KGAOLO YA BOSOMETLHANO
“Ga ke Kgone go Nna ke Didimetse”
1. Ke ka ntlha yang fa Jeremia le baporofeti ba bangwe ba ga Jehofa ba ne ba sa kgone go didimala?
“UTLWA lefoko la ga Jehofa.” Mafoko ano a ne a dumaduma mo mebileng le mo dipatlelong tsa Jerusalema go simolola ka 647 B.C.E. Mme moporofeti wa Modimo ga a ka a latlhela seditse. Tota le fa motse ono o se na go senngwa dingwaga di le 40 morago ga moo, o ne a tswelela a ba tlhagisa. (Jer. 2:4; 42:15) Modimo Mothatayotlhe o ne a romela baporofeti go tlhomamisa gore Bajuda ba utlwa kgakololo ya Gagwe mme ba a ikwatlhaya. Jaaka go bontshitswe pelenyana mo bukeng eno, Jeremia ene o ne a tlhomologile mo babueleding ba bangwe ba Modimo. Fa Modimo a roma Jeremia, o ne a mo raya a re: “O eme o bue le bone sengwe le sengwe se ke se go laelang. O se ka wa welwa ke poifo epe.” (Jer. 1:17) Tiro eno e ne e le boima. Jeremia o ne a bogisiwa mo mmeleng le mo maikutlong, mme le fa a ne a lebane le diteko tse di ntseng jalo, o ne a tlhotlheletsega go diragatsa kabelo ya gagwe. O ne a re: “Pelo ya me e a fuduega mo teng ga me. Ga ke kgone go nna ke didimetse.”—Jer. 4:19.
2, 3. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ile ba etsa Jeremia jang? (b) Ke eng fa o tshwanetse go latela sekao sa ga Jeremia?
2 Jeremia o ne a tlhomela batlhanka ba ga Jehofa sekao mo tseleng e a neng a porofeta ka yone. (Jak. 5:10) Moragonyana fela ga Pentekosete ya 33 C.E., balaodi ba Bajuda ba ne ba tshwara moaposetoloi Petere le Johane mme ba ba laela gore ba tlogele go rera. O a itse gore ba ile ba araba jang. “Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:19, 20) Fa Balaodi ba se na go tshosetsa Petere le Johane ka gore mo nakong e e tlang ba tla ba dira se se bosula le go feta, ba ne ba ba golola. O itse se se ileng sa direga. Banna bao ba ba ikanyegang ga ba a ka ba tlogela go rera.
3 A o kgona go bona kafa mafoko a ga Petere le Johane a a mo go Ditiro 4:20 a bontshang tsela e ba neng ba tlhagafetse ka yone fela jaaka Jeremia? E re ka o le modiredi wa ga Jehofa Modimo mo malatsing ano a bofelo a a thata, ga go pelaelo gore le wena o tlhagafetse fela jalo mme o nna o akanya gore, ‘Nka se kgone go nna ke didimetse!’ Mma re boneng kafa re ka tswelelang re na le bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Jeremia jwa go tswelela re rera dikgang tse di molemo le fa maemo a re tshelang mo go one a ntse a senyegela pele.
TSWELELA O RERA LE FA BATHO BA SA KGATLHEGE
4. Batho ba le bantsi ba ne ba na le boikutlo bofe kwa Jerusalema wa bogologolo?
4 O tshwanetse wa bo o tlhomamisegile gore tsholofetso ya Modimo ya gore go tla nna le isagwe e e itumedisang fa go busa Morwawe, ke dikgang tse di molemo go gaisa tse batho ba kileng ba di utlwa. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ba bua se Bajuda bangwe ba kileng ba se raya Jeremia ba re: “Fa e le ka lefoko le o le buileng le rona mo leineng la ga Jehofa, ga re a go reetsa.” (Jer. 29:19; 44:16) Jeremia o ne a tlhola a utlwa batho ba bua mafoko ano. Go ntse jalo le ka batlhanka ba ga Jehofa gompieno, ka gonne batho ba le bantsi ba rata go re, “Ga ke kgatlhegele molaetsa wa lona.” Tsela e batho ba sa kgatlhegeng ka yone e ka koafatsa tlhagafalo e mmoledi wa Bogosi a nang le yone. Fa e le gore go ntse jalo mo tshimong ya lona, mme seo se ama bangwe mo phuthegong ya lona kgotsa le wena se a go ama, ke eng se se ka dirwang?
5. (a) Jeremia o ne a itshwara jang fa batho ba sa kgatlhegele molaetsa wa gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa kgatlhegeleng dikgang tse di molemo ba le mo kotsing e e seng kana ka sepe?
