Buka ya Bibela ya bo 38—Sekaria
Mokwadi: Sekaria
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go e Kwala: 518 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 520–518 B.C.E.
1. Seemo e ne e le sefe ka tempele mo Jerusalema fa Sekaria a ne a simolola go perofeta?
GO NE go sena sepe se se dirwang! E ne e le sone seemo sa tiro ya go aga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema fa Sekaria a ne a simolola go perofeta. Lemororo Solomone a ne a agile tempele ya ntlha ka dingwaga di le 7 1/2 (1 Dikg. 6:37, 38), Bajuda ba ba buseditsweng gae ba ne ba na le dingwaga di le 17 ba ntse ba le mo Jerusalema mme kago eo e ne e santse e le kgakala le go fediwa. Go ne jaanong go sa tlhole go dirwa sepe mo tirong eo morago ga e sena go thibelwa ke Aretaserese (yo o ka tswang e ne e le Bardiya kana Gautama). Mme jaanong, go sa kgathalesege thibelo eno ya semolao, tiro e ne e boetse e tsweletse gape. Jehofa o ne a dirisa Hagai le Sekaria go kgothaletsa batho go boela ba aga gape go fitlhela e wediwa.—Esere 4:23, 24; 5:1, 2.
2. Ke ka ntlhayang fa go ne go lebega fa tiro eo e le e e sa kakeng ya kgonwa, mme Sekaria o ne a ba tlhokomedisa eng?
2 Go ne go lebega go ne go na le namane e tona ya tiro fa pele ga bone. (Seka. 4:6, 7) Ba ne ba sekae ka palo, baganetsi ba bone ba ne ba le bantsi, mme lemororo ba ne ba na le kgosana ya losika lwa ga Dafide, ebong Serubabele, ba ne ba sena kgosi mme ebile ba ne ba busiwa ke kgosi ya morafe o sele. A bo go ne ga nna motlhofo jang ne gore ba nne le maikutlo a a bokoa, a go ikakanyetsa ba le bosi, ka nako e tota go neng go tlhokega tumelo e e tiileng le gore tiro e dirwe ka bonatla! Go ne ga dirisiwa Sekaria go lebisa tlhokomelo ya bone go maikaelelo a Modimo ka nako eo le eleng maikaelelo a nako e e tlang a a molemolemo, ka go dira jalo a ba nonotshetsa tiro eo e neng e tshwanetse go dirwa. (8:9, 13) E ne e se nako ya gore ba tshwane le borraabonemogolo bao ba neng ba sena kanaanelo.—1:5, 6.
3. (a) Go tlhalosiwa gore Sekaria yono ke mang, mme ke ka ntlhayang fa leina la gagwe le tshwanela? (b) Boperofeti jwa ga Sekaria bo ne jwa bolelwa jwa ba jwa kwalwa leng?
3 Sekaria e ne e le mang? Go na le batho ba ka nna 30 ba ba farologaneng bao ba umakiwang mo Bibeleng ba maina a bone e neng e le Sekaria. Lefa go ntse jalo, mokwadi wa buka eno eo e reeletsweng ka leina leno go bolelwa fa e le “Sekaria morwa Berekia, morwa Ido moperofeti.” (Seka. 1:1; Esere 5:1; Neh. 12:12, 16) Leina la gagwe (Sehebera, Zekhar·yahʹ) le raya gore “Jehofa O Gakologetswe.” Buka ya Sekaria e tlhalosa ka phepafalo gore “Yehofa oa mashomōshomō” o gakologelwa batho ba Gagwe, gore a dirisane sentle le bone ka baka la leina la Gagwe. (Seka. 1:3) Dinako tse di umakiwang mo bukeng eno di supa gore ditiragalo tse e buang ka tsone e ka nna tse di diragetseng mo dingwageng tse pedi. Nako e tempele e neng ya simololwa go agiwa sesha ka yone le e Sekaria a neng a simolola go bolelela pele ka yone e ne e le “ka kgwedi ea bohèra mebedi, ka ñwaga oa bobedi oa ga Dario” (October/November 520 B.C.E.). (1:1) Buka eno gape e bua ka “letsatsi ya bonè ya kgwedi ea bohèra o le moñwe, eboñ ka Kiselefe,” ka “ñwaga oa bonè oa kgosi Dario” (mo e ka nnang ka December 1, 518 B.C.E.). (7:1) Ka gone he, kwantle ga pelaelo boperofeti jwa ga Sekaria bo tshwanetse jwa bo bo ne jwa bolelwa jwa ba jwa kwalwa mo dingwageng tsa 520-518 B.C.E.—Esere 4:24.
