Anaanela Seabe se se Tlhomologileng sa ga Jesu mo Boikaelelong Jwa Modimo
“Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”—JOH. 14:6.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go sekaseka seabe se se tlhomologileng sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo?
FA DINGWAGA di ntse di feta, batho ba le bantsi ba ile ba leka go tlhomologa gore ba farologane le batho ba ba tshelang le bone, mme ke ba se kae fela ba ba kgonneng go dira jalo. Ke ba se kae le go feta ba ba ka reng ba tlhomologile ka ditsela dingwe tsa botlhokwa, mme ba bua boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete, Morwa Modimo, o tlhomologile ka ditsela tse dintsi.
2 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go itse ka seabe sa ga Jesu se se tlhomologileng? Ka gonne go dira jalo go ama kamano ya rona le Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa! Jesu o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Joh. 14:6; 17:3) A re sekasekeng dingwe tsa ditsela tse Jesu a tlhomologileng ka tsone. Fa re dira jalo re tla anaanela seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo.
“Morwa yo o Tsetsweng a le Esi”
3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka re seabe sa ga Jesu sa go nna Morwa yo o tsetsweng a le esi se tlhomologile? (b) Seabe sa ga Jesu mo popong se ne se tlhomologile ka tsela efe?
3 Jesu ga se morwa fela wa Modimo. Fa Satane a ne a raela Jesu o ne a mmitsa “morwa Modimo.” (Math. 4:3, 6) Go a tshwanela go bo Jesu a bidiwa “morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.” (Joh. 3:16, 18) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “tsetsweng a le esi” le ile la tlhalosiwa go twe le kaya “sengwe sa mofuta wa sone fela, se e leng sone se le sosi,” “yo e leng ene fela wa losika lwa gagwe,” kgotsa “yo o tlhomologileng.” Jehofa o na le barwa ba semoya ba le dimilionemilione. Ka jalo, ke eng fa go twe Jesu ke ene fela “wa losika lwa gagwe”?
4 Jesu o tlhomologile ka gonne ke ene fela a bopilweng ke Rraagwe ka tlhamalalo. Ke Morwa wa motsalwapele. E bile tota, ke “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakol. 1:15) Ke ene “tshimologo ya popo ka Modimo.” (Tshen. 3:14) Seabe se Morwa yo o tsetsweng a le esi a nnileng le sone mo popong le sone se tlhomologile. E ne e se Mmopi, kgotsa Mosimolodi wa popo. Mme Jehofa o ne a mo dirisa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. (Bala Johane 1:3.) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re leng ba gagwe; e bile go na le Morena a le mongwe, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di leng ka ene, le rona ka ene.”—1 Bakor. 8:6.
5. Dikwalo di bontsha jang gore Jesu o tlhomologile?
5 Le fa go ntse jalo, Jesu o tlhomologile ka ditsela tse dingwe tse dintsi. Dikwalo di mmitsa ka direto kgotsa maina a mantsi a a bontshang seabe sa gagwe se se tlhomologileng mo boikaelelong jwa Modimo. Jaanong a re sekasekeng maina a mangwe a le matlhano a Jesu a bidiwang ka one mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
“Lefoko”
6. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Jesu a bo a bidiwa “Lefoko”?
6 Bala Johane 1:14. Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa “Lefoko,” kgotsa Logos? Leina leno le tlhalosa tiro e a ntseng a e dira fa e sale go bopiwa ditshedi tse dingwe tse di botlhale. Jehofa o ne a dirisa Morwawe go naya barwa ba bangwe ba semoya tshedimosetso le ditaelo, fela jaaka a ile a dirisa Morwa yono go naya batho ba ba mo lefatsheng molaetsa wa Gagwe. Mafoko ano a Keresete a neng a a raya bareetsi ba gagwe ba Bajuda a tlhomamisa gore Jesu ke Lefoko, kgotsa Mmueledi wa Modimo: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng. Fa mongwe a eletsa go dira thato ya Gagwe, o tla itse ka ga thuto eno gore a e tswa kwa Modimong kgotsa ke bua mo go tswang mo go nna.” (Joh. 7:16, 17) Jesu o sa ntse a bidiwa “Lefoko la Modimo,” le fa a setse a boetse kwa legodimong.—Tshen. 19:11, 13, 16.
