Buka ya Bibela ya bo 7—Baatlhodi
Mokwadi: Samuele
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Iseraele
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1100 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 1450–mo e ka nnang ka 1120 B.C.E.
1. Nako e go neng go laola baatlhodi ka yone e itsege ka eng?
SENO ke polelo ya hisitori ya Iseraele e e bolelang ditiragalo tse dintsi, tse mo go tsone batho ba Modimo ba neng ba etla ba itsenya bodimona mme ba tlelwe ke matlhotlhapelo go tswa foo e bo e bua ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa go golola batho ba gagwe ba ba ikotlhaileng ka baatlhodi ba ba tlhomilweng ke Modimo. Ditiro tse dikgolo tse di dirilweng ke Otheniele, Ehude le Shamegare, le baatlhodi ba bangwe ba ba neng ba latela, di nonotsha tumelo eleruri. Jaaka mokwadi wa lokwalo lwa Bahebera a bolela: “Ke tla tlhaèlwa ke lobaka ha ke bolèla kaga Gideone, le Barake, le Samesone, le Yefethe, . . . Ba e rileñ ka tumèlō ba henya magosi, ba diha tshiamō, . . . E rile ba le bokōa ba thatahadiwa, ba nna dinatla mo ntweñ, ba lèlèka dintwa tsa dichaba tsa baeñ.” (Baheb. 11:32-34) Fa re ka bua palo yotlhe ya baatlhodi botlhe ba ba 12 ba ba ikanyegang ba nako eno, re ka akaretsa le Tola, Jaire, Ibesane, Elona, le Abadona. (Gantsi Samuele ga a balelwe le baatlhodi bano.) Jehofa o ne a tlhabanela baatlhodi bano mo dintweng tsa bone, mme ba ne ba nna le moya wa gagwe jaaka ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa bopelokgale. Ba ne ba naya Modimo wa bone tlotlo yotlhe le kgalalelo.
2. Leina la Sehebera la buka ya Baatlhodi le tshwanela ka tsela efe?
2 Mo go Septuagint buka eno e bidiwa Kri·taiʹ, mme mo Bibeleng ya Sebebera, ke Sho·phetimʹ eleng leina leo le ranolwang ka go re “Baatlhodi.” Sho·phetimʹ le tswa mo lediring sha·phatʹ, le le rayang “go atlhola, go tlotlomatsa, go otlhaya, go laola,” mafoko ao a tlhalosang sentle tiro ya batho bano ba ba tlhomilweng ka tsela ya bolegodimo ba “Modimo Moatlhodi oa botlhe.” (Baheb. 12:23) Banna bao e ne e le batho ba ba tlhomilweng ke Jehofa ka dipaka tse di rileng go golola batho ba gagwe mo botshwarong jwa merafe e sele.
3. Buka ya Baatlhodi e ne ya kwalwa leng?
3 Buka ya Baatlhodi e kwadilwe leng? Ditshetla di le pedi mo bukeng eno di re thusa go bona karabo. Ya ntlha ke eno: “Me Bayebusa ba sa le ba aga . . . mo Yerusalema, nakō e sa le eno.” (Baatlh. 1:21) Ereka Kgosi Dafide a ne a gapa “kagō e e thata ea Siona” mo Bajebuseng ka ngwaga wa borobabobedi wa puso ya gagwe, kana ka 1070 B.C.E., buka Baatlhodi e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa pele ga ngwaga oo. (2 Sam. 5:4-7) Tshetla eno ya bobedi e tlhaga makgetlo a le manè: “Me mo metlheñ euō go no go sena kgosi mo Iseraela.” (Baatlh. 17:6; 18:1; 19:1; 21:25) Ka gone, rekoto eo e ne ya kwalwa ka nako ya fa go ne go na le “kgosi mo Iseraele,” ke gore, morago ga Saulo a sena go nna kgosi ya ntlha ka 1117 B.C.E. Ka gone, e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa gareng ga 1117 le 1070 B.C.E.
4. Ke mang yo o neng a kwala buka ya Baatlhodi?
4 E kwadilwe ke mang? Kwantle ga pelaelo, e ne e le motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa. Samuele ke ene yo o tlhomologang jaaka mmueledi yo mogolo wa kobamelo ya ga Jehofa ka nako eno e baatlhodi ba neng ba sa tlhole ba laola mme jaanong go busa dikgosi, ebile gape ke ene wa ntlha mo tlhatlhamanong ya baperofeti ba ba ikanyegang. Ka jalo, Samuele ke ene yo go utlwalang gore o ne a ka kwala rekoto ya hisitori ya baatlhodi.