4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa Sekaria a ne a bolelela pele kaga go wa ga Ture nako e telele morago ga go dikaganyediwa ga motse oo ke Nebukadenesare? (b) Ke go diragadiwa ga boperofeti bofe tota mo go supang ka mo go tlhatswang pelo fa buka eno e tlhotlheleditswe?
4 Baithuti ba buka ya Sekaria ba tla bona bosupi jo bontsi jwa gore e boammaaruri. Tsaya kgang ya Ture. Kgosi ya Babelona Nebukadenesare o ne a senya Ture morago ga a sena go e dikanyetsa ka dingwaga di le 13. Lefa go le jalo, seno se ne se sa reye gore Ture o ne a senyediwa ruri. Dingwaga di le dintsi moragonyana, Sekaria o ne a bolelela pele gore Ture o ne a tla senngwa gotlhelele. E ne e le motsemogolo wa Ture o e neng e le setlhaketlhake oo Alexander the Great a neng a o nyeletsa fa a sena go aga namane e tona ya thotobolo ya go kgabaganyetsa kwa setlhaketlhakeng seo; o ne a ja motse oo ka molelo ka bosetlhogo, ka go rialo a diragatsa boperofeti jwa ga Sekaria jo a neng a bo boletse dingwaga di le makgolo a mabedi pele ga foo.a—Seka. 9:2-4.
5 Lefa go ntse jalo, bosupi jo bo tlhatswang pelo go gaisa jotlhe bo ka bonwa mo go diragadiweng ga boperofeti jo bo amanang le Mesia, Keresete Jesu, jaaka go ka bonwa ka go bapisa Sekaria 9:9 le Mathaio 21:4, 5 le Yohane 12:14-16; Sekaria 12:10 le Yohane 19:34-37; le Sekaria 13:7 le Mathaio 26:31 le Mareko 14:27. Go na le dilo tse dingwe gape tse di tshwanang mo go Sekaria 8:16 le Baefeso 4:25; Sekaria 3:2 le Yude 9; le Sekaria 14:5 le Yude 14. Lefoko la Modimo le dumalana ka mo go gakgamatsang!
6. (a) Ke eng se se dirang gore buka ya Sekaria e bo e kwadilwe ka mokgwa o o farologaneng go simolola ka kgaolo 9 go ya pele? (b) Lebaka la go bo Mathaio a bitsa Sekaria “Yeremia” e ka tswa e le lefe?
6 Go na le batshwayadiphoso bangwe ba Bibela ba ba bolelang gore mofuta o o farologaneng wa tsela ya go kwala o o simololang mo go kgaolo 9 go ya pele o supa gore karolo eo ga e kake ya bo e kwadilwe ke Sekaria. Lefa go ntse jalo, mofuta o o farologaneng oo wa tsela ya go kwala ga o a farologana go le kalo mme o bakiwa ke go bo go buiwa ka kgang e sele. Fa dikgaolo tsa ntlha tse di robang bobedi di bua ka dilo tse di leng botlhokwa mo nakong eo mo bathong ba motlha wa ga Sekaria, mo go kgaolo 9 go ya go 14 moperofeti yoo o lebela pele kwa nakong e e kwa pelepele. Batho bangwe ba ile ba botsa gore ke ka ntlhayang fa Mathaio a tsopola mo go Sekaria mme a bolela gore mafoko ao a gagwe ke a ga Jeremia. (Math. 27:9; Seka. 11:12) Go lebega gore fa gongwe Jeremia o ne a tsewa jaaka moperofeti wa ntlha wa Baperofeti ba Moragonyana (go na le Isaia, jaaka go ntse mo Dibibeleng tsa rona tsa gompieno); ka gone fa Mathaio, a bitsa Sekaria a re ke “Jeremia,” o ka tswa a ne a dira jalo ka go bo Bajuda ba ne ba tlwaetse go bitsa karolo yotlhe ya Dikwalo ka leina la buka ya ntlha ya karolo eo. Jesu ka boene o ne a bitsa dibuka tsotlhe tse di bidiwang Mekwalo ka leina la “Dipesalema.”—Luke 24:44.b
