direga fela jalo. Go tweng ka kgosi ya bofelo, e bong Sedekia? Jeremia o ne a bolelela pele gore Sedekia o tla tsenngwa mo diatleng tsa baba, ba ba neng ba se kitla ba mo utlwela botlhoko. (Jer. 21:1-10) Go ne ga diragala eng? Baba bao ba ne ba mo tshwara. Ba ne ba bolaya bomorwawe ba ba botlana a ntse a lebile, ba mo foufatsa, mme ba mo isa Babelona kwa a neng a swela gone. (Jer. 52:8-11) Ee, dipolelelopele tseno tsotlhe di ne tsa diragala.
11. Hanania e ne e le mang, mme Jehofa o ne a bolelela pele eng ka ene?
11 Mo go Jeremia kgaolo 28 re bala gore ka nako ya fa go ne go busa Sedekia, moporofeti wa maaka e bong Hanania o ne a ganetsa molaetsa o Jehofa a neng a o neile Jeremia wa gore Bababelona ba ne ba tla busa Jerusalema. Hanania o ne a itlhokomolosa lefoko la Modimo a bolela gore jokwe ya bokgoba e Nebukadenesare a neng a e rwesitse Juda le ditšhaba tse dingwe e ne e tla rojwa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a senole maaka a ga Hanania, a itsise gore ditšhaba di le dintsi di ne di tla tshwanelwa ke go direla Bababelona, le go bolelela moporofeti yono wa maaka gore o tlile go swa mo sebakeng sa ngwaga. Mme go ne ga nna fela jalo.—Bala Jeremia 28:10-17.
12. Batho ba le bantsi ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba tsiboga jang fa ba utlwa molaetsa wa konokono wa boporofeti jwa gagwe?
12 Ke boammaaruri gore molaetsa wa konokono o Modimo a neng a o naya Jeremia o ne o amana le go wa ga Jerusalema. Jeremia o ne a tlhagisa Bajuda gangwe le gape gore motse wa bone o ne o tla senngwa fa ba sa ikwatlhaye le go tlogela kobamelo ya medingwana, go dira tshiamololo le thubakanyo. (Jer. 4:1; 16:18; 19:3-5, 15) Batho ba le bantsi ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba akanya gore Jehofa o ne a se kitla a dira jalo. Tempele ya Modimo e ne e le mo Jerusalema. O ne a se kitla a letla gore lefelo leo le le boitshepo le senngwe. Ba ne ba akanya gore seo ga se na go direga le ka motlha. Mme gone, o a itse gore Jehofa ga a ke a aka. O ne a dira se se neng se le mo mogopolong wa gagwe.—Jer. 52:12-14.
13. (a) Motlha wa rona o tshwana jang le wa ga Jeremia? (b) Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela dilo tse Modimo a neng a di solofetsa batho bangwe ba mo motlheng wa ga Jeremia?
13 Gompieno batho ba Modimo ba iphitlhela ba le mo seemong se se tshwanang le sa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba motlha wa ga Jeremia. Re a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo Jehofa o tla tlisa masetlapelo mo go botlhe ba ba ganang go reetsa ditlhagiso tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke ditsholofetso tsa boporofeti, fela jaaka di ile tsa gomotsa ba ba neng ba ema nokeng kobamelo ya boammaaruri mo motlheng wa ga Jeremia. E re ka Barekabe ba ile ba ikanyega mo go Jehofa le go ikobela ditaelo tsa ga rraabonemogologolwane, Modimo o ne a re ba tla falola fa Jerusalema e senngwa. Go ile ga nna fela jalo. Lebaka la go bo moragonyana go umakiwa “Malekija morwa Rekabe,” yo o neng a thusa go tsosolosa Jerusalema ka nako ya puso ya ga Nehemia, e ka tswa e le bosupi jwa seo. (Neh. 3:14; Jer. 35:18, 19) Jehofa o ne a tlhomamisetsa Ebede-meleke gore le ene o ne a tla falola ka gonne a ile a ikanya Modimo le go ema Jeremia nokeng. (Jer. 38:11-13; 39:15-18) Gape Modimo o ne a solofetsa tsala ya ga Jeremia e bong Baruke gore o ne a tla amogela ‘moya wa gagwe e le thopo.’ (Jer. 45:1, 5) Tsela e dipolelelopele tseno tsotlhe di ileng tsa diragadiwa ka yone e dira gore o swetse ka goreng? O akanya gore Jehofa o tla go direla eng fa o ka ikanyega?—Bala 2 Petere 2:9.