5. Go ka dirwa jang gore go bonwe lobaka lo buka ya Baatlhodi e kwadilweng mo go lone?
5 Buka ya Baatlhodi e kwadilwe mo lobakeng lo lo kana kang? Lobaka lono lo lekanyediwa ka se se bolelwang ke 1 Dikgosi 6:1, eo e bontshang gore Solomone o ne a simolola go aga ntlo ya ga Jehofa mo ngwageng wa bonè wa puso ya gagwe, oo gape e neng e le “ñwaga oa makgolo a le manè le bohèra mebedi, baba ba Iseraela ba sena go cwa kwa Egepeto.” (Ereka palo ya bo “makgolo a le manè le bohèra mebedi” e le palo e e supang lobaka lo lo tserweng ke tiragalo, e emela dingwaga tse 479 tse di tletseng.) Dipaka tse di itsiweng tsa dingwaga tseno tse di 479 ke dingwaga tse 40 tsa fa ba ne ba eteletswe pele ke Moshe mo nageng (Dute. 8:2), dingwaga tse 40 tsa puso ya ga Saulo (Dit. 13:21), dingwaga tse 40 tsa puso ya ga Dafide (2 Sam. 5:4, 5), le dingwaga tsa ntlha tse tharo tse di tletseng tsa puso ya ga Solomone. Fa re ntsha palogotlhe ya dingwaga tse 123 tseno mo dingwageng tse 479 tsa 1 Dikgosi 6:1, go sala dingwaga tse 356 tsa lobaka lwa gareng ga go tsena ga Baiseraele mo Kanana le go simolola go busa ga ga Saulo.a Ditiragalo tse di kwadilweng mo bukeng ya Baatlhodi, tseo di simololang fa Joshue a tlhokafala go ya go fitlha mo motlheng wa ga Samuele, ke dingwaga tse di ka nnang 330 tsa dingwaga tse 356 tseno.
6. Ke eng se se supang gore se buka ya Baatlhodi e se buang se boammaaruri?
6 Ga go na pelaelo gore se se buiwang mo go Baatlhodi se boammaaruri. Bajuda ba nnile ba e tsaya jaaka karolo ya Dikwalo tsa Bibela. Bakwadi ba Dikwalo tsa Sehebera le tsa Bokeresete tsa Segerika ba ile ba tsopola dilo dingwe mo rekotong ya yone, jaaka mo go Pesalema 83:9-18; Isaia 9:4; 10:26; le Bahebera 11:32-34. Ka mo go utlwalang sentle, ga e fitlhe sepe kaga ditlhaelo tsa Baiseraele le go koafala ga bone mo tumelong, fa ka nako e e tshwanang e tlotlomatsa bopelonomi jwa lorato jo bo senang selekanyo jwa ga Jehofa. Ke Jehofa, mme eseng moatlhodi ope wa motho fela, yo o newang kgalalelo ya gore ke ene Mogolodi wa Iseraele.
7. (a) Dilo tse di bonweng ke bafatolodi di tshegetsa rekoto ya Baatlhodi jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Jehofa ka tshwanelo a ne a nyeletsa baobamedi ba ga Baale?
7 Mo godimo ga moo, diphatololo tsa baithutamarope di ema nokeng gore se se bolelwang ke Baatlhodi ke sa mmannete. Selo se se kgatlhisang go di feta tsotlhe ke tlhaloso e di e nayang ka bodumedi jwa Baale jwa Bakanana. Kwantle ga se se bolelwang ke Bibela, go ne go sa itsiwe sepe ka kobamelo ya Baale go fitlhela motse wa bogologolo wa Bakanana wa Ugarit (Ras Shamra wa segompieno o o mo lotshitshing lwa Syria bolebagana le kgaolo e e kwa borwabotlhaba ya setlhaketlhake sa Cyprus) o epololwa, go simolola ka 1929. Mono, go ne ga senolwa fa bodumedi jwa Baale bo ne bo remeletse thata mo dilong tse di bonalang, mo bomorafeng jo bogolo, le mo kobamelong ya tlhakanelodikobo. Go bonala motse mongwe le mongwe wa Kanana o ne o na le tempele ya one ya ga Baale mmogo le dikago tsa kobamelo tse di neng di itsiwe jaaka mafelo a a tlotlometseng. Mo teng ga mafelo ano a kobamelo, go ka nna ga bo go ne go na le ditshwantsho tsa ga Baale, mme go bapa le dibeso tse di ka kwa ntle go ne go na le dipilara tsa mantswe—gongwe e le ditshwantsho tsa ga Baale tsa lepele. Mafelo ano a kobamelo a ne a tladikilwe ka madi a ditlhabelo tsa batho tse di ferosang sebete. Fa Baiseraele ba sena go leswafadiwa ke kobamelo ya ga Baale, le bone ka go tshwana ba ne ba isa bomorwaabone le bomorwaadiabone ditlhabelo. (Yer. 32:35) Go ne go na le modimako o o neng o emela mmaagwe Baale, ebong Ashera. Modimo wa sesadi wa tsalo, Ashetoretha, eleng mosadi wa ga Baale, o ne a obamelwa ka dingwaokobamelo tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo, banna le basadi ba dirwa diaka tsa tempele tse di “boitshepo.” Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a laola gore kobamelo ya ga Baale e nyelediwe mmogo le baobamedi ba gagwe ba sephologolo. “Leitlhō ya gago a le se ba utlwèlè botlhoko: le gōna u se ka ua dihèla medimo ea bōnè.”—Dute. 7:16.b