7. Buka ya Sekaria e rulagantswe jang?
7 Go ya fela kwa go kgaolo 6, temana 8, buka eno e na le metseletsele ya diponatshegelo di robabobedi, tseo di tshwanang le tseo di leng mo go Daniele le Esekiele, tseo ka kakaretso di buang ka go agiwa sesha ga tempele. Diponatshegelo tseno di latelwa ke mafoko le boperofeti jo bo amanang le kobamelo ya bopeloephepa, go busediwa gae, le letsatsi la ga Jehofa la tlhabano.
SEO SE LENG MO GO SEKARIA
8. Ponatshegelo ya bapagami ba banè ba dipitse e bontsha eng malebana le Jerusalema le merafe?
8 Ponatshegelo ya ntlha: Bapalami ba dipitse ba banè (1:1-17). “Boèlañ mo go nna, . . . me ke tla boèla mo go lona,” go bua Jehofa, mme go tswa foo o botsa ka go re, “Mahoko a me le ditaeō tsa me, tse ke di laoletseñ baperofeti batlhanka ba me, a ga dia ka tsa latèla borra eno tsa ba chwara?” (1:3, 6) Batho bao ba dumela gore ba bone tuelo e e ba tshwanetseng. Jaanong go tlhaga ponatshegelo ya ntlha ya ga Sekaria. Bapagami bangwe ba dipitse ba le banè ba ema go bapa le ditlhare gaufi le Jerusalema go le bosigo, ba tswa go tlhatlhoba lefatshe lotlhe, leo ba fitlhetseng le le mo thetebalong ebile le sa tshwenngwe ke sepe. Mme moengele wa ga Jehofa, yo o ba botsolotsang, ene o tshwentswe ke seemo sa Jerusalema. Jehofa ka boene o bolela kafa a gakaletseng merafe eo e ileng ya thusa mo matlhotlhapelong a Siona fela thata, mme o bolela gore ‘eleruri o tla boela Jerusalema ka mautlwelo botlhoko.’ Ntlo ya gagwe e tla agiwa mo go ene, mme metse ya gagwe “e tla nama e anama ka ntlha ya go tlhōgōnōlōhala.”—1:16, 17.
9. Jehofa o tlhalosa ponatshegelo ya dinaka le bathudi jang?
9 Ponatshegelo ya bobedi: Dinaka le bathudi (1:18-21). Sekaria o bona dinaka tse nnè tse di ileng tsa phatlalatsa Juda, Iseraele, le Jerusalema. Go tswa foo Jehofa o mmontsha bathudi ba le banè, a mo tlhalosetsa gore batho bano ba tlile go latlhela dinaka tsa merafe e e ganetsanang le Juda fa fatshe.
10. Jehofa o amana jang le go tlhogonolofala ga Jerusalema?
10 Ponatshegelo ya boraro: Go tlhogonolofala ga Jerusalema (2:1-13). Go bonala monna mongwe a lekanya Jerusalema. Motse oo o tla segofadiwa ka go atolosiwa, mme Jehofa o tla nna jaaka lorako lwa molelo lo lo mo dikanyeditseng le jaaka kgalalelo fa gare ga gagwe. O tlhaeletsa a re, “Heè Siona . . . iphalodisè,” mme o oketsa ka tlhagiso e e reng, “Eo o lo amañ o ama thaka ea leitlhō ya [me].” (2:7, 8) Ereka Jehofa a nna mo go ene, Siona o tla ipela, mme merafe e le mentsi e tla itsalanya le Jehofa. Nama yotlhe e bolelelwa gore e nne ka tidimalo fa pele ga ga Jehofa, “gonne o cogile a le mo bonnoñ yoa gagwè yo bo boitshèpō.”—2:13.