Ntlha ya go bo Jehofa a diragatsa boporofeti jwa gagwe ka dinako tsotlhe e ne ya ama jang Ebede-meleke, Baruke le Barekabe? Wena o ikutlwa jang ka dipolelelopele tse di ntseng jalo?
DIPOLELELOPELE TSE DI ILENG TSA DIRAGADIWA MORAGONYANA
14. Ke eng se se kgatlhang ka se Modimo a ileng a se bolelela pele ka Babelona?
14 Modimo o ne a bolelela pele gore Nebukadenesare ga a kitla a gapa Juda fela mme o tla gapa le Egepeto. (Jer. 25:17-19) Go ne go bonala e kete seo ga se kitla se kgonega ka gonne Egepeto e ne e le maatla jaana mo e neng e laola Juda. (2 Dikg. 23:29-35) Fa Jerusalema e sena go senngwa, masalela a Bajuda a ne a rulaganya go tlogela naga ya bone mme ba ya go batla polokesego le tshireletsego kwa Egepeto. Ba ne ba batla go dira jalo le fa Jehofa a ne a ba tlhagisitse gore ba se ka ba dira seo e bile a ba boleletse gore o tla ba segofatsa fa ba ka nna mo Juda. Mme fa ba ne ba ka tshabela kwa Egepeto, tšhaka e ba neng ba e boifa e ne e tla ba latela gone koo. (Jer. 42:10-16; 44:30) Dibuka tse Jeremia a di kwadileng ga di tlhalose gore a o ile a bona fa Bababelona ba tlhasela Egepeto. Mme se re tlhomamisegileng ka sone ke gore se Jehofa a ileng a se bolelela pele se ne sa diragalela batshabi ba Baiseraele fa Bababelona ba ne ba gapa Egepeto mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.—Jer. 43:8-13.
15, 16. Lefoko la Modimo le le kaga go gololwa ga batho ba gagwe le ne la diragadiwa jang?
15 Gape Jeremia o ne a porofeta ka go senngwa ga puso ya Babelona e e neng e fentse Egepeto. Dingwaga di le lekgolo pele ga seo se direga, Jeremia o ne a bolelela pele gore Babelona e ne e tla wa ka tshoganyetso, mme seo se ile sa direga. Jang? Moporofeti wa Modimo o ile a bolelela pele gore metsi a a neng a sireleditse motse ono a ne a tla “kgala,” mme banna ba one ba diganka ba ne ba se kitla ba lwa. (Jer. 50:38; 51:30) Dipolelelopele tseno di ile tsa diragadiwa ka botlalo fa Bameda le Baperesia ba ne ba faposa metsi a Noka ya Euferatese, ba bo ba tsamaya mo boalong jwa yone, ba tsena mo motseng mme ba tshoganyetsa Bababelona. O ka tswa o itse boporofeti jo bo tshwanang le jono jo bo tlhalosang gore motse ono o ne o tla nna matlotla, o sa nniwe. (Jer. 50:39; 51:26) Go tla go fitlha le gompieno, motse o o kileng wa bo o le maatla wa Babelona o jaanong o kgakgabetseng o bontsha gore boporofeti jwa Modimo bo ne bo le boammaaruri.
16 Jehofa o ne a dirisa Jeremia go itsise gore Bajuda ba ne ba tla direla Bababelona ka dingwaga di le 70. Morago ga moo, Modimo o ne a tla busetsa batho ba gagwe kwa nageng ya bone. (Bala Jeremia 25:8-11; 29:10.) Daniele o ne a ikanya boporofeti jono ka botlalo mme o ile a bo dirisa go bona gore ‘Jerusalema e ne e tla nna e swafetse’ go fitlha leng. (Dan. 9:2) Esera o ne a re: “Gore lefoko la ga Jehofa le le tswang mo molomong wa ga Jeremia le tle le diragadiwe, Jehofa o ne a tsosa moya wa ga Kurose kgosi ya Peresia,” yo o neng a fentse Babelona, gore a busetse Bajuda kwa nageng ya bone. (Esera 1:1-4) Go tswa foo, Bajuda ba ba boetseng gae ba ne ba tla ipelela kagiso e e mo nagagaeng ya bone mme ba tsosolose kobamelo ya boammaaruri fela jaaka Jeremia a ne a boleletse pele.—Jer. 30:8-10; 31:3, 11, 12; 32:37.
