Go Kgaratlha ka Ntlha ya Dikgang Tse di Molemo Kwa Thesalonika
Thesalonika e gompieno e itsegeng e le Thessaloníki kgotsa Salonika, ke motse o o humileng o o mo boemakepeng kwa bokonebotlhaba jwa Gerika. Motse ono o nnile le seabe se segolo mo dilong tse di diragetseng mo nakong ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga segolobogolo mo bodireding jwa ga Paulo, moaposetoloi wa Mokeresete mo ditšhabeng.—DITIRO 9:15; BAROMA 11:13.
MO E ka nnang ka ngwaga wa 50 C.E., Paulo le Silase ba ba neng ba tsamaya mmogo ba ne ba goroga kwa Thesalonika. Ba ne ba le mo loetong lwa ga Paulo lwa bobedi lwa borongwa, lekgetlho la ntlha ba tlisa dikgang tse di molemo ka ga Keresete mo go se gompieno se bidiwang Yuropa.
Ga go pelaelo gore fa ba goroga kwa Thesalonika ba ne ba sa ntse ba gopola kafa ba neng ba itewa ka gone le go isiwa kgolegelong kwa Filipi, motsemogolo wa Makedonia. Tota e bile, moragonyana Paulo o ne a bolelela Bathesalonika gore fa a ne a ba etela, o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.” (1 Bathesalonika 2:1, 2) A dilo di ne di tla ba tsamaela sentle kwa Thesalonika? Go ne go tla diregang fa ba rera mo motseng ono? A go ne go tla nna le matswela? Sa ntlha, mma re sekaseke motse ono wa bogologolo ka boone.
Motse o o Nang le Hisitori E e Sa Iketlang
Tota leina Thesalonika, le le tswang mo mafokong a mabedi a Segerika a a kayang “Ba-Thessaly” le “phenyo” le kaya go kgaratlha le go lwa. Go dumelwa gore ka 352 B.C.E., Kgosi Philip II wa kwa Makedonia, rraagwe Alexander yo Mogolo, o ne a fenya lotso longwe kwa bogare jwa Gerika kwa Thessaly. Ga twe e le gore a nne a gopola phenyo eo, o ne a naya mongwe wa bomorwadie leina la Thessalonice, yo o neng a nyalwa ke Cassander, motlhatlhami wa ga Alexander, kgaitsadie Thessalonice. Mo e ka nnang ka 315 B.C.E., Cassander o ne a aga motse kwa bophirima jwa Sekasetlhaketlhake sa Chalcidice a bo a o bitsa ka leina la mosadi wa gagwe. Mo hisitoring ya yone e e sa iketlang, Thesalonika e ne ya nna le dintwa tse dintsi.
Gape Thesalonika e ne e le motse o o humileng. E ne e na le lengwe la mafelo a mantle a boemakepe a a sa agiwang kwa Lewatleng la Aegean. Mo motlheng wa Baroma, e ne e le mo tseleng e kgolo e e itsegeng thata ya Via Egnatia. Thesalonika e ne ya nna lengwe la mafelo a Mmusomogolo wa Roma o neng o dira kgwebo le batho ba bangwe kwa go lone ka go bo e ne e agilwe gaufi le lewatle le ditsela tse dikgolo. Ka dingwaga di le dintsi, Ba-Goth, Ba-Slovenia, Ba-Frank, Ba-Venice le Ba-Turkey ba ne ba batla go gapa motse ono o o humileng. Bangwe ba bone ba ne ba fenya motse oo ka dikgoka le ka go bolaya batho. Le fa go ntse jalo, mma gone jaanong re tlhome mogopolo mo loetong lwa ga Paulo, fa a ne a simolola go kgaratlha ka ntlha ya dikgang tse di molemo.
Paulo o Goroga Kwa Thesalonika
Gantsi fa Paulo a goroga kwa motseng o mongwe o ne a bua pele le Bajuda ka gonne ba ne ba itse Dikwalo e bile o ne a ka di dirisa go tlotla le bone ka tsone le go ba thusa go tlhaloganya dikgang tse di molemo. Mokanoki mongwe a re gongwe tlwaelo eo ya ga Paulo e ne e bontsha gore o ne a amega ka batho ba gaabo kgotsa maiteko a go dira gore Bajuda le batho ba ba boifang Modimo e nne tsela ya go simolola tiro ya gagwe mo gare ga Baditšhaba.—Ditiro 17:2-4.
