Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
Mokwadi: Jeremia
Mafelo A E Kwaletsweng kwa go One: Juda le Egepeto
Go Wediwa ga go E Kwala: 580 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 647–580 B.C.E.
1. Jeremia o ne a rongwa leng le gone a rongwa ke mang?
MOPEROFETI Jeremia o ne a tshela mo metlheng e e diphatsa le ya dikhuduego. O ne a romiwa ke Jehofa mo ngwageng wa 647 B.C.E., e leng ngwaga wa bo 13 wa puso ya ga Kgosi Josia wa Juda yo o neng a boifa Modimo. Lokwalo lwa Molao wa ga Jehofa lo ne lwa bonwa fa ntlo ya ga Jehofa e ne e baakanngwa mme lwa balelwa kgosi eo. O ne a dira ka natla go gatelela gore lo dirisiwe, mme o ne a kgona le gone ka nakwana fela gore ba seka ba boela ba obamela medimo ya disetwa. Rraagwemogolo Josia ebong Manase, yo o neng a ile a busa ka dingwaga di le 55, le rraagwe ebong Amone, yo o neng a bolawa morago ga go busa dingwaga di le 2 fela, ba ne ba ile ba dira se se bosula ka bobedi jwa bone. Ba ne ba ile ba kgothaletsa batho go dira tlhakanelo dikobo e e feteletseng e e makgapha le go dira dingwaokobamelo tse di boifisang, mo ba neng ba tlwaela go isetsa “kgosi ea sesadi ea legodimo” maswalo ba bile ba ntshetsa medimo ya badimona ditlhabelo tsa batho. Manase o ne a ile a tlatsa Jerusalema ka madi a a senang molato.—Yer. 1:2; 44:19; 2 Dikg. 21:6, 16, 19-23; 23:26, 27.
2. Boikarabelo jwa ga Jeremia e ne e le eng, mme boperofeti jwa gagwe bo ne bo bua ka ditiragalo tse di neng di tla diragala mo dingwageng dife?
2 Boikarabelo jwa ga Jeremia bo ne bo se motlhofo. O ne a tshwanetse go direla jaaka moperofeti wa ga Jehofa mo go boleleleng pele gore metse ya Juda le Jerusalema e ne e tla swafadiwa, gore tempele e ntlentle ya ga Jehofa e ne e tla jewa ka molelo, le gore batho bagagabo ba ne ba tla isiwa botshwarwa—dikudumedi tse go neng go batla go sa dumelesege gore di ka diragala eleruri! O ne a tshwanela go perofesa mo Jerusalema ka dingwaga di le 40, ka nako ya fa go ne go busa Dikgosi tse di bosula bo Jehoahase, Jehoiakime, Jehoiakine (Konia), le Sedekia. (Yer. 1:2, 3) Moragonyana, mo Egepeto, o ne a tshwanelwa ke go perofesa malebana le go obamela medimo ya disetwa ga batshabi ba Bajuda. O ne a wetsa go kwala buka ya gagwe ka 580 B.C.E. Ka gone ditiragalo tse buka ya Yeremia e buang ka tsone di diragetse mo dingwageng tse 67.—52:31.
3. (a) Go ne ga supiwa jang fa buka ya Yeremia e le karolo ya Dikwalo ebile e le boammaaruri mo metlheng ya Bahebera? (b) Ke bosupi bofe jo bongwe jo bo ka bonwang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika?
3 Ka Sehebera leina la moperofeti yono le buka ya gagwe ke Yir·meyahʹ kana Yir·meyaʹhu, maina a a ka tswang a raya gore, “Jehofa O A Tlotlomatsa; kana, Jehofa O A Golola [gongwe go tswa sebopelong].” Buka eno e tlhaga mo ditlhatlhamanong tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera, mme batho ka kakaretso ba dumela gore ke karolo ya Dikwalo. Go diragadiwa ka botlalo ga boperofeti bo le mmalwa mo motlheng wa ga Jeremia ka boene go supa ka botlalo fa buka eno e le boammaaruri. Mo godimo ga moo, Jeremia o umakiwa makgetlo a le mmalwa ka leina mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. (Math. 2:17, 18; 16:14; 27:9) Gore Jesu o ne a ithutile buka ya Yeremia go bonala sentle fa a ne a dirisa mafoko a a mo go Yeremia 7:11 le a Isaia 56:7 fa a ne a phepafatsa tempele. (Mar. 11:17; Luke 19:46) Ka baka la bosebete le bopelokgale jwa ga Jesu, batho bangwe ba bile ba bo ba akanya gore ke ene Jeremia. (Math. 16:13, 14) Boperofeti jwa ga Jeremia kaga kgolagano e ntšha (Yer. 31:31-34) bo umakiwa ke Paulo mo go Bahebera 8:8-12 le 10:16, 17. Paulo o tsopola mo go Yeremia 9:24 fa a re: “Eo o ikgantshañ, a a ikgantshè ka Yehofa.” (1 Bakor. 1:31) Mo go Tshenolō 18:21 go dirisiwa setshwantsho sa ga Jeremia (Yer. 51:63, 64) sa go wa ga Babelona ka tsela e ebileng e le maatla fela thata.