SE SE LENG MO GO BAATLHODI
8. Buka ya Baatlhodi e na le dikarolo dife tse di latelelanang sentle?
8 Buka eno e na le dikarolo di le tharo tse di latelelanang sentle. Dikgaolo tsa ntlha tse pedi di tlhalosa seemo sa Baiseraele ka nako eo. Kgaolo 3 go ya go 16 di tlhalosa go golola batho ga baatlhodi ba le 12. Go tswa foo dikgaolo 17 go ya go 21 di tlhalosa ditiragalo tse di neng di amana le dikgogakgogano tsa Baiseraele ka bobone.
9. Dikgaolo tse pedi tsa ntlha tsa buka ya Baatlhodi di neela tshedimosetso efe?
9 Seemo sa Iseraele ka nako ya baatlhodi (1:1–2:23). Go tlhalosiwa ka go ya ga ditso tsa Iseraele kwa mafelong a ba abetsweng go nna mo go one. Lefa go ntse jalo, go na le go nyeletsa Bakanana gotlhelele, ba dira gore bontsi jwa bone ba dire tiro e e bokete, ba ba letlelela go nna le Baiseraele. Ka jalo moengele wa ga Jehofa o ba bolelela gore, “Ba tla nna yaka mitlwa mo ditlhakoreñ tsa lona, medimo ea bōnè le eōna e tla nna seru go lona.” (2:3) Ka gone, fa kokomana e ntšha e simologa eo e neng e sa itse Jehofa kana ditiro tsa gagwe, ka bofefo fela batho bao ba mo tlogela ba ya go direla bo Baale le medimo e mengwe. Ereka Jehofa a ba tlhasetse ka go ba utlwisa botlhoko, ba “nna mo pitlaganoñ e e botlhoko.” Ka baka la botlhogoethata jwa bone le go gana go reetsa le eleng bone baatlhodi, Jehofa ga a leleke lefa e le morafe o le mongwe fela wa merafe eo a neng a e tlogetse a dira jalo go leka Baiseraele. Ditiragalo tseno tsa ntlha di thusa gore go kgonwe go tlhaloganngwa tse di latelang.—2:15.
10. Otheniele o atlhola ka maatla a ga mang, mme ka phelelo efe?
10 Moatlhodi Otheniele (3:1-11). Fa bana ba Iseraele ba ne ba le mo tlalelong ka baka la go tshwarwa ke Bakanana, ba simolola go kopa thuso kwa go Jehofa. Santlha o ba tlhomela Otheniele jaaka moatlhodi. A Otheniele o atlhola ka maatla a motho le botlhale? Nnyaa, ka gonne re bala jaana: “Me mōea oa ga Yehofa oa tla mo go èna” gore a kgone go fenya baba ba Baiseraele. “Me lehatshe ya bōna boikhucō ka dinyaga di le mashomè manè.”—3:10, 11.
11. Jehofa o dirisa Ehude jang go golola Baiseraele?
11 Moatlhodi Ehude (3:12-30). Fa bana ba Iseraele ba sena go busiwa ke kgosi Egelona wa Moaba ka dingwaga di le 18, Jehofa gape o reetsa selelo sa bone sa go kopa thuso, mme o ba tlhomela Moatlhodi Ehude. Fa a sena go letlelelwa go buela le kgosi eo kwa bothokong, Ehude yo o ntsogotlho o phamola tšhaka ya gagwe eo a e itiretseng kafa tlase ga seaparo sa gagwe a bo a bolaya Egelona ka go sotlhometsa tšhaka ya gagwe mo mpeng e e mafura ya ga Egelona. Baiseraele ba boa gape ba tshwaragana le Ehude fa a tlhabana le Bamoaba, mme Modimo o boa a naya lefatshe leo boikhutso gape, ka dingwaga di le 80.
12. Ke eng se se bontshang gore Shamegare o fenya ka maatla a Modimo?
12 Moatlhodi Shamegare (3:31). Shamegare o boloka Baiseraele ka go bolaya Bafilisitia ba le 600. Gore phenyo eo e ne e le ya maatla a ga Jehofa go supiwa ke sebetsa seo a neng a se dirisa—lore lo lo kgweetsang dikgomo.
13. Ke ditiragalo dife tse dikgolo tse di fitlhang kwa setlhoeng sa tsone ka pina e e neng ya opelwa ke Barake le Debora?