Ka jalo, fa Paulo a ne a goroga kwa Thesalonika o ne a tsena pele kwa sinagogeng kwa a neng a “bontsha [Bajuda] mabaka go tswa mo Dikwalong, a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing, a re: ‘Yono ke Keresete, Jesu yono yo ke lo mo itsiseng phatlalatsa.’”—Ditiro 17:2, 3, 10.
Se Paulo a neng a bua ka sone—seabe sa ga Mesia le gore e ne e le mang—e ne e le kgang ya moruthutha. Kgopolo ya gore Mesia o ne a boga e ne e sa tshwane le e Bajuda ba neng ba na le yone ka Mesia yo go ya ka bone a neng a tla ba golola. Paulo o ne a fitlhelela dipelo tsa Bajuda ka go “bontsha mabaka” “a tlhalosa” le go “ntsha bosupi ka go nopola” Dikwalo—bokgoni jwa morutisi yo o nang le matswela.a Mme batho ba ba neng ba reeditse Paulo ba ne ba itshwara jang fa a ba ruta dilo tseno tse di molemo?
Ba Nnile le Matswela mo Bodireding Jwa Bone Le fa Ba ne Ba Lebana le Mathata
Bangwe ba Bajuda le basokologi ba bantsi ba Bagerika mmogo le “basadi ba bagolo ba bantsinyana,” ba ne ba amogela molaetsa wa ga Paulo. Polelwana e e reng “basadi ba bagolo” e a tshwanela segolobogolo ka gonne kwa Makedonia basadi ba ne ba nna le maemo a kwa godimo mo setšhabeng. Ba ne ba dira ditiro dingwe mo pusong, ba nna le ditsha, ditshiamelo dingwe mo setšhabeng le dikgwebo. Tota le difikantswe di ne di agelwa go ba tlotla. Fela jaaka Lidia wa kwa Filipi e bong mosadi yo o neng a na le kgwebo a ne a amogela dikgang tse di molemo, basadi ba bangwe ba ba nang le maemo gongwe ba ba tswang mo malapeng a a humileng kgotsa e le basadi ba baagi ba ba itsegeng ba kwa Thesalonika le bone ba ne ba di amogela.—Ditiro 16:14, 15; 17:4.
Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba nna le lefufa. Ba ne ba phutha “banna bangwe ba ba boikepo ba ditshwakga tsa kwa marekisetsong mme ba bopa segopa sa batho ba bo ba simolola go feretlha motse.” (Ditiro 17:5) Banna bano e ne e le batho ba mofuta mang? Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a re e ne e le “matagwa le batho ba ba se nang mosola.” O ne a oketsa jaana: “Go lebega ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa wa ga Paulo; mme fela jaaka digopa tse dingwe ba ne ba gakatsega motlhofo e bile ba tlhotlheletsega go dira ditiro dipe fela tsa thubakanyo.”
Segopa seo sa batho se ne sa “tlhasela ntlo ya ga Jasone [yo o neng a amogetse Paulo] ba bo ba batla gore ba ntshediwe kwa segopeng sa batho.” Fa ba sa fitlhele Paulo, ba ne ba ya kwa babusing ba bagolo ba motse. Ka jalo “ba gogagogela Jasone le bakaulengwe bangwe kwa babusing ba motse, ba goa ba re: ‘Banna bano ba ba pitikolotseng lefatshe le le nang le banni ba gone le fano.’”—Ditiro 17:5, 6.
E re ka Thesalonika e ne e le motsemogolo wa Makedonia, e ne e sa busiwe ke dinaga tse dingwe ka botlalo. Karolo ya puso ya yone e e neng e sa busiwe ke dinaga tse dingwe e ne e le setlhopha sa batho kgotsa kgotla ya baagi e e neng e tlhokomela dikgang tsa selegae. ‘Babusi ba motse’b e ne e le balaodi ba bagolo ba ba neng ba na le maikarabelo a go tlhokomela gore dilo di tsamaya sentle le go tlosa maemo a a neng a ka dira gore Baroma ba tsenelele ba bo ba tsaya ditshiamelo tse motse o neng o na le tsone. Babusi ba motse ba ne ba tla tshwenngwa ke go utlwa gore batho bano ba go tsewang gore ba baka mathata ba tla kgoreletsa kagiso ya setšhaba.