4. Thutamarope e ema rekoto eno nokeng jang?
4 Diphitlhelelo tsa bafatolodi le tsone di tshegetsa gore rekoto ya buka ya Yeremia e boammaaruri. Ka sekai, raditiragalo wa Babelona o bolela gore Nebukadenesare (Nebukaderesare) o ne a gapa Jerusalema ka 617 B.C.E., fa a ne a fenya kgosi ya gone (Jehoiakine) a bo a tlhoma yo o neng a mo ikgethela (Sedekia).—24:1; 29:1, 2; 37:1.a
5. (a) Ke eng se se itsiweng malebana le Jeremia ka boene? (b) Go ka bolelwang ka mokgwa wa gagwe wa go kwala?
5 Re na le polelo yotlhe ya botshelo jwa ga Jeremia go na le fa e le ope wa baperofeti ba bangwe ba bogologolo kwantle ga Moshe fela. Jeremia o bolela dilo di le dintsi kaga gagwe, maikutlo a gagwe, go tseega maikutlo ga gagwe, a supa bosebete le bopelokgale tsa go tlhoka poifo, mmogo le boikokobetso le bopelonolo. O ne a se moperofeti fela mme gape o ne a le moperesiti, morulaganyi wa Dikwalo, ebile e le mokwaladitiragalo yo o kelotlhoko. O ne a le morwa wa ga moperesiti Hilekia wa Anathotha, yo o neng a le moperesiti wa motse mongwe wa naga e e kwa bokone jwa Jerusalema, “mo lehatshiñ ya Benyamina.” (1:1) Tsela e Jeremia a kwadileng ka yone e phepafetse, e tlhamaletse, ebile e tlhaloganyesega motlhofo. Go na le ditshwantsho le dikai di le dintsi fela thata, mme mo bukeng eno go dirisitswe puo e e tlwaelegileng fela le e e motlhofo mmogo le poko.
SEO SE LENG MO GO YEREMIA
6. Ditlhogo tsa kgang eno di rulaganngwa jang?
6 Tshedimosetso e e mo bukeng eno ga e a rulaganngwa go ya ka dipaka mme e rulagantswe go ya ka kgang e go buiwang ka yone. Ka gone, polelo eno e fetofetoga gantsi go ya ka nako le maemo a a dikologileng. Kwa bokhutlong, go swafadiwa ga metse ya Jerusalema le Juda go tlhalosiwa ka botlalo mo go kgaolo 52. Seno ga se bontshe fela gore bontsi jwa boperofeti jwa yone bo ne jwa diragadiwa mme gape se thaya motheo wa kafa buka ya Dikhutsahalō e e latelang e tla kwalwang ka one.
7. Go tlile jang gore Jeremia a nne moperofeti, mme Jehofa o mo tlhomamisetsa jang?
7 Jehofa o roma Jeremia (1:1-19). A Jeremia o rongwa ka go bo a ne a batla go nna moperofeti kana ka go bo a tswa mo lelapeng la seperesiti? Jehofa o tlhalosa seo ka boene ka go re: “E rile ke e se ke gu bopele mo mpeñ ka bo ke gu itse, le u e se u cwe mo sebopeloñ ka bo ke gu itshepisitse; ke gu laoletse go nna moperofeti mo merahiñ.” Jehofa ke ene yo o mo romang. A Jeremia o iketleeditse go dira se a se romiwang? Ka boikokobetso o ipata ka go re, “Ke ñwanyana hèla.” Jehofa o mo tlhomamisetsa ka go mo raya a re: “Bōna, ke tsentse mahoko a me mo molomuñ oa gago. Bōna, ke gu neile thata mo merahiñ le mo magosiñ gompiyeno, go khumola, le go phalolèla ha hatshe, go senya le go ribegetsa; go aga, le go tlhōma.” Jeremia gaa tshwanela go boifa sepe. “Ba tla tlhabana nau; me ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”—1:5, 6, 9, 10, 19.
8. (a) Jerusalema o tlhokile boikanyego mo go eng? (b) Jehofa o tla tlisa matlhotlhapelo jang?
8 Jerusalema, mosadi yo o sa ikanyegeng (2:1–6:30). Lefoko la ga Jehofa le tlisetsa Jeremia molaetsa ofe? Jerusalema o lebetse lorato lwa gagwe lwa ntlha. O latlhile Jehofa, Motswedi wa metsi a a nayang botshelo, mme o akafetse le medimo e sele. Lefa a ne a le bojalwa jo bohibidu jo bo kgethegileng jwa mofine, jaanong o fetotswe “setlhatshana hèla sa mofine o sele hèla.” (2:21) Diaparo tsa gagwe di tletse madi a bahumanegi ba ba senang molato. Le eleng Iseraele wa seaka o supegile fa a le tshiamo go gaisa Juda. Modimo o bitsa barwa bano ba gagwe ba ba diganana gore ba boele kwa go ene ka gonne ke monna wa bone yo o ba ruileng. Mme bone ba dirile jaaka mosadi yo o senokwane. Ba ka boa fa ba ka latlha dilo tsa bone tse di makgapha ba bo ba rupisa dipelo tsa bone. “Tlhōmañ mokgèlè o lebè kwa Siona,” ka gonne Jehofa o tla tlisa matlhotlhapelo go tswa kwa bokone. (4:6) Go tla tla ditshenyo di le dintsi di tlhomagane! Mmolai wa ga Jehofa o tla tla a tshwana le tau e e tswang mo sekgweng, jaaka phefo e e tlhabang e e tswang mo nageng, a tla ka dikara tsa ntwa tse di tshwanang le sefefo se segolo.