13 Moatlhodi Barake (4:1–5:31). Morago ga moo Baiseraele ba busiwa ke kgosi Jabine wa Mokanana le mogolwane wa masole a gagwe, ebong Sisere, yo o ikgantshang fa a na le dikara tsa ntwa di le 900 le dikgetli tsa ditshipi. Fa Baiseraele ba boela gape ba ikuela kwa go Jehofa, O ba tlhomela Moatlhodi Barake, yo o neng a engwe nokeng ka botlalo ke moperofeti wa sesadi Debora. Gore Barake le masole a gagwe ba seka ba ikgantsha ka sepe, Debora o ba itsise gore tlhabano e tla bo e laolwa ke Jehofa, mme o perofesa ka go re: “Yehofa o tla rekisetsa Sisere mo seatleñ sa mosadi.” (4:9) Barake o phuthela banna ba Nafetali le Sebulona kwa Thabeng ya Tabora. Go tswa foo, masole a gagwe a a 10 000 a fologela kwa tlase go ya go tlhabana. Ba na le tumelo e e tiileng mo letsatsing leo. ‘Jehofa o simolola go tlhakatlhakanya Sisere le dikara tsotlhe tsa gagwe tsa ntwa le masole a gagwe otlhe,’ a ba baya mo tlalelong ka go lere morwalela ka tshoganetso kwa mokgatšheng wa Kishone. “Ga goa ka ga sala moth[o] opè.” (4:15, 16) Jaele, mosadi wa ga Hebere wa Mokena, yoo Sisere o tshabelang kwa mogopeng wa gagwe, o feleletsa polao eo ka go kokotela tlhogo ya ga Sisere fa fatshe ka lomapo lwa mogope. “Yalo Modimo oa henya Yabine.” (4:23) Debora le Barake ba kgana ka go opela pina, ba tlotlomatsa maatla a a sa kakeng a fenngwa a ga Jehofa, yo o dirileng gore le eleng dinaledi di tlhabane le Sisere di le mo ditseleng tsa tsone. Eleruri, ke nako ya go ‘baka Jehofa’! (5:2) Morago ga moo ba nna mo kagisong ka dingwaga di le 40.
14, 15. Ke sesupo sefe se Gideone a se amogelang se se supang gore Jehofa o na nae, mme kemonokeng eno e gatelelwa jang gape mo phenyong ya bofelo ya Bamidiana?
14 Moatlhodi Gideone (6:1–9:57). Gape bana ba Iseraele ba dira se se bosula, mme lefatshe leo le senngwa ke Bamidiana fa ba le tlhasela. Jehofa, ka moengele wa gagwe, o rwesa Gideone tiro ya boatlhodi, mme Jehofa ka boene o mo tlhomamisetsa ka go bua mafoko a a reng, “Rure ke tla nna nau.” (6:16) Tiro ya ga Gideone ya ntlha ya bopelokgale ke go rutlolola sebeso sa ga Baale kwa motseng o a nnang mo go one. Masole a a kopaneng a mmaba jaanong a kgabaganyetsa mo Jesereele, mme ‘moya wa ga Jehofa o tsena mo go Gideone’ jaaka a laolela Baiseraele go ya go tlhabana. (6:34) Fa a sena go tlhotlhomisa ka go baya sesetlo mo monyong fa serepoding, Gideone o amogela sesupo se se menaganeng gabedi sa gore Modimo o na nae.
15 Jehofa o bolelela Gideone gore masole a gagwe a a 32 000 a mantsi thata le gore palo ya one e ka dira gore batho ba ipoke gore ke bone ba ba fentseng. Ba ba boi ba busediwa gae, go sala ba le 10 000 fela. (Baatlh. 7:3; Dute. 20:8) Go tswa foo, fa a sena go ba leka ka tsela eo ba nwang metsi ka yone, go sadisiwa ba le 300 fela ba ba thantseng le ba ba ntshitseng matlho mo dinameng. Gideone o ya go tlhola masole a a thibeletseng a Bamidiana bosigo mme o tlhomamisega gape fa a utlwa monna mongwe a phutholola toro nngwe e e kayang gore “seuō, ga se sepè se sele ha e se chaka ea ga Gideone . . . Modimo o neetse ba Midiana le ntwa eotlhe mo seatleñ sa gagwè.” (Baatlh. 7:14) Gideone o obamela Modimo mme go tswa foo a bo a tlhoma banna ba gagwe ka matsholo a le mararo go dikologa bothibelelo jwa Bamidiana. Tshisibalo ya bosigo joo e kgaosediwa ka tshoganetso ke go lediwa ga dinaka, go phatlakanngwa ga digo tse dikgolo tsa metsi, lesedi la dipone, le ke loshalaba lwa batho ba ba 300 ba ga Gideone ba re, “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gideona!” (7:20) Masole ao a baba a tsena mo pheretlhegong. Banna bao ba a tlhabantshanya mme morago baa tshaba. Baiseraele baa ba leleka, ba ba ganyaola ba bo ba bolaya dikgosana tsa bone. Batho ba Iseraele jaanong ba kopa Gideone gore a ba buse, mme o a gana, a bolela ka go re, “Yehofa o tla lo busa.” (8:23) Lefa go ntse jalo, o dira sekhutlana ka dilo tse ba di thopileng kwa ntweng, seo kwa morago se tlotliwang ka mo go feteletseng mme ka gone e nna seru mo go Gideone le bantlo ya gagwe. Lefatshe leo le nna mo boikhutsong ka dingwaga di le 40 ka nako ya boatlhodi jwa ga Gideone.