7. Re ka etsa jang boikokobetso jo Jesu a bo bontshang fa a diragatsa seabe sa gagwe sa go nna “Lefoko”?
7 Akanya fela gore leina leno le kayang. Le fa Jesu e le sebopiwa se se botlhale go di feta tsotlhe tsa ga Jehofa, ga a ikaege ka botlhale jwa gagwe. O bua se Rraagwe a se mo laelang. Ka metlha ga a itlotlomatse mme o tlotlomatsa Jehofa. (Joh. 12:50) A bo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se etsang! Le rona re neilwe tshiamelo e e tlotlegang ya go ‘bolela dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo.’ (Bar. 10:15) Go tlhaloganya sekao sa ga Jesu sa boikokobetso go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re se ka ra bua dilo tse di tswang mo go rona. Fa re bolela molaetsa o o bolokang botshelo o o mo Dikwalong, ga re batle go “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.”—1 Bakor. 4:6.
“Amen”
8, 9. (a) Lefoko “amen” le kayang, mme ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa “Amen”? (b) Jesu o ne a diragatsa seabe sa gagwe sa go nna “Amen” jang?
8 Bala Tshenolo 3:14. Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa “Amen”? Lefoko le le ranotsweng go twe “amen” ke leadingwa la Sehebera le le kayang “a go nne jalo,” kgotsa “ruri.” Lefoko la Sehebera le e leng modi wa lefoko leno le kaya “go ikanyega.” Go dirisiwa lone lefoko leno fa go tlhalosiwa gore Jehofa o a ikanyega. (Dute. 7:9; Isa. 49:7) Ka jalo Jesu o tlhomologile ka tsela efe fa a bidiwa “Amen”? Ela tlhoko kafa 2 Bakorintha 1:19, 20 e arabang ka teng: “Morwa Modimo, e bong Keresete Jesu, yo o neng a rerwa mo gare ga lona . . . o ne a se ka a nna Ee mme le fa go ntse jalo a le Nnyaa, mme Ee jaanong ke Ee mo go ene. Gonne le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene. Jalo gape ka ene go na le ‘Amen’ o o buiwang go Modimo a buelwa kgalalelo.”
9 Jesu ke “Amen” mo ditsholofetsong tsotlhe tsa Modimo. Botshelo jwa gagwe jo a bo tshedileng mo lefatsheng a se na boleo, go akaretsa loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, bo ne bo tlhomamisa ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo e bile bo dira gore di kgone go diragadiwa. Ka go nna a ikanyega, gape Jesu o ne a bontsha gore mafoko a ga Satane a a kwadilweng mo bukeng ya Jobe ga a boammaaruri, a gore fa batlhanka ba Modimo ba sotlega, ba boga le fa ba lekwa, ba tla mo itatola. (Jobe 1:6-12; 2:2-7) Morwa wa Modimo wa motsalwapele ke ene a neng a ka araba tatofatso eo ka tsela ya makgaolakgang go feta dibopiwa tse dingwe tsotlhe tsa gagwe. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a naya bosupi jo bo molemo thata go ema Rraagwe nokeng mo kgangkgolong ya gore a Jehofa o tshwanelwa ke go nna Molaodimogolo wa lobopo lotlhe.
10. Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e a diragatsang seabe sa gagwe se se tlhomologileng sa go nna “Amen” ka yone?
10 Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e a diragatsang seabe sa gagwe se se tlhomologileng sa go nna “Amen” ka yone? Ka go nna re ikanyega mo go Jehofa e bile re ema bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe nokeng. Fa re dira jalo, re tla bo re latela mafoko a a kwadilweng mo go Diane 27:11: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”
“Motsereganyi wa Kgolagano e Ntšha”
11, 12. Seabe sa ga Jesu sa go nna Motsereganyi se tlhomologile ka tsela efe?