11. Moperesiti yo Mogolo Joshua o tlotlomadiwa jang, mme ke tiro efe e a kgothalediwang gore a e dire?
11 Ponatshegelo ya bonè: Go gololwa ga ga Joshua (3:1-10). Moperesiti yo Mogolo Joshua o kaiwa a le mo tekong, Satane a ganetsana nae mme moengele wa ga Jehofa a kgalemela Satane. A Joshua ga se “mocwaishō o o shwatocweñ mo moleloñ”? (3:2) Go bolelwa fa Joshua a phepafaditswe, mme o neelwa “diaparō tse dintlè” mo boemong jwa diaparo tsa gagwe tse di matladika. O kgothalediwa go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa, yo o ‘tlisang motlhanka wa gagwe yo o bidiwang Letlhogela’ le yo o bayang fa pele ga ga Joshua letlapa le mo go lone go nang le matlho a supa.—3:4, 8.
12. Ke kgothatso efe le tlhomamisetso tse di newang malebana le go agiwa ga tempele?
12 Ponatshegelo ya botlhano: Setlhomo sa lobone le ditlhare tsa motlhware (4:1-14). Moengele o tsosa Sekaria gore a bone setlhomo sa lobone sa gouda se se nang le dipone tse supa, se go nang le ditlhare tsa motlhware di le pedi mo matlhakoreng a sone. O utlwa lefoko le Jehofa a le rayang Serubabele a re: ‘Eseng ka thata ya masole, lefa e le ka maatla, mme eleng ka moya wa Modimo.’ “Thaba e kgolo” e tla dirwa lebala fa pele ga ga Serubabele, mme go tla ntshiwa lentswe la tlhogo la tempele go tla le tshela loshalaba lo re: “Matlhōgōnōlō, matlhōgōnōlō!” Serubabele ke ene yo o thaileng metheo ya tempele, mme Serubabele ke ene yo o tshwanetseng go fetsa tiro eo. Dipone tse supa ke matlho a ga Jehofa a a ‘yang kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe.’ (4:6, 7, 10) Ditlhare tse pedi tsa motlhware ke batlodiwa ba babedi ba ga Jehofa.
13-15. Ke eng se se bonwang mo ponatshegelong ya lokwalo lo lo fofang, selekanyo sa seelo, le dikara tse nnè tsa ntwa?
13 Ponatshegelo ya borataro: Lokwalo lo lo fofang (5:1-4). Sekaria o bona lokwalo lo fofa, lo lo boleele jwa dimetara tse 9 le bophara jwa dimetara tse 4,5. Moengele o tlhalosa gore seno ke phutso eo e ntshitsweng ka baka la botlhe ba ba utswang le ba ba ikanang ka maaka ka leina la ga Jehofa.
14 Ponatshegelo ya bosupa: Selekanyo sa seelo (5:5-11). Go tlosiwa sekhurumelo sa selekanyo sa seelo (se e ka nnang sa selekanyo sa dilitara di le 22), go senolwa mosadi yo o bidiwang “Boikèpō.” O latlhelwa gape mo seelong, seo morago se tsholelediwang kwa legodimong ke basadi ba babedi ba ba diphuka, a isiwa kwa Shinara (Babelona) go ya go “beèwa gōna mo heloñ ga gagwè.”—5:8, 11.
15 Ponatshegelo ya borobabobedi: Dikara tse nnè tsa ntwa (6:1-8). Bonang! Fa gare ga dithaba tse pedi tsa kgotlho, go bonala dikara tse nnè tsa tlhabano, tse dipitse tsa tsone di nang le mebala e e farologaneng. Ke meya e menè ya magodimo. Fa moengele a ntsha taolo, e tsamaya tsamaya mo lefatsheng.