16. Ke kotsi efe e e welang Abimeleke yo o neng a ipagololela mogodu ka go itira kgosi?
16 Abimeleke, mongwe wa barwa ba ga Gideone yo o neng a mo tshotse le mogadingwana wa gagwe, o itseela marapo ka go itira kgosi morago ga loso lwa ga Gideone, mme o bolaya barwarraagwe ka rraagwe ba le 70. Jothame, yo eleng morwa wa bofelo wa ga Gideone, ke ene fela yo o falolang, mme o bolela kotlhao ya ga Abimeleke a le kwa godimo ga Thaba ya Geresima. Mo setshwantshong seno sa ditlhare, o tshwantsha “bogosi” jwa ga Abimeleke le setlhatshana sa mokaikai. Mo nakong e khutshwane go nna le ditlhaselano mo Shekema mme Abimeleke o swa loso lwa matlhabisa ditlhong, a bolawa ke mosadi mongwe fa a latlhela lolwala mo go ene a le kwa toreng ya Thebesa, a thubaganya logata lwa gagwe.—Baatlh. 9:53; 2 Sam. 11:21.
17. Rekoto eno e bolela eng kaga Baatlhodi Tola le Jaire?
17 Baatlhodi Tola le Jaire (10:1-5). Bano ke bone ba morago ba neng ba golola batho ka maatla a ga Jehofa, ba atlhola ka dingwaga di le 23 le 22 ka go tlhomagana ga bone.
18. (a) Jafetha o ba golola mo go eng? (b) Ke ikano efe e Jafetha a e ikanetseng Jehofa e a e diragatsang ka boikanyegi? Jang?
18 Moatlhodi Jafetha (10:6–12:7). Fa Baiseraele ba nnela go boela mo kobamelong ya medimo ya disetwa, bogale jwa ga Jehofa bo tukela morafe oo gape. Batho jaanong ba gatelelwa ke Baamona le Bafilisitia. Jafetha o busiwa kwa botshwarwa go tla go etelela Baiseraele pele mo ntweng. Mme ke mang yo tota eleng moatlhodi mo kgannyeng eno? Mafoko a ga Jafetha ka boene a neela karabo: “Yehofa Moatlhodi, a a nnè moatlhodi gompiyeno gare ga bana ba Iseraela le bana ba Amona.” (11:27) Fa jaanong moya wa ga Jehofa o tsena mo go ene, o ikana ka go re fa a ka boa kwa Amona ka kagiso, o tla neela Jehofa ope fela yo o tla tswang mo ntlong ya gagwe a tla go mo kgatlhantsha. Jafetha o ganyaola Baamona ba le bantsi fela thata. Fa a boela kwa Misepa, morwadie ke ene yo o tlang a siane lantlha go tla go mo kgatlhantsha a itumelela go bo Jehofa a fentse. Jafetha o diragatsa ikano ya gagwe—nnyaa, eseng ka go ntsha setlhabelo sa motho mo go neng go dirwa ke baheitane go ya ka dingwaokobamelo tsa Baale, mme o ne a dira jalo ka go ntsha ene morwadie yo o esi yono go ya go baka Jehofa ka go dira tirelo e e kgethegileng kwa ntlong ya Gagwe.
19. Go diragala ditiragalo dife pele ga ba lekiwa ka go bitsa leina “Shiboletha”?
19 Jaanong banna ba Eferaime ba ngongoregela gore ba ne ba seka ba bilediwa go ya go tlhabana le Baamona, mme ba tshosetsa Jafetha, yo o patelesegang go ba leleka. Baeferaime botlhe ba a neng a ba bolaya ba ne ba le 42 000, bontsi jwa bone a ba bolaela kwa matsibogong a Joredane, koo ba lemogiwang ka go sa kgoneng ga bone go bitsa leina “Shiboletha” sentle gone. Jafetha o tswelela go atlhola mo Iseraele ka dingwaga di le thataro.—12:6.
20. Ke baatlhodi bafe ba bararo ba le bone ba umakiwang fa ba tlhomologile?
20 Baatlhodi Ibesane, Elone, Abedone (12:8-15). Lemororo go sa buiwe sepe se sentsi kaga bano, go bolelwa fa ba ile ba atlhola ka lobaka lwa dingwaga tse supa, tse di lesome, le tse di robangbobedi ka go tlhomagana ga bone.