17. Tlhalosa kafa mafoko a ga Jeremia a a buang ka “selelo” sa kwa Rama a ka tswang a kaya ditiragalo tse pedi tse di farologaneng ka gone.
17 Gape Jeremia o ne a bolelela pele boporofeti jo bo neng bo tla diragadiwa mo isagweng. O ne a re: “Jehofa o buile jaana, ‘Go utlwiwa lentswe kwa Rama, selelo sa khutsafalo le go lela mo go botlhoko; Ragele o lelela bomorwawe. O ganne go gomodiwa kaga bomorwawe, ka gonne ga ba tlhole ba le gone.’” (Jer. 31:15) Fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E., go bonala batshwarwa ba Bajuda ba ile ba phuthegela kwa motseng wa Rama, o o sekgala sa dikilometara di ka nna robedi kafa bokone jwa Jerusalema. Bagolegwa bangwe ba ka tswa ba ile ba bolaelwa kwa Rama. Boporofeti jono bo ka tswa bo ile jwa diragadiwa lekgetlo la ntlha fano, jaaka e kete Ragele o lelela “bomorwawe.” Le fa go ntse jalo, makgolo a a fetang a le marataro a dingwaga morago ga moo, Kgosi Herode o ne a laela gore masea a bolawe kwa Bethelehema. Mokwadi wa Efangele e bong Mathaio o ne a re Jeremia o boleletse pele tsela e batho ba neng ba tla galefa ka yone ka ntlha ya polao eo e e setlhogo.—Math. 2:16-18.
18. Boporofeti jwa Modimo jo bo malebana le Edoma bo ne jwa diragadiwa jang?
18 Go na le boporofeti jo bongwe gape jo bo ileng jwa diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Modimo o ne a dirisa Jeremia go bolelela pele gore Edoma e ne e tla nna sengwe sa ditšhaba tse Bababelona ba neng ba tla di gapa. (Jer. 25:15-17, 21; 27:1-7) Mme Modimo o ne a umaka sengwe gape se se neng se tla diragalela Edoma. Motse ono o ne o tla tshwana le Sodoma le Gomora. O itse sentle gore seo se ne se kaya eng—ga go batho ba ba neng ba tla tlhola ba aga mo go one, e ne e tla nna e kete motse oo ga o yo. (Jer. 49:7-10, 17, 18) Go ne ga nna fela jalo. O akanya gore maina Edoma le Baedoma a ka fitlhelwa kae gompieno? A a teng mo dimmapeng tsa gompieno? Nnyaa. A fitlhelwa fela mo dibukeng tsa bogologolo le mo hisitoring ya Baebele kgotsa mo dimmapeng tsa nako eo. Flavius Josephus a re mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., Baedoma ba ne ba patelediwa go amogela tumelo ya Sejuda. Morago ga moo, fa Jerusalema e sena go senngwa ka 70 C.E., setšhaba seo se ne sa nyelela.
19. Buka ya ga Jeremia e senola eng ka bokgoni jo Modimo a nang le jone jwa go diragatsa boporofeti jo a bo boletseng?
19 Jaaka o ka tswa o lemogile, dikgaolo tsotlhe tsa buka eno ya Jeremia di tletse ka boporofeti jo bo buang ka batho le ditšhaba. Bontsi jwa dipolelelopele tseno di setse di diragaditswe. Kgang eno e dira gore o kgatlhegele go ithuta buka eno le go feta ka gonne e go tlhomamisetsa sengwe ka Modimo wa gago yo mogolo. Jehofa o dirile se se neng se le mo mogopolong wa gagwe, e bile o sa ntse a tla se dira. (Bala Isaia 46:9-11.) Seno se ka dira gore o ikanye le go feta dilo tse Baebele e di bolelelang pele. Tota e bile, tsela e dipolelelopele dingwe tse Jeremia a di kwadileng di diragadiwang ka yone e go ama ka tlhamalalo e bile e tla ama le isagwe ya gago. Mma re sekasekeng dingwe tsa tsone mo karolong e e setseng ya kgaolo eno.