16. Ke eng se se bolelelwang pele ka “Letlhogèlè”?
16 Letlhogela; go itima dijo mo e seng ga bopeloephepa (6:9–7:14). Jaanong Jehofa o laela Sekaria gore a rwese Moperesiti yo Mogolo Joshua serwalo se segolo mo tlhogong. O bolelela pele ka “Letlhogèlè,” leo le tla agang tempele ya ga Jehofa le ba le busa jaaka moperesiti mo setulong sa gagwe sa bogosi.—6:12.
17. Malebana le kobamelo, ke eng se Jehofa a se eletsang, mme ba ba ganang mafoko a gagwe ba tshwanetse go felela jang?
17 Dingwaga di le pedi morago ga Sekaria a sena go simolola go perofeta, go goroga lekoko lengwe le tswa kwa Bethele go tla go botsa baperesiti ba tempele gore a go tshwanetse ga nna ga tsweledisiwa dipaka tsa go lela le tsa go itima dijo. Ka Sekaria, Jehofa o botsa batho le baperesiti gore a tota ba itima dijo ka bopeloephepa. Se Jehofa a se batlang ke ‘kutlo, tshiamiso ya boammaaruri, bopelonomi jo bo lorato, le mautlwelo botlhoko.’ (7:7, 9) Ereka ba gana go reetsa mafoko a gagwe a boperofeti ka bogoma le ka bopeloethata, o tla ba gasagasa jaaka sefefo mo merafeng eo yotlhe.
18. Jehofa o naya tsholofetso efe malebana le tsosoloso?
18 Tsosoloso; “batho ba le shomè” (8:1-23). Jehofa o bolela gore o tla boela kwa Siona a bo a nna mo Jerusalema, yo o tla bidiwang “Motse oa boamarure.” Batho ba ba godileng ba tla nna mo dipatlelong tsa gagwe, mme bana ba tla tshameka mo go tsone. Seno ga se selo se se boima mo go Jehofa, Modimo wa boammaaruri le yo o tshiamo! Jehofa o solofetsa gore o tla naya masalela a batho ba gagwe losika lwa kagiso, fa a re: “Se boiheñ, me a diatla tsa lona di nnè thata.” (8:3, 13) Ba tshwanetse go dira dilo tseno: Ba bue boammaaruri le mongwe le mongwe ba bo ba atlhole ka boammaaruri, ba sa akanye maano ape a a ka ba tlisetsang matlhotlhapelo ka dipelo tsa bone le go ikanela maaka. Ebu, go tla tla nako ya fa batho ba metse e mentsi ba tla laleletsanang gore ba ye go batla Jehofa ka tlhoafalo, mme “batho ba le shomè” ba tla tswa e le ba dipuo tsotlhe go tla go “chwara lokoye loa eo o leñ Moyuda” mme ba tsamaye le batho ba Modimo.—8:23.
19. Ke mafoko afe a a bogale a a latelang, mme ke eng se se bolelwang malebana le kgosi ya Jerusalema?
19 Mafoko a a buiwang kgatlhanong le merafe, badisa ba maaka (9:1–11:17). Mo karolong ya bobedi ya buka eno, dikgaolo 9 go ya go 14, Sekaria ga a bue ka diponatshegelo tsa tshwantshetso mme o bua ka tsela e e tlwaelegileng ya seperofeti. O simolola ka mafoko a a bogale kgatlhanong le metse e e farologaneng, go akaretsa le motse wa setlhaketlhake o o tletseng matlapa wa Ture. Jerusalema o bolelelwa gore a thele loshalaba lwa boitumelo, ka gonne, “Bōna, kgosi ea gago ee tla kwa go wèna: o tshiamō, o na le poloka; o boikokobeco, o palame esela.” (9:9) E tla re yono a sena go robaganya dikara tsa ntwa le bora, o tla bua kagiso le merafe mme o tla busa go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Jehofa o tla tlhabanela batho ba gagwe le Gerika, mme o tla ba boloka. “Gonne molemō oa gagwè o mogolo yañ! bontlè yoa gagwè bo bogolo yañ!” (9:17) Jehofa, Monei wa Pula, o kgala baitseanape le badisa ba maaka. O tla dira gore ntlo ya Juda e nne e e kwa godimo le batho ba Eferaima gore ba nne jaaka monna yo o thata. Fa e le ka ba ba golotsweng bone, “pelo ea bōnè e tla ipela mo go Yehofa . . . me ba tla sepelèla kwa le kwa ka leina ya gagwè.”—10:7, 12.