5 Ela tlhoko boikutlo jo Jeremia a neng a nna le jone fa a ne a tshwanelwa ke go rerela batho ba Juda ba bontsi jwa bone ba neng ba sa kgatlhegele molaetsa wa gagwe. Fa Jeremia a ne a simolola tiro ya gagwe, Jehofa o ne a mmontsha ponatshegelo ya katlholo e e neng e tla. (Bala Jeremia 4:23-26.) Ka nako eo, moporofeti yono o ne a bona gore matshelo a batho ba le bantsi a ne a tla bolokwa fa ba ne ba ka reetsa mafoko a a tla a buang mme ba tshele go dumalana le one. Le gompieno batho ba mo seemong se se tshwanang, go akaretsa le ba ba mo tshimong ya lona. Jesu o ne a bua jaana malebana le “letsatsi leo” la katlholo e Modimo a tla e tlisetsang lefatshe la gompieno le le boikepo: “Le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe. Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Mafoko ano a ga Jesu a re bontsha gore batho ba ba ganang dikgang tse di molemo ba mo kotsing e e seng kana ka sepe.
6. Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o rera, tota le mo bathong ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa gago?
6 Mme gone, batho ba pele ba neng ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona le ba ba reetsang molaetsa wa ga Jehofa o re o rerang e bile ba o dirisa mo matshelong a bone, ba tla solegelwa molemo fela thata. Modimo o re bulela tsela ya go falola tshenyego e e tlang le go tsena mo lefatsheng la gagwe le lesha. Tota re ka re Jeremia le ene o ne a dira tiro e e tshwanang. Baagi ba Juda ba ne ba ka falola. (Bala Jeremia 26:2, 3.) Jeremia o ne a fetsa masomesome a dingwaga a leka go ba thusa ka go ba rotloetsa gore ba ‘reetse mme ba boe,’ le gore ba utlwe lefoko la Modimo wa boammaaruri. Ga re itse gore ke ba le kae ba ba ileng ba ikwatlhaya mme ba fetola matshelo a bone fa ba utlwa molaetsa wa moporofeti yono. Mme gone go na le bangwe ba ba ileng ba fetoga, mme le mo motlheng wa rona ba le bantsi ba ntse ba fetoga. Fa re ntse re tsweletse ka go rera dikgang tse di molemo, gantsi re utlwa kafa batho ba pele ba neng ba sa kgatlhege ba neng ba simolola go amogela dikgang tse di molemo ka gone. (Bona lebokose le le reng, “Batho Ba ba Sa Kgatlhegeng ba ka Nna ba Simolola go Kgatlhega,” mo go tsebe 184.) A seo ga se lengwe la mabaka a a tshwanetseng go dira gore re nne re tlhagafetse mo bodireding jwa rona jo bo bolokang matshelo jwa go rera dikgang tse di molemo?
Ke eng fa o ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo le fa batho bangwe ba sa di kgatlhegele?
BAGANETSI GA BA KA KE BA RE UTLWISA BOTLHOKO GO YA GO ILE
7. Baba ba ga Jeremia ba ile ba leka jang go emisa tiro ya gagwe ya go porofeta?
7 Sengwe se se tlhomologileng ka bodiredi jwa ga Jeremia ke kafa baganetsi ba ileng ba leka ka gone gantsintsi go mmolaya le go emisa tiro ya gagwe. Baporofeti ba maaka ba ne ba mo ganetsa phatlalatsa. (Jer. 14:13-16) Fa Jeremia a ntse a tsamaya mo mebileng ya Jerusalema, batho ba a neng a kopana le bone ba ne ba mo goa ba mo tlhapatsa e bile ba mo sotla. (Jer. 15:10) Baba bangwe ba gagwe ba ne ba loga maano a mangwe a go mo senya leina. (Jer. 18:18) Ba bangwe ba ne ba rulaganya matsholo a magolo a go mo senya leina ba batla gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tlhanogele mafoko a boammaaruri a Jeremia a neng a a rera. (Dikhu. 3:61, 62) A Jeremia o ne a latlhela seditse? Nnyaa, go na le moo o ne a tswelela a rera. O ne a dira seo jang?
8. Jeremia o ne a itshwara jang fa baganetsi ba ntse ba oketsa tsela e ba neng ba mo sotla ka yone?
8 Sebetsa sa konokono se Jeremia a neng a se dirisa go lwantsha baganetsi bano e ne le go ikanya Jehofa. Fa Jeremia a simolola tiro ya gagwe, Modimo o ne a mo solofetsa gore o tla mo tlamela le go mo sireletsa. (Bala Jeremia 1:18, 19.) Jeremia o ne a ikanya tsholofetso eo, mme Jehofa ga a ka a mo swabisa. Fa baganetsi ba ntse ba mo kgokgontsha mme ba dirisa ditsela tse dingwe gape go mo sotla, Jeremia o ne a nna pelokgale le go feta, a nna sebete mme a itshoka. Ela tlhoko kafa dinonofo tseo di mo thusitseng ka gone.