21, 22. (a) Samesone o dira ditiro dife tse dikgolo, mme ka maatla a ga mang? (b) Samesone o fenngwa ke Bafilisitia jang? (c) Ke ditiragalo dife tse di dirang gore Samesone a dire namane e tona ya tiro, mme ke mang yo o mo gakologelwang mo nakong eno?
21 Moatlhodi Samesone (13:1–16:31). Baiseraele ba boela gape ba nna mo botshwarong jwa Bafilisitia. Mo nakong eno Jehofa o tlhoma Samesone go nna moatlhodi. Batsadi ba gagwe ba mo dira Monasara fela fa a tsholwa, mme seno se tlhoka gore moriri wa gagwe o seka wa ba wa beolwa ka logare ka gope. Fa a gola, Jehofa o a mo segofatsa, mme ‘morago ga nako moya wa ga Jehofa o simolola go mo tlhotlheletsa.’ (13:25) Sephiri sa nonofo ya gagwe ga se mo go reng o nonofile mo mmeleng mme ke maatla a a a newang ke Jehofa. O nna le maatla a go bolaya tau ka diatla fela mme morago o busolosa bonokwane jwa Bafilisitia ka go kgemetha ba le 30 ba bone fela fa ‘moya wa ga Jehofa o simolola go dira mo go ene.’ (14:6, 19) Fa Bafilisitia ba tswelela ba direla Samesone bonokwane malebana le mosetsana wa Mofilisitia yo o neng a mmeeletse, Samesone o tsaya bophokoje ba le 300 mme, fa a sena go ba gokaganya ka megatla ya bone, o gokelela dipone fa gare ga megatla ya bone a bo a ba lelekela go ya go ja masimo a mabele, a mofine, a matlhware a Bafilisitia ka molelo. Go tswa foo o ganyaola Bafilisitia ba le bantsi thata, “a ba shashanya ka polaō e kgolo.” (15:8) Bafilisitia ba tlhotlheletsa Baiseraelekaene, banna ba Juda, go golega Samesone ba bo ba mo lere kwa go bone, mme gape ‘moya wa ga Jehofa o dira mo go ene,’ mme diketane tse a bofilweng ka tsone go nna jaaka ekete di nyerologa fela mo mabogong a gagwe. Samesone o kgemetha Bafilisitia ba le sekete—“mekoakoa hèla.” (15:14-16) Sebetsa se a ba bolayang ka sone ke eng? Ke lotlhaa lo lo santseng lo le dinama lwa esela. Jehofa o lapolosa motlhanka wa gagwe yo o lapileng yoo ka go dira gore go nne le molatswana wa metsi gone ka nako eo fa lefelong la botlhabanelo.
22 Morago ga moo Samesone o ya go lala kwa ntlong ya seaka sengwe kwa Gasa, koo Bafilisitia ba nanabelelang go ya go mo dikaganyetsa gone. Lefa go ntse jalo, moya wa ga Jehofa gape o itshupa fa o na nae ka a kgona go tsoga bosigogare, a bula ditswalo tsa kgoro ya motse oo le dipale tse di mo dithoko ga tsone, a bo a di kuka motlhofo fela a ya kwa godimo ga thaba e e lebaganyeng le Heberona. Morago ga seno o ratana le senokwane se go tweng Delila. Ereka a ne a ineetse go dirisiwa ke Bafilisitia, o emelelana nae a sa mo fe boikhutso go fitlhela a mmolelela gore go ineela ga gagwe go Jehofa jaaka Monasara, jaaka go supiwa ke moriri wa gagwe o moleele, ke gone go dirang gore a bo a na le nonofo e kgolo. Fa a santse a robetse, o dira gore moriri wa gagwe o beolwe. Mo nakong eno, o ithaya matsapa fela fa a re o a tlhabana fa a sena go tsoga, ka gonne “Yehofa a mo tlogetse.” (16:20) Bafilisitia baa mo tshwara, ba mo gonya matlho, mme ba mo dira gore a nne lekgoba le le silang mo ntlong ya bone ya kgolegelo. Fa nako ya moletlo wa bone o mogolo wa go tlotla modimo wa bone Dagone e tla, Bafilisitia ba ntsha Samesone go tla go ikgatlha ka ene. Ba sa lemoge ntlha ya botlhokwa ya gore moriri wa gagwe o ne o simolotse go gola sentle gape, ba dira gore a emisiwe fa gare ga dipilara tse dikgolo tsa ntlo e go obamelelwang Dagone mo go yone. Samesone o bitsa Jehofa a re: “Ao, Yehofa Modimo, kea gu rapèla, a ko u nkgopolè, u nthatahatsè, ka lobaka lono hèla.” Jehofa o mo gakologelwa eleruri. Samesone o tshwara dipilara tseo a bo a ‘inama ka maatla’—maatla a ga Jehofa—‘mme ntlo eo ya wa mo eleng gore baswi ba a ba bolaileng ka nako ya go swa ga gagwe ba nna bantsi go feta ba a ba bolaileng fa a ne a santse a tshela.’—16:28-30.