11 Bala 1 Timotheo 2:5, 6. Jesu ke ene “motsereganyi a le mongwe gare ga Modimo le batho.” Ke “motsereganyi wa kgolagano e ntšha.” (Baheb. 9:15; 12:24) Le fa go ntse jalo, Moshe le ene o bidiwa motsereganyi—motsereganyi wa kgolagano ya Molao. (Bagal. 3:19) Mme seabe sa ga Jesu e le Motsereganyi se tlhomologile ka tsela efe?
12 Lefoko la puo ya ntlhantlha e Baebele e kwadilweng ka yone le le ranotsweng go twe “motsereganyi” ke lefoko le le dirisiwang mo dikgannyeng tsa molao. Le tlhalosa Jesu e le Motsereganyi yo o kafa molaong (kgotsa ka mafoko a mangwe, e le mmueledi) wa kgolagano e ntšha e e neng ya dira gore go nne le setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Setšhaba seno se bopilwe ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, ba e leng “boperesiti jwa segosi” jwa kwa legodimong. (1 Pet. 2:9; Ekes. 19:6) Kgolagano ya Molao, e Moshe e neng e le motsereganyi wa yone, ga e a ka ya bopa setšhaba se se ntseng jalo.
13. Seabe sa ga Jesu sa go nna Motsereganyi se akaretsa eng?
13 Seabe sa ga Jesu sa go nna Motsereganyi se akaretsa eng? Ee, Jehofa o dirisa boleng jwa madi a ga Jesu go solegela batho ba ba tlileng go tsena mo kgolaganong e ntšha molemo. Ka tsela eno, Jehofa o ba bolela ba siame kafa molaong. (Bar. 3:24; Baheb. 9:15) Go tswa foo Modimo a ka ba tsenya mo kgolaganong e ntšha ka tsholofelo ya gore ba tla nna baperesiti le dikgosi kwa legodimong! E re ka Jesu e le Motsereganyi wa bone, o ba thusa gore ba nne ba amogelwa ke Modimo.—Baheb. 2:16.
14. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe, go sa kgathalesege gore ba na le tsholofelo ya go tshela kae, ba tshwanetse go anaanela seabe sa ga Jesu sa go nna Motsereganyi?
14 Go tweng ka batho ba ba seng mo kgolaganong e ntšha, ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng, e seng kwa legodimong? Le fa ba se mo kgolaganong e ntšha, e ba solegela molemo. Ba itshwarelwa maleo e bile ba bolelwa ba siame e le ditsala tsa Modimo. (Jak. 2:23; 1 Joh. 2:1, 2) Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, mongwe le mongwe wa rona o na le lebaka le le utlwalang la go anaanela seabe sa ga Jesu sa go nna Motsereganyi wa kgolagano e ntšha.
“Moperesiti yo Mogolo”
15. Seabe sa ga Jesu sa go nna Moperesiti yo Mogolo se farologana jang le sa banna ba bangwe botlhe ba ba kileng ba nna baperesiti ba bagolo?
15 Banna ba le bantsi ba ile ba direla e le baperesiti ba bagolo mo nakong e e fetileng, mme seabe sa ga Jesu sa go nna Moperesiti yo Mogolo sone se tlhomologile tota. Ka tsela efe? Paulo o tlhalosa jaana: “Ga a tlhoke go ntsha ditlhabelo letsatsi le letsatsi, jaaka baperesiti ba bagolo bao ba dira, a ntshetsa maleo a gagwe pele mme go tswa foo a ntshetsa a batho: (gonne seno o ne a se dira gangwe fela fa a ne a intsha setlhabelo;) gonne Molao o tlhoma banna ba ba nang le makoa go nna baperesiti ba bagolo, mme lefoko la ikano e e ikanetsweng e e neng ya tla morago ga Molao le tlhoma Morwa, yo o itekanedisitsweng ka bosaengkae.”—Baheb. 7:27, 28.a