20. Ke ditshwantsho dife tse di kaisiwang ka dithobane tse di bidiwang “Bontlè” le “Diphapō”?
20 Jaanong Sekaria o neelwa tiro ya go ya go disa letsomane, leo le rekiseditsweng go ya go bolawa ke badisa ba ba senang pelotlhomogi ba ba reng: “A go bakwè Yehofa, gonne ke humile.” (11:5) Moperofeti yono o tsaya dithobane di le pedi a bo a di raya maina a re “Bontlè” le “Diphapō.” (11:7) O supa gore kgolagano e sentswe ka go roba “Bontlè.” Go tswa foo o kopa gore a duelwe, mme ba mo lekanyetsa dipapetlana tsa selefera di le 30. Jehofa o laela Sekaria gore a di latlhele mo letloleng la madi mme, a bua a sotla fela thata, a re, “tlhwatlhwa e e molemō e ke e sekasekecweñ.” (11:13) Jaanong go kgaolwa thobane “Diphapō,” go kgaoganngwa borwarraamotho jwa Juda le Iseraele. Tšhaka e tla wela badisa ba maaka bao ba tlhokomologileng dinku tsa ga Jehofa.
21. (a) Jehofa o atlhola jang bao ba tlhabanang le Jerusalema? (b) Go bolelelwa pele ka go phatlaladiwa le go ntlafadiwa gofe?
21 Jehofa o a tlhabana, o nna kgosi (12:1–14:21). Go simolola mafoko a mangwe. Jehofa o tla dira Jerusalema sejana se se dirang gore batho ba thetheekele a bo a mo dire lentswe le le bokete leo le segang bao ba le tsholetsang. O tla nyeletsa merafe yotlhe eo e lwang le Jerusalema. Jehofa o tla tshololela moya wa kamogelo le wa dikopo mo godimo ga ntlo ya ga Dafide, mme batho ba tla leba yo ba mo tlhabileng, ba mo lelela “yaka motho a tla a galakègèle ñwana oa gagwè oa motsalwa pele pelo.” (12:10) Jehofa wa masomosomo o bolela fa medimo yotlhe ya disetwa le baperofeti ba maaka ba tla kgaolwa; batsadi ba motho yoo ba tla mo gobatsa gore e tle e re ka go tlhabiwa ke ditlhong a apole seaparo sa gagwe sa moperofeti. Modisi mmogo le Jehofa o tla itewa mme dinku tsone di tla phatlaladiwa, mme Jehofa o tla ntlafatsa “kgaoganō ea boraro” gore e tle e bitse leina la gagwe. Jehofa o tla bua a re: “Ke batho ba me,” mme yone e tla araba e re: “Yehofa ke Modimo oa me.”—13:9.
22. Ke eng se se tla diragalelang merafe le Jerusalema mo ‘letsatsing la ga Jehofa’?
22 “Bōnañ, go tla motlha moñwe oa ga Yehofa.” Merafe yotlhe e tla tlhasela Jerusalema, mme bontlhabongwe jwa batho ba motse oo ba tla ya botshwarwa, bo tlogela masalela. Go tswa foo Jehofa o tla tswa a ya go tlhabana le merafe eo, “yaka yale a kile a tlhabana mo motlheñ oa tlhabanō.” (14:1, 3) Thaba ya ditlhare tsa motlhware, kwa botlhaba jwa Jerusalema, e tla kgaogana go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirimatsatsi, e dira mokgatšha o go ka tshabelwang mo go one. Mo letsatsing leo metsi a botshelo a tla elelela kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi a tswa kwa Jerusalema, go le selemo le go le mariga, mme “Yehofa o tla nna kgosi ea lehatshe yeotlhe.” (14:9) Lefa Jerusalema a bolokesegile, Jehofa o tla itaya bao ba tlhabanang le ene. Nama ya bone, matlho, le maleme a bone di tla bola, ba ntse ba eme ka dinao. Go tla nna le tlhakatlhakano fa gare ga bone. Mongwe le mongwe o tla tlhabana le mogabone. Batho ba merafe bao ba tla salang ba tshela ba tla tshwanelwa ke go “ea ka ñwagañwaga go ōbamèla Kgosi, Yehofa oa mashomōshomō.”—14:16.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