9. (a) Jeremia o tsholetse Jerusalema yo o tlhogoethata mafoko afe? (b) Go lelela ga bone kagiso go na le mosola ofe?
9 Kgarakgatshegang mo Jerusalema. Lo bona eng? Ke boleo le go sa ikanyege fela! Batho ba latlhile Jehofa, mme lefoko la Gagwe le le bolelwang ke Jeremia le tshwanetse go nna jaaka molelo o o tla ba nyeletsang jaaka dikgong. Fela jaaka ba tlogetse Jehofa ba ya go direla modimo o sele, jalo le Ene o tla dira gore ba ye go direla batho ba ba sa ba itseng kwa lefatsheng le sele. Ke batho ba ba tlhogodithata! Ba na le matlho mme ga ba bone, ba na le ditsebe mme ga ba utlwe. Abo e le batho ba ba bosula jang ne! Tota le eleng baperofeti le baperesiti ba perofesa maaka, “me batho ba me ba rata gore go nnè yalo,” go bolela jalo Jehofa. (5:31) Go tlhaga matlhotlhapelo go tswa kwa bokone, lefa go le jalo “go simolola ka eo mmōtlana le go ea kwa go eo mogolo mo go bōnè, moñwe le moñwe o inetse mo bopelotshetlheñ.” Ba re, “Kagishō, kagishō; le morōrō go sena kagishō.” (6:13, 14) Mme mosenyi o tla tla ka tshoganetso. Jehofa o dirile gore Jeremia e nne motlhatlhobi wa majana a a tlhwatlhwakgolo gareng ga bone, mme ga go na sepe fa e se leswe fela le manyelo a selefera. Ba bosula botlhe fela.
10. Ke ka ntlhayang fa Jerusalema a tshwanetse go felela jaaka Shilo le Eferaime?
10 Go tlhagisiwa gore tempele ga e kake ya ba sireletsa (7:1–10:25). Lefoko la ga Jehofa le tla mo go Jeremia, mme ene o tshwanetse go bolela mafoko ao a le kwa kgorong ya tempele. Mo utlwe jaaka a goa bao ba tsenang mo go yone a re: ‘Lo ikgantsha ka tempele ya ga Jehofa, mme lona lo dira eng tota? Lo gatelela bana ba masiela le batlholagadi, lo tsholola madi a a senang molato, lo setse medimo e sele morago, lo a utswa, lo bolaya ba bangwe, lo dira boaka, lo ikanela maaka, mme lo isetsa Baale ditlhabelo! Baitimokanyi! Lo dirile ntlo ya ga Jehofa “moñōbō oa magodu” hela. Gakologelwa se Jehofa a neng a se dira Shilo. O dira se se tshwanang mo ntlong ya gago, wena Juda, mme o tla go latlhela kwa ntle, fela jaaka a ne a latlhela Eferaime (Iseraele) kwa bokone.’—Yer. 7:4-11; 1 Sam. 2:12-14; 3:11-14; 4:12-22.
11. Ke ka ntlhayang fa Juda e le yo o sa kakeng a tlhola a rapelelwa?
11 Juda ga se yo o ka tlholang a rapelelwa. Ebu, batho ba bile ba direla “mohumagadi kgosi ea legodimo” ditlhabelo tsa dinkgwenyana! Eleruri, “o ko ōna morahe o o sa reetsañ lencwe ya ga Yehofa Modimo oa bōnè, leha e le go amogèla thutō; boamarure bo nyeletse, bo kgaocwe mo melomuñ ea bonè.” (Yer. 7:18, 28) Juda o tlhomile dilo tse di makgapha mo ntlong ya ga Jehofa mme ebile o fiseditse bomorwawe le bomorwadie ka molelo kwa medimakong ya Tofetha kwa mokgatšheng wa Hinoma. Bona! E tla bidiwa “Mogōgōrō oa Polaèlō,” mme direpa tsa bone di tla nna dijo tsa dinonyane le tsa dibatana. (7:32) Boipelo le boitumelo jo bogolo di tshwanetse go khutla mo Juda le Jerusalema.
12. Go na le go bona kagiso, ke eng se se tla diragalelang Juda le medimo eo a e itiretseng?
12 Ba ne ba solofetse kagiso le go fodisiwa, mme bonang, ba bona poitshego fela! Ba tla gasagasiwa, ba nyelediwa, ba bo ba hutsafale ka baka la botlhogoethata jwa bone. ‘Jehofa ke Modimo o o tshedileng le Kgosi e e sa khutleng.’ Mme fa e le ka medimo eo e sa dirang magodimo le lefatshe, ga go na moya ope mo go yone. Ke boithamako fela le tiro ya phoro, mme e tla nyelela. (10:10-15) Jehofa o tla nyeletsa baagi ba lefatshe. Reetsang! Khuduego e kgolo e e tswang kwa lefatsheng la bokone e e tlileng go nyeletsa metse ya Juda. Moperofeti yoo o itsise ka go re: ‘Motho yo o mo lefatsheng ga a kake a kaela tsela ya gagwe,’ mme o rapelela gore a baakanngwe e le gore a seka a nyelediwa.—10:23.