9, 10. Ke dilo dife tse di diragaletseng Jeremia tse di tshwanetseng go go tlhotlheletsa gore o nne pelokgale?
9 Nako nngwe baperesiti le baporofeti ba batsuolodi ba ne ba tlisa Jeremia fa pele ga dikgosana tsa Juda gore a bolawe. A matshosetsi a bone a ne a dira gore Jeremia a boife mme a emise tiro ya gagwe? Nnyaa. Tsela e a neng a iphemela ka yone mo ditatofatsong tse di maaka tsa batlhanogi bano, e ne e tlhatswa pelo jaana mo botshelo jwa gagwe bo neng jwa bolokwa.—Bala Jeremia 26:11-16; Luke 21:12-15.
10 Se lebale gore modiredimogolo wa tempele e bong Pashure o ne a tsenya Jeremia mo disaneng fa a se na go utlwa molaetsa o o maatla wa moporofeti yono. Pashure o tshwanetse a bo a ne a akanya gore seo se tla tshosa Jeremia mme a didimale. Ka jalo, mo letsatsing le le latelang, Pashure o ne a mo golola. Mme Jeremia yo a neng a le mo ditlhabing tse di botlhoko ka ntlha ya go tlhokofadiwa, o ne a bua ka tlhamalalo le Pashure a mmolelela ka katlholo e Jehofa a neng a tla mo leretse yone. Ee, tota le go tlhokofadiwa ga go a ka ga tswala Jeremia molomo! (Jer. 20:1-6) Ka ntlha yang? Jeremia o re bolelela jaana: “Jehofa o ne a na le nna jaaka yo o thata yo o boifisang. Ke ka lone lebaka le ba ba mpogisang ba tla kgotšwang mme ba sa fenye.” (Jer. 20:11) Tota le fa Jeremia a ne a lebane le kganetso e e setlhogo, o ne a nna pelokgale. O ne a ikanya Jehofa ka botlalo, mme le wena o ka mo ikanya fela jalo.
11, 12. (a) Jeremia o ne a dirisa jang temogo fa Hanania a ne a mo ganetsa? (b) Go nna o “ithibile mo bosuleng” go ka go solegela molemo jang?
11 Ga re a tshwanela go lebala gore Jeremia e ne e se motho fela yo o tseegang maikutlo. O ne a dirisa temogo fa a lebane le baganetsi. O ne a itse fa e le nako ya gore a ikgogele morago. Ka sekai, ela tlhoko se se neng sa direga fa a ne a lebane le Hanania. Fa moporofeti yono wa maaka a se na go ganetsa lefoko la boporofeti la ga Jehofa phatlalatsa, Jeremia o ne a mo kgalema a bo a mmontsha kafa a ka lemogang moporofeti wa boammaaruri ka gone. Jeremia o ne a rwele jokwe ya logong e le go bontsha gore ba tla nna mo jokweng ya Bababelona; Hanania o ne a galefa mme a robaganya jokwe eo. Ga go ope yo o neng a itse gore Hanania o ne a tla dira eng morago ga foo. Ka jalo, Jeremia o ne a dira eng? Re bala jaana: “Mme moporofeti Jeremia a tsamaya.” Ee, Jeremia o ne a tloga mo lefelong leo. Moragonyana Jehofa o ne a mo laela gore a boele kwa go Hanania mme a mo itsise se Modimo a tla se dirang—gore Bajuda ba tla isiwa botshwarwa kwa kgosing ya Babelona mme Hanania o tla bolawa.—Jer. 28:1-17.
12 Pego eno e e tlhotlheleditsweng e re bontsha sentle gore re tshwanetse go nna pelokgale le go dirisa temogo fa re rera. Fa mo legaeng lengwe motho a gana go amogela se Dikwalo di se buang mme a tlala bogale mo a re tshosetsang ka go nna dikgoka, re ka kopa go tsamaya mme ka maitseo re ye kwa ntlong e e latelang. Ga re tlhoke go ngangisana le ope ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Fa re nna re “ithibile mo bosuleng,” re dira gore mo nakong e e tlang fa maemo a le botoka mong wa ntlo a kgone go re amogela.—Bala 2 Timotheo 2:23-25; Dia. 17:14.