23. Rekoto ya Sekaria e nonotsha tumelo jang?
23 Batho botlhe ba ba ithutang ba bo ba tlhatlhanya kaga boperofeti jwa Sekaria ba tla solegelwa molemo ka go bo ba tla nna le kitso e e nonotshang tumelo. Sekaria o bua ka “Yehofa oa mashomōshomō” makgetlo a feta 50 gore ke Ene yo o lwelang batho ba Gagwe le go ba sireletsa, yo o ba nayang maatla go ya kafa ba tlhokang ka gone. Fa kganetso e eketeng dithaba e tshosetsa go agiwa ga tempele eo, Sekaria o bolela jaana: “Ye ke yeōna lehoko ya ga Yehofa kwa go Serubabele, a re, Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō. U mañ, wèna thaba e kgolo? u tla hetoga u nna lobala ha pele ga Serubabele.” Tempele eo e ne ya fediwa ka thuso ya moya wa ga Jehofa. Ka mo go tshwanang gompieno, dikgoreletsi dife fela di tla nyelela fa go dirisanngwa le tsone ka tumelo mo go Jehofa. Go ntse fela jaaka Jesu a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ha lo na le tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara, lo ka raea thaba e, loa re, Tloga ha, u hudugèlè hale; me e tla huduga; me ga go ketla go dihana le sepè se se tla lo retelèlañ.”—Seka. 4:6, 7; Math. 17:20.
24. Ke setshwantsho sefe sa boikanyego se se newang mo go kgaolo 13 ya Sekaria?
24 Mo go kgaolo 13, ditemana 2 le 6, Sekaria o tshwantsha boikanyego jo bo santseng bo le teng le gompieno mo phuthegong ya ga Jehofa. Boikanyego jono bo tshwanetse go gaisa jwa botsalano bongwe le bongwe, jo bo tshwanang le jwa batho ba e leng ba losika. Fa motho yo o gaufi ka losika a ka perofesa maaka ka leina la ga Jehofa, ke gore, a sa bue se se dumalanang le molaetsa wa Bogosi a bo a leka go tlhotlheletsa ba bangwe ka mo go sa siamang mo phuthegong ya batho ba Modimo, maloko a lelapa la motho yoo a tshwanetse go tshegetsa kafa a atlhotsweng ke phuthego ka gone ka boikanyego. Go tshwanetse ga nna fela jalo le ka tsala nngwe e e gaufi eo e perofetang maaka, gore a tle a tlhabiwe ke ditlhong a bo a utlwe botlhoko mo pelong ka baka la tiro ya gagwe e e phoso.
25. Boperofeti jwa Sekaria bo lomagana le dikwalo tse dingwe jang mo go supeng gore Mesia, ebong “Letlhogèlè” ke mang, le gore tiro ya gagwe jaaka Moperesiti yo Mogolo le Kgosi e e busang tlase ga ga Jehofa ke efe?