Ke dipolelelopele dife tse dingwe tse di neng tsa diragadiwa fa Jeremia a sena go swa, mme ke eng fa di le botlhokwa mo go wena?
BOPOROFETI JO BO GO AMANG
20-22. Ke eng fa go ka nna ga twe dipolelelopele tse di mo Baebeleng, go akaretsa dingwe tse di mo bukeng ya ga Jeremia, di diragadiwa ka ditsela tse di farologaneng? Tshwantsha.
20 Boporofeti bo le bongwe jwa Baebele bo ka diragadiwa ka ditsela tse di farologaneng. Re bona boammaaruri jwa seno mo karabong e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe fa ba ne ba mmotsa ka sesupo sa go ‘nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Math. 24:3) Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka ngwaga wa 66 go fitlha ka 70 C.E. Mme gone, go bonala sentle gore dikarolo dingwe tsa boporofeti joo di sa ntse di tla diragadiwa ka nako ya “pitlagano e kgolo” e e tla tlelang tsamaiso eno yotlhe e e boikepo. Pitlagano eno e tla nna “e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Math. 24:21) Go na le dilo dingwe mo boporofeting jono tse di tshwanang le tse Jeremia a ileng a di kwala. Dikarolo dingwe tsa boporofeti jono di ile tsa diragadiwa lekgetlo la ntlha ka 607 B.C.E., mme jaaka re bone mo kgannyeng ya ga ‘Ragele yo o neng a lelela bomorwawe,’ karolo ya bobedi ya boporofeti jono e tla diragadiwa mo isagweng. (Jer. 31:15) Ee ruri, dingwe tsa dilo tse Jeremia a neng a di bolelela pele di amana le nako e o tshelang mo go yone, mme go diragadiwa ga tsone go a go ama.
21 O kgona go bona seno mo bukeng ya Tshenolo. Moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka dipolelelopele tse Jeremia a neng a bua ka tsone tse di amanang le go senngwa ga Babelona ka 539 B.C.E. Mo bukeng ya Tshenolo go na le dilo tse di tshwanang ka tiragalo eo ya bogologolo le tshenyego e kgolwane e e tlileng go direga mo isagweng. Nngwe ya dipolelelopele tse di neng tsa buiwa ke Jeremia mme tsa diragadiwa mo motlheng wa rona ke tse di amanang le go wa ga mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, “Babelona o Mogolo.” (Tshen. 14:8; 17:1, 2, 5; Jer. 50:2; 51:8) Batho ba Modimo ba ne ba tla tshwanelwa ke go “tswa mo go ene” gore ba se ka ba welwa ke se se tla mo diragalelang. (Tshen. 18:2, 4; Jer. 51:6) Metsi a motse oo wa Babelona, a a emelang batho ba one, kgotsa ba ba o emang nokeng, a ne a tla ‘kgala.’—Jer. 51:36; Tshen. 16:12.
22 Boporofeti jo bongwe jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa mo isagweng ke jo bo amanang le tsholofetso e Modimo a e dirileng ya gore o tla ipusolosetsa mo bodumeding jwa maaka ka gonne bo ile jwa tshwara batho ba gagwe makgwakgwa. Jehofa o tla ‘mo direla go ya ka sotlhe se a se dirileng.’ (Jer. 50:29; 51:9; Tshen. 18:6) Mme dinaga tsa tshwantshetso tsa bodumedi jwa maaka di tshwanetse go kgakgabala.—Jer. 50:39, 40.
23. Ke go tsosolosiwa gofe mo semoyeng mo go neng ga bolelelwa pele ke Jeremia mme ga diragadiwa mo lekgolong la bo20 la dingwaga?