13. Ke ka ntlhayang fa Jeremia a idiwa go rapelela Juda, mme Jehofa o nonotsha Jeremia jang fa a le mo kotsing?
13 Go hutsiwa barobi ba kgolagano (11:1–12:17). Juda gaa ikobela mafoko a kgolagano ya gagwe le Jehofa. Ga go na mosola wa gore batho bao ba kope thuso. Jeremia gaa tshwanela go rapelela Juda, ka gonne Jehofa “o chubetse molelō” o o tla fisang setlhare seno se se kileng sa bo se gola sentle sa motlhware. (11:16) Fela jaaka batho ba gagabo Jeremia ba Anathotha ba dira morero wa go mo nyeletsa, moperofeti yoo o kopa thuso mo go Jehofa gore a mo nonotshe a bo a mo thuse. Jehofa o mo solofetsa gore o tla ipusolosetsa mo go Anathotha. Jeremia o botsa ka go re, ‘Ke ka ntlhayang fa baikepi ba ile ba atlega mo tseleng ya bone?’ Jehofa o mo tlhomamisetsa ka go re: ‘Ke tla kumola ke ba ke senya morafe o o senang kutlo.’—12:1, 17.
14. (a) Jehofa o itsise gore Jerusalema ga se yo o ka tlholang a fetoga ka ditshwantsho dife le gore katlholo eo a atlholwang ka yone ga se e e ka busediwang morago? (b) Jeremia o diragalelwa ke eng morago ga a sena go ja mafoko a ga Jehofa?
14 Jerusalema ga se yo o ka fetogang mme ebile o atlhotswe (13:1–15:21). Jeremia o bolela kafa Jehofa a neng a mo laolela go itlama ka moitlamo mo lothekeng lwa gagwe mme go tswa foo a bo a o fitlha mo logageng longwe gaufi le Euferatese. Fa Jeremia a ne a tla go o epolola, o fitlhela o senyegile. “O sena tihō.” Ka go rialo Jehofa o ne a tshwantsha kafa a ikaeletseng go senya “boikgodishō yoa Yuda . . . , le boikgodishō yo bogolo yoa Yerusalema” ka gone. (13:7, 9) O tla ba thubaganya mmogo ba tagilwe, jaaka dinkgwana tse di tletseng mofine. “A Moethiopia o ka iphetola letlalō, leha e le nkwè dichubaba tsa eōna?” (13:23) Ka tsela e e tshwanang, Jerusalema ga se yo o ka fetogang. Jeremia ga a tshwanela go rapelela batho bagagabo. Lefa Moshe le Samuele ba ne ba ka ya fa pele ga ga Jehofa go ya go ba rapelela, o ne a tla seke a reetse, ka gonne o ikemiseditse go senyetsa Jerusalema ruri. Jehofa o thatafatsa Jeremia gore a kgone go emelelana le batho ba ba mo kgobang. Jeremia o bona mafoko a ga Jehofa a bo a a ja, seo se felelang ka ‘boitumelo jo bogolo le boipelo jwa pelo.’ (15:16) Jaanong ke nako, eseng ya go bua dinyao, mme eleng ya go ikanya Jehofa, yo o solofeditseng gore o tla dira Jeremia lorako lo lo thata lwa kgotlho gore a kgone go emelelana le batho ba gagabo.
15. (a) Dipaka tseo ke tse di masisi go le kana kang, mme Jehofa o gatelela seno ka taolo efe? (b) Batho ba tla itse leina la ga Jehofa jang, mme ke ka ntlhayang fa a sa tsiediwe ke boleo jwa bone?
15 Jehofa o tla romela batshwari ba ditlhapi le batsomi (16:1–17:27). Ponong ya tshwafatso e e neng e tloga e diragala, Jehofa o laela Jeremia a re: “U se ka ua tsaea mosadi, le gōna u se ka ua bōna bana ba basimane leha e le bana ba basetsana mo heloñ ha.” (16:2) Ga se nako ya gore a hutsafale lefa e le ya go ja mokete le batho bao, ka gonne Jehofa o tloga a ba latlhela kwa ntle ga lefatshe leo. Go tswa foo Jehofa o solofetsa gape gore o tla romela ‘batshwari ba ditlhapi le batsomi go tla go ba tsoma,’ mme fa a sena go diragatsa seno sotlhe, “ba tla itse ha leina ya [gagwe] e le Yehofa.” (16:16, 21) Boleo jwa Juda bo kwadilwe mo dipelong tsa batho bao ka sekwala sa tshipi, ee, ka ntlha ya diamonde. “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata,” lefa go le jalo Jehofa o kgona go hukutsa pelo. Ga go na ope yo o ka mo tsietsang. Bao ba tenegang “ba latlhile Yehofa, mocwedi oa metse a a tshedileñ.” (17:9, 13) Fa Juda a sa kake a itshepisa letsatsi la Sabata, Jehofa o tla nyeletsa dikgoro tsa gagwe le dikago tsa gagwe tse di godileng ka molelo.