Ke eng fa go ikanya Jehofa go le botlhokwa thata fa re ntse re rera dikgang tse di molemo? Ke eng fa re tshwanetse go nna tekatekano malebana le kgang ya go nna pelokgale le go nna le temogo?
“O SE KA WA BOIFA”
13. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a raya Jeremia a re: “O se ka wa boifa,” mme ke eng fa re tshwanetse go sekaseka kgang eno?
13 Baobamedi ba boammaaruri ba ne ba amiwa ke maemo a a maswe a a neng a rena pele Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Ka jalo, o ka tlhaloganya gore ke eng fa Modimo a ile a raya Jeremia a re: “O se ka wa boifa.” (Jer. 1:8; Dikhu. 3:57) Mme Jehofa o ne a mo laela gore a bolelele batho ba bangwe ba gagabo mafoko ano a a kgothatsang. (Bala Jeremia 46:27.) Re ka ithuta eng mo go seno? Mo nakong eno e e kotsi ya bofelo, ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re boifa. Mo dinakong tseo, a re tla reetsa Jehofa, yo tota a re rayang a re: “O se ka wa boifa”? Pelenyana mo bukeng eno, re bone kafa Modimo a neng a tlhokomela Jeremia ka gone ka dinako tse go neng go le thata tota. Mma re boeletseng ka bokhutshwane se se diragetseng go bona gore rona re ithuta eng mo go seno.
14, 15. (a) Jeremia o ne a iphitlhela a le mo seemong sefe se se kotsi? (b) Jehofa o ne a diragatsa jang tsholofetso ya gagwe ya gore o tla sireletsa Jeremia?
14 Fa masole a Bababelona a ntse a dikaganyeditse Jerusalema, mo Bajuda ba neng ba sa kgone le go tswa, batho ba ne ba felelwa ke dijo. Go ise go ye kae ba le bantsi ba ne ba aparelwa ke leuba. (Jer. 37:21) Mathata ga a ka felela foo, Jeremia o ne a gaeletswe mo lefelong le le neng le ka fetoga lebitla la gagwe. Dikgosana tsa Juda di ne tsa pateletsa Kgosi Sedekia yo o sa tlhomamang gore a ineele. Go tswa foo, ba ne ba laela gore Jeremia a latlhelwe mo mogobeng o o boteng. Metsi a teng a ne a kgadile mme o tletse loraga. Fa Jeremia a ntse a nwelelela mo lorageng, o ne a bona sentle gore ga a na kgoro ya botso. Fa o ne o le mo seemong seo, a o ne o se kitla o boifa?—Jer. 38:4-6.
15 Le fa Jeremia e ne e le motho fela jaaka rona, o ne a ikanya lefoko la ga Jehofa la gore ga a kitla a mo latlha. (Bala Jeremia 15:20, 21.) A Jehofa o ne a mo segofatsa ka ntlha ya seo? Ee, re tlhomamisegile ka seo. Modimo o ne a tlhotlheletsa Ebede-meleke gore a nne pelokgale mme a kopa dikgosana gore di mo neye tetla ya gore a golole Jeremia. Kgosi e ne ya mo naya tetla, mme Ebede-meleke a ntsha moporofeti yoo mo mogobeng, a mo thusa gore a se ka a swela mo mosimeng oo o o boteng o o tletseng loraga.—Jer. 38:7-13.
16. Jehofa o ne a golola batho ba gagwe ba ba ikanyegang mo dikotsing dife?
16 Tota le fa Jeremia a ne a falotse jalo, botshelo jwa gagwe bo ne bo sa ntse bo le mo kotsing. Fa Ebede-meleke a ne a kopela Jeremia kwa kgosing o ile a re: ‘O tla swela mo a leng teng ka ntlha ya leuba. Gonne ga go tlhole go na le senkgwe mo motseng.’ (Jer. 38:9) Leuba le ne le tlhasetse jaana mo Jerusalema mo batho ba neng ba simolola go ja nama ya batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsereganya gape gore a boloke moporofeti wa gagwe. Mme Jeremia o ne a tlhomamisetsa Ebede-meleke gore Jehofa o tla mo sireletsa. (Jer. 39:16-18) Jeremia o ne a sa lebala tsholofetso eno ya Modimo: “Ke na le wena go go golola.” (Jer. 1:8) E re ka banna bano ba babedi ba ne ba sireleditswe ke Modimo Mothatayotlhe go ne go se baba kgotsa leuba le le neng le ka ba bolaya. Ba ne ba falola loso mo motseng oo o o neng wa senngwa. Re ithuta eng mo go seno? Jehofa o ne a solofetsa gore o tla sireletsa motlhanka wa gagwe mme o ne a diragatsa tsholofetso eo.—Jer. 40:1-4.