23. Ke ditiragalo dife tse di bolelwang mo dikgaolong 17 go ya go 21, mme di ne tsa diragala leng?
23 Jaanong re tla mo go kgaolo 17 go ya go 21, tseo di tlhalosang dingwe tsa ditlhaselano tseo Baiseraele ka maswabi ba neng ba nna natso ka nako eno. Lebaka le go umakiwang ditiragalo tse di diragetseng mo nakong ya fa Jonathane le Finehase ebong ditlogolwana tsa ga Moshe le Arone ba santse ba tshedile, di supa gore di diragetse mo tshimologong fela ya nako ya bolaodi jwa baatlhodi.
24. Badana bangwe ba itlhomela bodumedi jo eleng jwa bone fela jang?
24 Mika le Badana (17:1–18:31). Mika, monna mongwe wa Moeferaime, o itlhomela bodumedi jwa gagwe ka boene, eleng “ntlo ea medimo” ya disetwa, e e neng e na le setshwantsho se se gabilweng le moperisiti wa Molefi. (17:5) Ba lotso lwa Dane ba tla go ikopela go aga mo bokone. Ba gapa dilwana tsa ga Mika tsa bodumedi le moperisiti wa gagwe, mme ba tsamaela kwa lefelong le le kgakala le le kwa bokone go ya go senya motse wa Laisha o batho ba one ba sa solofeleng tlhaselo epe. Mo boemong jwa one ba aga motse wa bone wa Dane ba bo ba tlhoma setshwantsho se se gabilweng sa ga Mika. Ka gone, ba obamela ka tsela e ba e ikgethetseng fela ka malatsi otlhe a fa ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo ya boammaaruri e ntse e le kwa Shilo.
25. Ditlhaselano tsa Baiseraele ka bobone di felela ka tiragalo efe kwa Gibea?
25 Boleo jwa ga Benjamine kwa Gibea (19:1–21:25). Tiragalo e e latelang e e kwadilweng e gakolola mafoko a Hosea a neng a a bua moragonyana a re: “Iseraela wè, e sa le ka metlha ea Gibea u nntse u leoha hèla.” (Hos. 10:9) Fa Molefi mongwe yo o tswang kwa Eferaime a ne a boela gae a na le mogadingwana wa gagwe, o lala kwa monnamogolong mongwe mo Gibea wa Benjamine. Banna bangwe ba ba diramatla ba dikaganyetsa ntlo eo, ba gatelela fa ba batla go tlhakanela dikobo le Molefi yoo. Lefa go ntse jalo, ga ba mo amogele mme ba tsaya mogadingwana wa gagwe ba bo ba tlhakanela dikobo nae ka mo go sa tshwanelang bosigo joo jotlhe. O fitlhelwa a sule fa serepoding mo mosong. Molefi yoo o tsaya serepa sa gagwe a se isa gae, o se kgaoganya ditoki di le 12, a bo a di romela gongwe le gongwe mo Iseraele. Ka gone ditso tse 12 di bewa mo tekong. A di tla otlhaya Bagibea bano mme ka go dira jalo ba phimola boitsholo jo bo sa siamang jono mo Iseraele? Babenjamine ba mpampetsa molato o o maswe ono. Ditso tse dingwe di phuthegela Jehofa mmogo kwa Misepa, koo ba swetsang ka go re ba ye go tlhabana le Babenjamine kwa Gibea morago ga ba se na go gasa bola. Morago ga go fenngwa ka phenyo e e maswe ya polao, ditso tse dingwe tseno di a atlega ka go ba iphitlhela mme ga nna gaufi gore ba nyeletse lotso lotlhelotlhe lwa Benjamine, ga falola banna ba ba 600 fela ba ba neng ba tshabela kwa logageng lwa Rimona. Moragonyana, Baiseraele ba ikotlhaela go bo lotso lo le longwe fela lwa bone lo sa tlhole lo le gone. Go bulega sebaka sa go naya Babenjamine ba ba setseng basadi mo baneng ba basetsana ba Jabesha-gileada le Shilo. Fano ke fa pego ya ditlhaselano le bosaikanyegang jwa mo Iseraele e felelang gone. Jaaka mafoko a bofelo a Baatlhodi e gatelela, “Ea re mo metlheñ euō go ne go sena kgosi mo Iseraela: motho moñwe le moñwe a diha se se siameñ mo matlhoñ a gagwè ka esi hèla.”—Baatlh. 21:25.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
26. Ke ditlhagiso dife tse di nonofileng tse di mo bukeng ya Baatlhodi tse di nang le mosola gape le mo motlheng ono?
26 Go na le go nna rekoto fela ya ditlhaselano le tshololo ya madi, buka ya Baatlhodi e tlotlomatsa Jehofa jaaka Mogolodi yo mogolo wa batho ba gagwe. E bontsha kafa boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope le bopelotelele di bontshiwang batho ba leina la gagwe fa ba tla kwa go ene ka dipelo tse di ikotlhaileng. Buka ya Baatlhodi e na le mosola fela thata ka e buelela kobamelo ya ga Jehofa a sa kgwe mathe le ka ditlhagiso tsa yone tse di maatla malebana le bosenang mosola jwa bodumedi jwa bodimona, go tswakanya ditumelo, le bokopano jwa boitsholo jo bo sa siamang. Go kgala ga ga Jehofa kobamelo ya ga Baale a menne phatla go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re emele kgakala le ditshwani tsa segompieno tsa jone eleng lorato lwa dilo tse di bonalang, bomorafe, le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—2:11-18.