16. Jehofa o tshwantsha eng ka mmopi wa letsopa le dijana tsa letsopa?
16 Mmopi wa letsopa le mmopa (18:1–19:15). Jehofa o laela Jeremia gore a ye kwa ntlong ya mmopi wa letsopa. Fa a le koo o tlhokomela kafa mmopi yoo wa letsopa a busang selwana se se senyegileng sa letsopa ka gone, a dira selwana se sengwe se a se batlang. Go tswa foo Jehofa o bolela fa e le ene Mmopi wa Letsopa wa ntlo ya Iseraele, yo o nang le maatla a go senya le go aga. Morago ga moo, o bolelela Jeremia gore a tseye kurwana ya mmopi wa letsopa a ye kwa Mokgatšheng wa Hinoma mme a bolele matlhotlhapelo a a tswang kwa go Jehofa a le koo ka gonne batho ba tladitse lefelo leo ka madi a a senang molato, ba jele bomorwaa bone ka molelo ba ba isa ditshupelo go Baale. Go tswa foo Jeremia o tshwanetse go thuba kurwana eo a tshwantshetsa kafa Jehofa a tla thubaganyang Jerusalema le batho ba Juda ka gone.
17. Jeremia o nna le maitemogelo afe a a botlhoko, mme a seno se dira gore a didimale?
17 Ga go na yo o tshwanetseng go ngaloga fa a bogisiwa (20:1-18). Ka go bo molaodi yo mogolo wa tempele Pashure a tenwa ke go rera ka bopelokgale ga ga Jeremia, o golegelela Jeremia mo disaneng bosigo bo le bongwe fela. Fa Jeremia a gololwa, o bolelela pele gore Pashure o tla ya botshwarwa kwa Babelona a bo a swele gone. Ka go bo Jeremia a hutsafadiwa ke go sotliwa le go kgobiwa ke batho, o akanyetsa go ngaloga. Lefa go ntse jalo, ga a kgone go didimala. Lefoko la ga Jehofa le simolola go nna ‘jaaka molelo o o tukang mo pelong ya gagwe o o tswaletsweng mo marapong a gagwe,’ mo a patelesegang go bua. Lemororo a hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone, o goa a re: “Ōpèlèlañ Yehofa, bakañ Yehofa: gonne o golotse mōea oa motlhoki mo seatleñ sa ba ba dihañ boshula.”—20:9, 13.
18. Jeremia o itsise Sedekia ka eng?
18 Bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le babusi (21:1–22:30). Fa Jeremia a araba potso ya ga Sedekia, o mo lemotsha gore Jehofa o gakaletse motse oo ka go re: Kgosi ya Babelona e tla o tlhasela, mme o tla senngwa ka dikgogodi tsa bolwetsi, ka tšhaka, ka leuba, le ka molelo. Shalume (Jehoahase) o tla swela kwa botshwarong, Jehoiakime o tla fitlhwa jaaka esela e tonanyana, mme morwa wa gagwe Konia (Jehoiakine) o tla latlhelwa ka kwa ntle ga Juda go ya go swela kwa Babelona.
19. Jeremia o perofeta eng malebana le “letlhogèlè ya tshiamō,” mme ke eng se se tshwantshediwang ke diroto tse pedi tsa mofeige?
19 Solofelang mo go “letlhogèlè ya tshiamō” (23:1–24:10). Jehofa o solofetsa gore go tla tla badisa ba mmatota mo boemong jwa badisa ba maaka le “letlhogèlè ya tshiamō” le le tswang mo thitong ya ga Dafide, kgosi eo e “tla busa[ng] yaka kgosi, a ba a diha ka botlhale, me o tla dihatsa katlholō le tshiamishō mo lehatshiñ.” O tla bidiwa mang? “Leina ye o tla bidiwañ ka yeōna, go twe, Yehofa ke tshiamō ea rona.” O tla phutha masalela a a gasameng. (23:5, 6) Fa baperofeti bao ba ka bo ba ile ba ema le lekgotla la ga Jehofa, ba ka bo ba dirile gore batho ba utlwe ba bo ba tlogele tsela ya bone e e bosula. Go na le moo, Jehofa o bolela gore, “ba time[di]tse batho ba me ka maaka a bōnè.” (23:22, 32) “Bōnañ, ga bo go le diroto di le pedi tsa difeige.” Jeremia o dirisa difeige tse di siameng le tse di senyegileng go tshwantshetsa gore masalela a a ikanyegang a tla boela kwa lefatsheng la bone ka go bo ba amogelwa ke Modimo le gore setlhopha se sengwe se tla nyelela ka matlhotlhapelo.—24:1, 5, 8-10.