16. Ke ka ntlha yang fa setlhabelo sa ga Jesu se tlhomologile tota?
16 Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, yo o neng a tshwana kgo! le Adame pele a leofa. (1 Bakor. 15:45) Ka jalo, Jesu e ne e le ene fela motho yo o neng a ka intsha setlhabelo se se itekanetseng, se se feletseng—setlhabelo se go neng go ka se tlhokege gore se dirwe gape. Mo Molaong wa ga Moshe, ditlhabelo di ne di ntshiwa letsatsi le letsatsi. Mme ditlhabelo tsotlhe tse di ntseng jalo le ditiro tsa baperesiti, e ne e le moriti fela wa se Jesu a neng a tla se dira. (Baheb. 8:5; 10:1) Ka jalo seabe sa ga Jesu sa go nna Moperesiti yo Mogolo se tlhomologile ka gonne o kgona go dira dilo tse dintsi e bile a ka se kgaotse go nna Moperesiti yo Mogolo.
17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go anaanela seabe sa ga Jesu sa go bo e le Moperesiti wa rona yo Mogolo, mme re ka dira seo jang?
17 Re tlhoka Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo gore a re thuse gore re amogelwe ke Modimo. Mme a bo Moperesiti wa rona yo Mogolo a le molemo jang ne! Paulo o ne a re: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” (Baheb. 4:15) Ruri go anaanela seno go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re se ka ‘ra tlhola re itshelela, mme re tshelele ene yo o neng a re swela.’—2 Bakor. 5:14, 15; Luke 9:23.
“Losika” lo lo Solofeditsweng
18. Ke boporofeti bofe jo bo neng jwa bolelwa fa Adame a sena go leofa, mme morago go ne ga senolwa eng ka boporofeti jono?
18 Bogologolo kwa Edene, fa go ne go lebega e kete batho ba latlhegetswe ke sengwe le sengwe—go amogelwa ke Modimo, botshelo jo bo sa khutleng, boitumelo le Paradaise—Jehofa Modimo o ne a bolelela pele gore go ne go tla tla Mogolodi. Mogolodi yono o ne a bidiwa “losika.” (Gen. 3:15) Fa dingwaga di ntse di feta, boporofeti jo bontsi jo bo mo Baebeleng bo ne jwa bua ka Losika lono lo go neng go sa tlhalosiwa gore ke mang. Losika lono e ne e tla nna setlogolwana sa ga Aborahame, Isake le Jakobe. Gape o ne a tla nna mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide.—Gen. 21:12; 22:16-18; 28:14; 2 Sam. 7:12-16.
19, 20. (a) Losika lo lo solofeditsweng ke mang? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe losika lo go boleletsweng pele ka lone ga se Jesu fela?
19 Losika lono lo lo solofeditsweng e ne e le mang? Karabo ya potso eno e mo go Bagalatia 3:16. (E bale.) Le fa go ntse jalo, kwa bofelong jwa kgaolo eo, moaposetoloi Paulo o raya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Mo godimo ga moo, fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame, baruaboswa ba tsholofetso.” (Bagal. 3:29) Go tla jang gore Keresete e bo e le Losika lo lo solofeditsweng mme e le gore go na le ba bangwe gape mo losikeng loo?
20 Batho ba le dimilionemilione ba re ke ditlogolwana tsa ga Aborahame, e bile bangwe ba itirile baporofeti. Madumedi mangwe a tseela kwa godimo maiphako a gore baporofeti ba one ba tswa mo losikeng lwa ga Aborahame. A mme batho bano botlhe ke Losika lo lo solofeditsweng? Nnyaa. Jaaka moaposetoloi Paulo a bolela a tlhotlhelediwa ke moya, ga se ditlogolwana tsotlhe tsa ga Aborahame tse di ka ipolelang gore ke Losika lo lo solofeditsweng. Bana ba bomorwa Aborahame ba bangwe ga ba a ka ba dirisiwa go segofatsa batho. Losika lo lo neng lo tla segofatsa batho lo ne lo tla tswa mo go Isake fela. (Baheb. 11:18) Ka jalo, motho a le mongwe fela, Jesu Keresete, yo tatelano ya masika a gagwe go tloga kwa go Aborahame e kwadilweng mo Baebeleng, ke ene karolo ya konokono ya losika loo lo go boleletsweng pele ka lone.b Ba bangwe botlhe ba morago ba nnang karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame ke ba losika loo ka gonne ke “ba ga Keresete.” Ee, seabe sa ga Jesu mo go diragadiweng ga boporofeti jono ruri se tlhomologile.