27. Gompieno re ka solegelwa molemo jang ke sekao se se molemo sa baatlhodi?
27 Fa re tlhatlhobisa kafa baatlhodi ba neng ba bontsha tumelo kwantle ga poifo le ka bopelokgale ka gone re tshwanetse go tlhotlheletsega mo dipelong tsa rona gore le rona re nne le tumelo e e ntseng jalo. Ga go gakgamatse go bo ba buiwa molemo thata jaana mo go Bahebera 11:32-34! Ba ne ba tlhabanela go itshepisa leina la ga Jehofa, mme eseng ka maatla a bone. Ba ne ba itse motswedi wa maatla a bone, gore e ne e le moya wa ga Jehofa, mme ka boikokobetso ba ne ba bolela fa go ntse jalo. Ka mo go tshwanang, le rona gompieno re ka tsaya “chaka ea Mōea,” Lefoko la Modimo, re tshepile gore Modimo o tla re naya maatla jaaka a ne a dira ka Barake, Gideone, Jafetha, Samesone, le ba bangwe. Ee, fa re fenya dikgoreletsi tse dikgolo, ka thuso ya moya wa ga Jehofa, re ka nna le maatla semoyeng fela jaaka Samesone a ne a ntse senameng fela fa re rapela Jehofa mme re ikaega ka ene.—Baef. 6:17, 18; Baatlh. 16:28.
28. Buka ya Baatlhodi e lebisa jang go go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Losika lwa Bogosi mo go tla diragalang mo nakong e e tlang?
28 Moperofeti Isaia o lebisa go Baatlhodi mo mafelong a le mabedi go bontsha kafa Jehofa, ka boammaaruri, a tla robaganyang jokwe eo baba ba Gagwe ba e sikarisitseng batho ba gagwe, fela jaaka a ile a dira mo metlheng ya Bamidiana. (Isa 9:4; 10:26) Seno gape se re gakolola pina ya ga Debora le Barake, eo e felelang ka thapelo eo ba neng ba e rapela ka tlhoafalo ba re: “A baba ba gago botlhe ba shwè hèla yalo Yehofa: me ba ba mo ratañ a ba nnè yaka letsatsi ha le cwa mo thateñ ea yeōna.” (Baatlh. 5:31) Mme ba ba mo ratang bano ke bomang? Fa Jesu Keresete a ne a bontsha gore ke baruaboswa ba Bogosi, ene ka boene o ne a dirisa mafoko a a tshwanang le ao mo go Mathaio 13:43: “Hoñ basiami ba tla betlana yaka letsatsi mo bogosiñ yoa ga Rrabō.” Ka gone, buka ya Baatlhodi e lebisa pele go nako ya fa Moatlhodi yo o siameng le Losika lwa Bogosi, Jesu a tla bong a busa. Jehofa o tla lere kgalalelo le go itshepisa leina la Gagwe ka ene, tumalanong le thapelo eo mopesalema a neng a e rapela malebana le baba ba Modimo a re: “Ba dihilè yaka u dihetse Midiana; le yaka Sisere, le yaka Yabine, ha nokeñ ea Kishona . . . gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gagwe e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Pes. 83:9, 18; Baatlh. 5:20, 21.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bontsi jwa dithanolo tsa bosheng di supa gore mafoko a a mo go Ditihō 13:19 a a reng, “e ka ne e le ka lobaka loa dinyaga di le makgolo manè le mashomè matlhano” ga a tsamaisane le lobaka loo go neng go laola baatlhodi mo go lone, mme lo a lo feta; go lebega fa di ka akaretsa lobaka lwa go tsholwa ga ga Isake ka 1918 B.C.E. go ya go nako ya fa go ne go kgaoganngwa Lefatshe la Tsholofetso ka 1467 B.C.E. (Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 462) Thulaganyo eo baatlhodi ba balololwang ka yone mo go Bahebera 11:32 e farologane le e e fitlhelwang mo bukeng ya Baatlhodi, mme ntlha eno ga se gore e kaya gore ditiragalo tse di mo bukeng ya Baatlhodi ga di latelelane go ya ka dingwaga tsa tsone, ka gonne eleruri Samuele gaa ka a nna teng morago ga ga Dafide.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 228-9, 948.