20. Jehofa o dirisa Babelona jang jaaka motlhanka wa gagwe, mme ke eng seo, ka baka leo, se tla mo diragalelang?
20 Kgang e Jehofa o nang nayo le merafe (25:1-38). Kgaolo eno ke tshobokanyo ya dikatlholo tse di tlhalositsweng ka botlalo mo go kgaolo 45-49. Jehofa jaanong o bolela matlhotlhapelo a a tla diragalelang merafe yotlhe mo lefatsheng ka boperofeti bo le boraro jo bo tsamaisanang. Santlha, Nebukaderesare o bolelwa fa e le motlhanka wa ga Jehofa yo o tla senyang Juda le merafe e e dikologileng, “me merahe e, e tla dihèla kgosi ea Babelona ka dinyaga di le mashomè a shupa.” Mme morago ga foo Babelona o tla diragalelwa ke se se tshwanang, mme o tla nna “chwahalō ka bosakhutleñ.”—25:1-14.
21. Ke mang yo o tshwanetseng go nwa senwelo sa bogale jwa ga Jehofa? Ka matswela afe?
21 Boperofeti jwa bobedi ke ponatshegelo ya senwelo sa bojalwa jwa mofine sa tšhakgalo ya ga Jehofa. Jeremia o tshwanetse go isa senwelo seno kwa merafeng, mme “ba tla nwa, ba tla thèèkèla, ba tsènwa” ka gonne Jehofa o tla bo a tla tloga a ba senya. Santlha, o tla senya Jerusalema le Juda! Go tswa foo, o tla bo a senya Egepeto, a boele kwa Bafilisiteng, a ya kwa ga Edoma, a tlhatlogele kwa godimo kwa Ture, kwa mafatsheng a a gaufi le a a kgakala, mme go tswa foo a ye “le magosi aotlhe a lehatshe, a a mo lehatshiñ yeotlhe: le kgosi ea Sheshaka e tla nwa moragō ga bōnè.” Ba tla ‘nwa ba tlhatse ba bo ba we.’ Ga go na ope yo o tla falolang.—25:15-29.
22. Bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tla supiwa ka matlhotlhapelo afe a magolo?
22 Mo boperofeting jwa boraro, Jeremia o bua ka maatla a magolo ka tsela ya leboko la maemo a a kwa godimo. “Yehofa o tla haologa a le kwa godimoñ . . . a goèlètsa banni botlhe ba lehatshe.” A modumo o mogolo, matlhotlhapelo, pheretlhego e kgolo! “Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe.” Ga go na ope yo o tshwanetseng go hutsafala, ga go na ope yo o tshwanetseng go fitlhwa. Ba tla tshwana le lotshotelo mo godimo ga lefatshe. Badisa ba maaka ba tla bolawa, mmogo le batlotlegi ba ba leng gareng ga letsomane la bone. Ga ba kake ba falola. Reetsa jaaka ba bokolela! Jehofa o “kgakgabatsa bohulō yoa bōnè . . . ka ntlha ea bogale yoa gagwè jo bo tukañ.”—25:30-38.
23. (a) Jeremia o direlwa morero ofe, o iphemela ka go reng, mme ke ditiragalo dife tse di diragetseng pele tse di umakiwang fa a gololwa? (b) Jeremia o etsisa jang gore ba tloga ba ya botshwarwa kwa Babelona, mme ke boperofeti bofe jo bo buang kaga Hanania jo bo diragalang?
23 Go tlotlomadiwa ga ga Jeremia (26:1–28:17). Babusi mmogo le batho ba bangwe ba rera go bolaya Jeremia. Jeremia o a iphemela. Se a se buileng ke lefoko la ga Jehofa. Fa ba ka mmolaya, ba tla bo ba bolaya motho yo o senang molato. Katlholo: ga a bonwe molato. Bagolwane ba bolela mafoko a a builweng pele ke baperofeti Mikaia le Uria ba tlotla ka kgang eno ya ga Jeremia. Morago ga moo Jehofa o laela Jeremia gore a dire dikgole le bojokwe, a di sikare mo molaleng wa gagwe, mme go tswa foo a bo a di romela mo merafeng e e mo tikologong e le sesupo sa gore ba tshwanetse go direla kgosi ya Babelona ka lobaka lwa babusi ba dikokomana di le tharo. Hanania, mongwe wa baperofeti ba maaka, o ganetsa Jeremia. O bolela gore jokwe ya Babelona e tla rojwa mo dingwageng di le pedi mme o tshwantshetsa seno ka go roba jokwe ya logong. Jehofa o tiisa boperofeti jono jwa gagwe ka go dira gore Jeremia a dire bojokwe ba tshipi a bo a bolelela pele gore Hanania o tshwanetse go swa mo go one ngwaga oo. Hanania o a tlhokafala.
24. (a) Jeremia o romelela batshwarwa ba ba kwa Babelona molaetsa ofe? (b) Jehofa o tla dira kgolagano e ntšha le bomang, mme kgolagano eno e tla itshupa e le e e molemo go gaisa ya pele jang?