17. Ke eng fa o tshwanetse go ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla sireletsa batlhanka ba gagwe?
17 Go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jesu jo bo amanang le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo go ntse go atamela ka bofefo. Go ise go ye kae, go tla nna le “ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding, mme mo lefatsheng tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso . . . fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni.” (Luke 21:25, 26) Re tshwanetse go letela go bona tsela e ditshupo tseno di tla diregang ka yone le poifo e di tla e lereng mo go ba le bantsi. Mme gone, le fa go ka direga eng, le ka motlha o se ka wa belaela maatla le keletso e Jehofa a nang le yone ya go boloka batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, batho ba Jehofa a sa ba amogeleng bone ba tla senngwa. (Bala Jeremia 8:20; 14:9.) Le fa go ka lebega e kete batlhanka ba gagwe ba mo maemong a go senang tsholofelo mo go one, a a jaaka mogobe o o bongola le o o lefifi o Jeremia a neng a le mo go one, Jehofa a ka kgona go ba namola! Mafoko a Modimo a neng a a bolelela Ebede-meleke a tla dira le mo bathong ba gagwe: “‘Eleruri ke tla go falotsa, mme ga o na go wa ka tšhaka; o tla nna le moya wa gago e le thopo, ka gonne o inkantse,’ go bua Jehofa.”—Jer. 39:18.
MAFOKO A A KWALETSWENG WENA
18. (a) Ke mafoko afe a a ileng a fetola botshelo jwa ga Jeremia? (b) Taelo ya Modimo e e mo go Jeremia 1:7 e kaya eng mo go wena?
18 “O ye kwa go botlhe ba ke tla go romang kwa go bone; mme o bue sengwe le sengwe se ke tla se go laelang.” (Jer. 1:7) Fa Jeremia a se na go utlwa taelo eo e e tswang kwa Modimong, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetogela ruri. Go tloga ka nako eo go ya pele, o ne a tshwenyegile thata ka go itsise “lefoko la ga Jehofa.” Mafoko ano a tlhaga gangwe le gape mo bukeng ya Jeremia. Mo kgaolong ya bofelo, Jeremia o bua ka go thopiwa ga Jerusalema le go isiwa botshwarwa ga kgosi ya yone ya bofelo e bong Sedekia. Ee, Jeremia o ne a tswelela a ruta e bile a rotloetsa batho ba Juda gore ba ikobele Jehofa go fitlha ditiragalo di bontsha sentle gore tiro ya gagwe e weditswe.
19, 20. (a) Ke eng fa tsela e Jeremia a ileng a direla Modimo ka yone e le sekao se o ka se latelang? (b) Tiro ya go rera dikgang tse di molemo e amana jang le go bona boipelo le kgotsofalo? (c) Go sekaseka buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo go go amile jang?
19 Go na dilo di le dintsi tse kabelo ya ga Jeremia e tshwanang ka tsone le bodiredi jwa phatlalatsa jo Basupi ba ga Jehofa ba bo dirang gompieno. Fela jaaka Jeremia, le wena o direla Modimo wa boammaaruri mo nakong eno ya katlholo. Maikarabelo mangwe a tlhoka gore o dirise nako le maatla a gago; mme gone go rera dikgang tse di molemo ke tiro ya botlhokwatlhokwa go di gaisa tsotlhe e o ka e dirang mo tsamaisong eno ya dilo. Fa o dira tiro eno, o tlotlomatsa leina le legolo la Modimo e bile o amogela gore o na le tshwanelo e e feletseng ya go busa gonne e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. (Bala Dikhutsafalo 5:19.) Gape o bontsha gore o na le lorato lo logolo mo baagelaning ka go thusa batho go itse Modimo wa boammaaruri le se a batlang gore ba se dire gore ba tshele.—Jer. 25:3-6.
20 Jeremia o ne a bua jaana ka tiro e Jehofa a mo neileng yone: “Lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa Modimo wa masomosomo.” (Jer. 15:16) Gompieno batho botlhe ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang gore ba bue jalo ka Modimo wa boammaaruri ba nna le boipelo jo bo ntseng jalo le kgotsofalo. Ka jalo, o na le lebaka le le utlwalang la gore o tswelele o bolela molaetsa wa ga Jehofa fela jaaka Jeremia a ile a dira.
Sekai sa ga Jeremia le sa ga Ebede-meleke di ka go thusa jang gore o nne pelokgale? Ke nonofo efe ya ga Jeremia e o batlang go e etsa fa o ntse o rera?