25 Fela jaaka dirapa tsa rona tsa kwa tshimologong di ne tsa bontsha, go tsena ga ga Jesu mo Jerusalema jaaka kgosi e e “boikokobeco, [a] palame esela,” go okiwa ga gagwe ka “dipapetlane tsa selefera di le mashomè mararo,” go phatlaladiwa ga barutwa ba gagwe ka nako eo, le go tlhabiwa ga gagwe a le mo koteng ka lerumo la lesole gotlhe go ne ga bolelelwa pele ke Sekaria ka go opa kgomo lonaka. (Seka. 9:9; 11:12; 13:7; 12:10) Boperofeti joo gape bo bua ka “Letlhogèlè” gore ke lone le le neng le tla aga tempele ya ga Jehofa. Fa go bapisiwa Isaia 11:1-10; Yeremia 23:5; le Luke 1:32, 33 go bonala fa yono e le Jesu Keresete, yoo o “tla busa[ng] ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ.” Sekaria o tlhalosa gore “Letlhogèlè” leo ke “moperisiti mo setuloñ sa gagwè,” seo se dumalanang le mafoko a ga Paulo a a reng: “Yesu . . . [o] beilwe moperisiti eo mogolo ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke,” le a a reng, “[Ke] eo o dutseñ kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ga setulō sa bogosi sa Borèna kwa magodimoñ.” (Seka. 6:12, 13; Baheb. 6:20; 8:1) Ka gone boperofeti joo bo lebisa go “Letlhogèlè” jaaka Moperesiti yo Mogolo le Kgosi e e kafa letsogong le legolo la Modimo kwa magodimong, fa ka nako e e tshwanang e bolela fa Jehofa e le Mmusi yo Mogolo wa sengwe le sengwe: “Me Yehofa o tla nna kgosi ea lehatshe yeotlhe; mo motlheñ ouō Yehofa o tla nna moñwe hèla, le leina ya gagwè leñwe hèla.”—Seka. 14:9.
26. Sekaria o bua ka ‘motlha’ ofe o o galalelang kgapetsakgapetsa?
26 Fa moperofeti yoo a bua ka nako eo, o boeletsa mafoko a a reng “mo motlheñ ouō” makgetlo a le 20, mme ebile o digela boperofeti jwa gagwe ka one. Fa go dirisiwa gantsi ga mafoko ao go tlhatlhobisiwa go supa fa e le letsatsi le Jehofa o tla nyeletsang maina a medimo ya disetwa a bo a tlose baperofeti ba maaka ka bone. (13:2, 4) Ke letsatsi la fa Jehofa a tla bo a tlhabana le merafe e e mo gakaletseng a bo a dira gore go nne le tlhakatlhakano mo batshwaramarapong ba yone jaaka a ba nyeletsa a bo a dira ‘mokgatšha ka dithaba tsa gagwe’ gore e nne botshabelo jwa batho ba gagwe. (14:1-5, 13; 12:8, 9) Ee, “Yehofa Modimo oa bōnè o tla ba boloka mo motlheñ ouō yaka lecomane ya batho ba gagwè,” mme ba tla bitsanya ba le kafa tlase ga setlhare sa mofine le setlhare sa mofeige. (Seka. 9:16; 3:10; Mika 4:4) Ke letsatsi le le galalelang le Jehofa wa masomosomo o “tla nna[ng] mo gare ga” batho ba gagwe le fa “metse a a tshedileñ a tla cwa mo Yerusalema.” Mafoko ano a ga Sekaria a supa fa ditiragalo tsa “mo motlheñ ouō” e le diketapele tsa “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha” tsa tsholofetso ya Bogosi.—Seka. 2:11; 14:8; Tshen. 21:1-3; 22:1.
27. Boperofeti jwa ga Sekaria bo tlhokomedisa go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa jang?
27 “E mañ eo o nyaditseñ motlha oa dilō tse di pōtlana?” go botsa Jehofa. Bonang! Lefatshe lotlhe fela le tla tlhogonolofala: ‘Batho ba le bantsi le merafe e e thata e tla tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema, mme batho ba le some ba ba tswang mo merafeng ya dipuo tsotlhe ba tla tshwara lekoje la monna yo e leng Mojuda, mme ba re: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” “Mo motlheñ ouō” le eleng ditloloko tsa pitse di tla kwalwa mafoko a a reng “BOITSHÈPÈLŌ YEHOFA.” Go ka re solegela molemo fela thata go akanyetsa boperofeti jo bo omosang pelo jono, ka gonne bo bontsha gore leina la ga Jehofa le tla itshepisiwa eleruri ka Losika lwa Bogosi!—Seka. 4:10; 8:22, 23; 14:20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 531, 1136.
b Encyclopaedia Judaica, 1973, Bol. 4, kol. 828; Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 1080-1.