24 Kgomotso go ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona (29:1–31:40). Jeremia o kwalela ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona ba ba nang le Jekonia (Jehoiakine) a re: Agang koo, ka gonne pele ga Jehofa a lo busa, lo tshwanetse go nna batshabi koo ka dingwaga di le 70. Jehofa o laela Jeremia gore a kwale kaga go boa ga bone mo bukeng nngwe a re: Jehofa o tla roba jokwe ya bone, mme “ba tla dihèla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè, eo ke [Jehofa] tla mo ba cosetsañ.” (30:9) Ragele o tshwanetse a thibe lentswe la gagwe a seka a lela, ka gonne bomorwawe “ba tla ba ba boea kwa lehatshiñ ya mmaba.” (31:16) Mme jaaanong, Jehofa o bolela mafoko a a gomotsang! O tla dira kgolagano e ntšha le ntlo ya Juda le ntlo ya Iseraela. Eno e tla bo e le kgolagano e e molemo ga gaisa eo ba e robileng! Jehofa o tla kwala molao wa gagwe kwa tengteng ga bone, mo dipelong tsa bone. “Ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me.” Go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo, botlhe ba tla itse Jehofa, mme o tla ba itshwarela molato wa bone. (31:31-34) Motse wa bone o tla agiwa sesha mo o tla nnang boitshepo mo go Jehofa.
25. Go gatelelwa jang gore eleruri Iseraele o tla tsosolosiwa, mme lefoko la ga Jehofa le tlisa dikgang dife?
25 Kgolagano ya ga Jehofa le Dafide ke e e tlhomamisegang (32:1–34:22). Fa Nebukaderesare a tlhasela Jerusalema labofelo, ke fa Jeremia a tshwerwe. Lefa go ntse jalo, Jeremia o reka lefatshe lengwe kwa Anathotha a bo a tsenya dikwalo tsa theko mo sejaneng sa letsopa, e le sesupo sa gore Jehofa o tla tsosolosa Iseraele. Jaanong lefoko la ga Jehofa le tlisa mafoko a a molemo: Juda le Jerusalema ba tla itumela gape, mme Jehofa o tla diragatsa kgolagano ya gagwe le Dafide. Mme wena, wena Sedekia, tlhagisega gore kgosi ya Babelona e tla ja motse ono ka molelo mme wena ka bowena o tla ya botshwarwa kwa Babelona. Abo go latlhega beng ba batlhanka ba ba ileng ba dumela gore ba tla golola batlhanka ba bone mme ba ile ba senya kgolagano ya bone!
26. Jehofa o solofetsa Barekaba eng, mme ka ntlhayang?
26 Tsholofetso e Jehofa a neng a e solofetsa Rekaba (35:1-19). Mo metlheng ya ga Kgosi Jehoiakime, Jehofa o roma Jeremia kwa go Barekaba. Batho bano ba ne ba tshabela mo Jerusalema fa ba ne ba tlhaselwa ke Bababelona lantlha. Jeremia o ba siela bojalwa jwa mofine. Baa bo gana ka baka la taolo ya ga rraabonemogolo Jonadabe, eo o neng a ile a e ntsha dingwaga di le 250 pele ga foo. Abo ba sa tshwane gotlhelele jang ne le Juda yo o ileng a seka a ikanyega mo botshelong jwa gagwe! Jehofa o ba solofetsa jaana: “Yonadabe morwa Rebake ga a ketla a tlhōka monna eo o tla èmañ ha pele ga me ka bosakhutleñ.”—35:19.
27. Ke eng se se dirang gore boperofeti jwa Yeremia bo kwalwe gape?
27 Jeremia o kwala buka eo gape (36:1-32). Jehofa o laela Jeremia go kwala mafoko otlhe a boperofeti jwa gagwe go fitlha mo nakong eno. Jeremia o a bolelela Baruke, yo go tswa foo a a balelang kwa godimo a le mo ntlong ya ga Jehofa ka letsatsi la go itima dijo. Kgosi Jehoiakime o romela gore go tlisiwe momeno mme, fa a utlwa karolo ya one, o o kgagola ka go tenega a bo a o latlhela mo molelong. O laela gore Jeremia le Baruke ba tshwarwe, mme Jehofa o a ba fitlha a bo a bolelela Jeremia gore a kwale momeno o mongwe gape.
28. (a) Jeremia o bolela boperofeti bofe a sa kgaotse? (b) Tsela e Ebedemeleke a e tsayang e fapaana jang le ya dikgosana?
28 Metlha ya bofelo ya Jerusalema (37:1–39:18). Pego eno e boela kwa nakong ya puso ya ga Sedekia. Kgosi eo e kopa Jeremia gore a rapelele Juda mo go Jehofa. Moperofeti yoo o a gana, a bolela gore Jerusalema o tlile go senngwa eletota. Jeremia o leka go ya kwa Anathotha mme o tshwarwa jaaka yo o ngwegileng, o a itewa, a bo a tsenngwa mo kgolegelong malatsi a le mantsi. Go tswa foo Sedekia o romela gore a tlisiwe kwa go ene. A go na le lefoko lengwe le le tswang kwa go Jehofa? Eleruri le gone! “U tla tseñwa mo seatleñ sa kgosi ea Babelona.” (37:17) Ereka dikgosana di ne di tenwa ke go perofetela ruri ga ga Jeremia ka tshenyego, di mo latlhela mo sedibeng se se diretse. Ebedemeleke wa Moethiopia, moopahadiwa wa ntlo ya kgosi, ka bopelonomi fela o a mmuelelela, mo go felelang ka gore Jeremia a falodiwe go swa ka iketlo, mme o nna mo kgolegelong mo Lwapeng lwa Balebedi. Gape Sedekia o biletsa Jeremia fa pele ga gagwe, e le fela go ya go tewa go twe: ‘Ineele mo kgosing ya Babelona eseng jalo o tla ya botshwarwa o bo o bone go senngwa ga Jerusalema!’—38:17, 18.