23 Jaaka o ka tswa o lemogile, boporofeti jo Jeremia a neng a bo bolela bo na le mafoko a a nayang tsholofelo. Ke gone ka moo a bolelelang pele ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri mo motlheng wa rona. Go gololwa ga batshwarwa ba Bajuda mo motseng wa bogologolo wa Babelona go tshwana le go gololwa ga batho ba Modimo ba motlha wa gompieno mo go Babelona o Mogolo fa Bogosi bo sena go tlhomiwa kwa legodimong. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a busetsa batho ba gagwe mo kobamelong ya boammaaruri, mme seo se ne sa dira gore ba mo leboge le go itumela. O segofaditse maiteko a ba a dirang a go thusa ba bangwe gore ba tle go mo obamela le go otliwa ka dijo tse di nonneng tsa semoya. (Bala Jeremia 30:18, 19.) Le wena o ka tswa o ile wa diragalelwa ke dilo dingwe tse di go bontshitseng gore le mo motlheng wa rona Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla naya batho ba gagwe badisa—banna ba ba godileng semoyeng ba tota ba amegang ka letsomane le ba ba tla le sireletsang.—Jer. 3:15; 23:3, 4.
24. Ke mafoko afe a ga Jeremia a a tshosang a a sa ntseng a tla diragadiwa?
24 Mafoko a Jeremia a neng a a bolelela batho ba Modimo ba bogologolo a bua ka dilo tse di molemo tse di tla diragalelang batho ba ba ikanyegang mme gape a tlhagisa ka tshenyego e e tla tlelang ba ba latlhileng Jehofa. Go ntse fela jalo le gompieno. Ga go pelaelo gore re bona kafa tlhagiso eno e e utlwalang sentle e potlakileng ka gone: “Mo letsatsing leo ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe. Ga ba na go hutsafalelwa, le fa e le go phuthwa kgotsa go fitlhwa. Ba tla nna jaaka motshotelo mo godimo ga mmu.”—Jer. 25:33.
25. Batho ba Modimo ba na le boikarabelo bofe gompieno?
25 Ee, fela jaaka Jeremia, le rona re tshela mo dinakong tse di thata. Fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa gagwe, tsela e batho ba itshwarang ka yone fa ba utlwa molaetsa wa ga Jehofa e ka kaya botshelo kgotsa loso. Gompieno batho ba Modimo ga se baporofeti. Ga re a newa tetla ya go oketsa mafoko a a boammaaruri a ga Jehofa a a leng mo Baebeleng. Mme gone, re laetswe go rera mafoko a a molemo a Bogosi ka malatsi otlhe go fitlha tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong. (Math. 28:19, 20) Ga go pelaelo gore ga re batle go ‘utswa mafoko a ga Jehofa’ ka go fitlhela batho se se tla tlogang se diragala. (Bala Jeremia 23:30.) Re ikemiseditse gore ga re na go fokotsa maatla a mafoko a ga Jehofa le tsela e a amang batho ka yone. Bontsi jwa dipolelelopele tse Modimo a neng a laetse Jeremia gore a di bolele di setse di diragaditswe. Seno se re tlhomamisetsa gore tse di sa ntseng di tlile go diragadiwa le tsone di a ikanyega. Re tshwanetse go bolelela batho gore ruri Modimo o tlile go ‘dira se se leng mo mogopolong wa gagwe le se a neng a se laetse go tloga mo metlheng ya bogologolo.’—Dikhu. 2:17.
26. Ke boporofeti bofe jo re sa ntseng re tlile go bo sekaseka?
26 Re tla bo re sa fetsa go sekaseka dipolelelopele tsa ga Jeremia le melaetsa ya gagwe fa re sa ithute ka tsholofetso e kgolo ya “kgolagano e ntšha” e Jehofa a neng a e dira le batho ba gagwe, e melao ya yone e neng e tla kwalwa mo dipelong tsa bone. (Jer. 31:31-33) Mo kgaolong e e latelang re tla sekaseka boporofeti jono jo bo go amang ka tlhamalalo le tsela e bo ileng jwa diragadiwa ka yone.
Ke dipolelelopele dife tse di mo bukeng ya ga Jeremia tse di diragaditsweng mo motlheng wa rona? O ikutlwa jang ka tse di sa ntseng di tla diragadiwa?