21. Ke eng se se go itumedisang ka tsela e Jesu a diragaditseng seabe sa gagwe se se tlhomologileng ka yone mo boikaelelong jwa ga Jehofa?
21 Re ithutile eng ka go sekaseka ka bokhutshwane seabe se se tlhomologileng sa ga Jesu mo boikaelelong jwa ga Jehofa? Go tloga ka nako ya fa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ne a bopiwa, o ntse a tlhomologile tota, e le motho wa mofuta wa gagwe a le esi fela. Le fa go ntse jalo, Morwa yono yo o tlhomologileng wa Modimo yo o neng a nna Jesu ga a bolo go nna a direla ka boikokobetso go dumalana le thato ya ga Rraagwe, mme ga a ke a ipatlela kgalalelo. (Joh. 5:41; 8:50) A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne rona ba re tshelang gompieno! Fela jaaka Jesu, e kete re ka ipeela mokgele wa go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’—1 Bakor. 10:31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka mongwe yo o ithutileng Baebele, lefoko le le ranotsweng go twe “gangwe fela” le tlhalosa thuto nngwe ya botlhokwa ya Baebele e e bontshang gore “loso lwa ga Keresete ke lwa makgaolakgang, lo tlhomologile, kgotsa ke lwa mofuta wa lone fela.”
b Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba akanya gore e re ka e ne e le bana kgotsa ditlogolwana tsa mmatota tsa ga Aborahame, ba ne ba tla nna setšhaba se se amogelwang ke Modimo. Mme le fa go ntse jalo ba ne ba lebeletse gore go tle motho a le mongwe fela yo e leng Mesia, kgotsa Keresete.—Joh. 1:25; 7:41, 42; 8:39-41.
A o A Gakologelwa?
• O ithutile eng ka seabe se se tlhomologileng sa ga Jesu mo diretong kgotsa mo maineng a a bidiwang ka one? (Bona lebokose.)
• O ka etsa jang sekao sa Morwa wa ga Jehofa yo o tlhomologileng?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]
Maina Mangwe a a Bontshang Seabe se se Tlhomologileng sa ga Jesu mo Boikaelelong Jwa Modimo
◼ Morwa yo o Tsetsweng a le Esi. (Joh. 1:3) Jesu ke ene fela a bopilweng ka tlhamalalo ke Rraagwe.
◼ Lefoko. (Joh. 1:14) Jehofa o dirisa Morwawe e le Mmueledi go naya dibopiwa tse dingwe tshedimosetso le ditaelo.
◼ Amen. (Tshen. 3:14) Botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng a se na boleo, go akaretsa loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, bo ne jwa tlhomamisa ditsholofetso tsa ga Jehofa Modimo mme jwa dira gore di kgone go diragadiwa.
◼ Motsereganyi wa Kgolagano e Ntšha. (1 Tim. 2:5, 6) E re ka Jesu e ne e le Motsereganyi wa semolao, o ile a dira gore go kgonege gore go tsalwe setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo,” se se bopilweng ka Bakeresete ba e tla nnang “boperesiti jwa segosi” jwa kwa legodimong.—Bagal. 6:16; 1 Pet. 2:9.
◼ Moperesiti yo Mogolo. (Baheb. 7:27, 28) Jesu e ne e le ene fela motho yo o neng a ka kgona go intsha setlhabelo se se itekanetseng, se se neng se sa tlhoke go ntshiwa gape. A ka re ntlafatsa ka go tlosa boleo mo go rona le go re golola mo losong lo lo bakwang ke boleo.
◼ Losika lo lo Solofeditsweng. (Gen. 3:15) Motho a le mongwe fela, Jesu Keresete, ke ene karolo ya konokono ya losika loo lo lo solofeditsweng. Ba bangwe botlhe ba morago ba nnang karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame ke “ba ga Keresete.”—Bagal. 3:29.