Jaanong ba ne ba latofadiwa ka tatofatso e e masisi: “Banna bano botlhe ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara, ba re go na le kgosi e nngwe, e bong Jesu.” (Ditiro 17:7) Buka nngwe ya re seno se ne se kaya “boepapuso le botsuolodi” kgatlhanong le babusibagolo ba “ba neng ba ka se ka ba letla gore go umakwe kwantle ga tetla ya bone leina la kgosi [e nngwe] mo go epe ya diporofense tse di gapilweng.” Gape lebaka la go bo Jesu, yo Paulo a neng a re ke Kgosi, a ne a bolawa ke balaodi ba Baroma ka ntlha ya tatofatso ya boepapuso, le ne la dira gore tatofatso e ba neng ba latofadiwa ka yone e lebege e le boammaaruri.—Luke 23:2.
Babusi ba motse ba ne ba galefile. Mme e re ka go ne go se na bosupi jo bo tlhomameng e bile balatofadiwa ba sa bonwe, “fa ba sena go tsaya pele madi a go letela tsheko kwa ntle a a lekaneng mo go Jasone le ba bangwe, ba ba lesa ba tsamaya.” (Ditiro 17:8, 9) Thulaganyo eno e ka tswa e ne e kaya madi a a ntshiwang a ka one Jasone le Bakeresete ba bangwe ba neng ba tlhomamisa gore Paulo o ne a tla tswa mo motseng le gore o ne a ka se ka a boa go tla go baka mathata gape. Gongwe Paulo o ne a bua ka tiragalo eno fa a ne a re “Satane o ne a ema tselana ya [gagwe] pele” a bo a mo itsa go tsena mo motseng.—1 Bathesalonika 2:18.
Ka ntlha ya boemo jono, Paulo le Silase ba ne ba ntshiwa bosigo gore ba ye kwa Berea. Le kwa Berea Paulo o ne a nna le matswela mo bodireding, le fa go ntse jalo, seno se ne sa galefisa baganetsi ba gagwe ba Bajuda ba kwa Thesalonika mo ba neng ba tsaya loeto lwa dikilometara di le 80 go ya kwa Berea go ya go gakatsa batho le go dira gore ba ba ganetse. Go ise go ye kae, Paulo o ne a boa a tsena mo loetong a ya kwa Athena, le fa go ntse jalo go kgaratlha ka ntlha ya dikgang tse di molemo go ne go tla tswelela.—Ditiro 17:10-14.
Dikgwetlho Tse Phuthego e Ntšha e Neng ya Lebana le Tsone
Se se itumedisang ke gore go ne ga tlhomiwa phuthego kwa Thesalonika, mme kganetso e ne e se yone fela kgwetlho e Bakeresete ba koo ba neng ba lebana le yone. Ba ne ba nna mo gare ga batho ba baheitane ba ba se nang boitsholo jo bo siameng mme seo se ne sa dira gore Paulo a tshwenyege. Go ne go tla diregang ka bakaulengwe ba gagwe?—1 Bathesalonika 2:17; 3:1, 2, 5.
Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba itse gore fa ba ne ba kgaotsa go dira ditiro tsa bodumedi le tsa setšhaba mo motseng, batho ba e neng e le ditsala tsa bone ba ne ba tla ba galefela. (Johane 17:14) Mo godimo ga moo, Thesalonika e ne e tletse mafelo a a boitshepo a medimo ya kwa Gerika e e jaaka Seuse, Aretemise le Apolose le mengwe ya medimo ya kwa Egepeto. Go obamela babusibagolo go ne go tlwaelegile e bile baagi botlhe ba ne ba tshwanetse go latela meetlo ya kobamelo eo. Fa motho a ne a ka gana go nna le seabe mo go yone seo se ne se ka tsewa e le go tsuologela Roma.
Kobamelo ya medingwana e ne e dira gore batho ba tshele botshelo jo bo sa siamang. Cabirus, modingwana wa tshireletso wa kwa Thesalonika; Dionysus le Aphrodite; le Isis wa kwa Egepeto yotlhe ke medingwana e kobamelo ya yone e neng e tshwana ka sengwe: meletlo e mo go yone go neng go tlhakanelwa dikobo e bile go tlhapelwa. Go ne go tletse bonyatsi le go gweba ka mmele. Batho ba ne ba tsaya kgokafalo e se boleo. Ba ne ba tlhotlhelediwa ke setso sa Baroma, se mo go sone, go ya ka buka nngwe, “banna le basadi ba le bantsi mo motseng ba neng ba kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe e baagi ba neng ba na le yone—mme dingaka di ne di gakolola gore dikeletso tseo di ne di sa tshwanela go lwantshiwa.” Go a utlwala go bo Paulo a ne a gakolola Bakeresete gore ba “ithibe mo kgokafalong” le go tila go ‘eletsa tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha’ le “boitshekologo.”—1 Bathesalonika 4:3-8.
Ba ne Ba Fenya
Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba tshwanelwa ke go iketleeletsa go lwa ntwa ya tumelo. Mme le fa ba ne ba bogisiwa, ba lebana le mathata e bile ba nna mo lefelong la boheitane le boitsholo jo bo sa siamang, Paulo o ne a ba akgolela ‘tiro ya bone ya go nna le tumelo, tiro ya bone ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa bone,’ mmogo le go nna le seabe ga bone mo go anamiseng dikgang tse di molemo gaufi le kgakala.—1 Bathesalonika 1:3, 8.
Ka 303 C.E., Mmusomogolo wa Roma o ne wa bogisa setlhogo batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete. Motlhotlheletsi yo mogolo e ne e le Kaesara Galerius yo o neng a nna kwa Thesalonika e bile a agile dikago tse dikgolo mo go yone. Mangwe a marope a tsone a sa ntse a le teng gore bajanala ba a bone.
Gompieno Basupi ba ga Jehofa kwa Thessaloníki ba rerela baagelani ba bone, gantsi ba eme fa pele ga dikago tseo tse di agilweng ke mmaba yoo yo o setlhogo wa Bokeresete. Le fa go ne go na le dinako tse ka tsone tiro ya bone ya go rera e neng e ganediwa mo go setlhogo mo lekgolong la bo20 la dingwaga, gone jaanong go na le diphuthego di le 60 tsa Basupi ba ba tlhagafetseng mo motseng ono. Matsapa a ba a tsereng a bontsha gore go kgaratlhela go anamisa dikgang tse di molemo mo go neng ga simolola makgolokgolo a dingwaga a a fetileng go sa ntse go tswelela e bile go a atlega.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Paulo a ka tswa a ne a dirisa se gompieno e leng Pesalema 22:7; 69:21; Isaia 50:6; 53:2-7; le Daniele 9:26.
b Lereo leno le ne le seyo mo dibukeng tsa Segerika. Le fa go ntse jalo, mekwalo e e nang le lereo leno e fitlhetswe kwa lefelong le e neng e le Thesalonika, e mengwe ya yone e leng ya lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., e e tlhomamisang pego ya Ditiro.
[Mmapa mo go tsebe 18]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Via Egnatia
MAKEDONIA
Filipi
Amfipolisa
Thesalonika
Berea
THESSALY
Lewatle la Aegean
ATHENA
[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]
Fa Godimo: Thessaloníki gompieno
Ka fa tlase: lefelo la metshameko le lefelo la Baroma la dibata kwa Marekisetsong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Two bottom left images: 16th Ephorate of Prehistoric and Classical Antiquities, copyright Hellenic Ministry of Culture and Tourism
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Moago o o sediko gaufi le Kgoro ya Galerius; setshwantsho sa ga Kaesara Galerius; go rera gaufi le Kgoro ya Galerius
[Motswedi wa Setshwantsho]
Middle image: Thessalonica Archaeological Museum, copyright Hellenic Ministry of Culture and Tourism
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Head medallion: © Bibliothèque nationale de France; stone inscription: Thessalonica Archaeological Museum, copyright Hellenic Ministry of Culture and Tourism