29. Jaanong Jerusalema o welwa ke matlhotlhapelo afe, mme Jeremia le Ebedemeleke ba diragalelwa ke eng?
29 Jerusalema o dikaganyediwa dikgwedi di le 18, mme go tswa foo motse oo o senngwa ka ngwaga wa bo 11 wa ga Sedekia. Kgosi eo e tshaba e na la masole a yone lefa go le jalo baba ba bone baa ba tshwara. Barwa ba gagwe le batlotlegi baa bolawa a ba lebile ka matlho, mme ene o foufadiwa a bo a isiwa kwa Babelona a golegilwe. Motse oo o jewa ka molelo o bo o dirwa marope fela, mme batho botlhe kwantle ga ba sekae fela ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Go ya ka taolo ya ga Nebukaderesare, Jeremia o gololwa mo lolwapaneng. Pele ga a gololwa o bolelela Ebedemeleke gore Jehofa o solofeditse gore o tla mo golola, ‘ka gonne a ne a tshepa Jehofa.’—39:18.
30. Batho ba ba setseng ba retelelwa ke go utlwa kgakololo ya ga Jeremia jang, mme Jeremia o bolela katlholo efe ya tshenyego a le kwa Egepeto?
30 Ditiragalo tsa bofelo kwa Misepa le kwa Egepeto (40:1–44:30). Jeremia o nna kwa Misepa le Gedalia, yoo Bababelona ba mo dirang mmusi wa batho ba ba setseng. Morago ga dikgwedi tse pedi Gedalia o a bolawa. Batho ba kopa kgakololo mo go Jeremia, mme o ba bolelela lefoko la Modimo a re: ‘Jehofa ga a kitla a lo kumula mo lefatsheng leno. Lo seka lwa boifa ka baka la kgosi ya Babelona. Lefa go ntse jalo, fa lo ka fologela kwa Egepeto, lo tla swa!’ Ba fologela kwa Egepeto, ba tsaya Jeremia le Baruke. Kwa Tapanahesa mo Egepeto, Jeremia o itsise katlholo ya ga Jehofa ya tshenyo: Kgosi ya Babelona e tla nna mo setulong sa bogosi mo Egepeto. Ga go na mosola gore Iseraele a obamele medimo ya Egepeto a bo a simolole go isetsa “kgosi ea sesadi ea legodimo” ditlhabelo. A ba lebetse kafa Jehofa a neng a senya Jerusalema ka gone ka baka la kobamelo ya gagwe ya medimo ya disetwa? Jehofa o tla ba tlisetsa matlhotlhapelo mo lefatsheng la Egepeto, mme ga ba kitla ba boela kwa Juda. Jaaka sesupo, Jehofa o tsenya Faro Hofere ka boene mo seatleng sa baba ba gagwe.
31. Baruke o tlhomamisediwa eng?
31 Kaga Baruke (45:1-5). Baruke o hutsafaditswe ke go utlwa Jeremia a perofeta gangwe le gape kaga tshenyego. O bolelelwa gore a akanyetse tiro ya ga Jehofa ya go aga le go rutlolola pele go na le go “ipatlèla dilō tse dikgolo.” (45:5) O tla bolokwa mo matlhotlhapelong ao otlhe.
32. “Chaka ea ga Yehofa” e tla kgemetha bomang?
32 Tšhaka ya ga Jehofa kgatlhanong le merafe (46:1–49:39). Jeremia o bolela gore Babelona o tla fenya Egepeto kwa Karakemisha le mo mafelong a mangwe. Lemororo merafe eo e tla nyelediwa, Jakobe o tla sala mme ga a kitla a tlhoka go otlhaiwa. “Chaka ea ga Yehofa” e tla tlela Bafilisitia, Bamoaba ba ba boikgogomoso le Baamona ba ba ikgantshang, Edoma le Damaseko, Kedara le Hasore. (47:6) Bora jwa Elama bo tla rojwa.
33. (a) Senwelo sa gouda, eleng Babelona, se tla diragalelwa ke eng? (b) Ka jalo, batho ba Modimo ba tshwanetse go itshwara jang?
33 Tšhaka ya ga Jehofa kgatlhanong le Babelona (50:1–51:64). Jehofa o bua jaana malebana le Babelona: Bolelela merafe. Se fitlhe sepe. Babelona o tshwerwe mme medimo ya gagwe e tlhabisitswe ditlhong. Tshabang mo go ene. Noto eno e e thubagantseng merafe yotlhe ya lefatshe le yone jaanong e robilwe. “Wèna mokaka,” mogateledi wa Iseraele le Juda ba ba ileng botshwarwa, itse gore Jehofa wa masomosomo ke ene Morekolodi wa bone. Babelona o tla nna bonno jwa diphologolo tse di bokolelang. “Yaka Modimo o no o kile oa ribegetsa Sodoma le Gomora, . . . ga go ketla go nna motho opè gōna.” (50:31, 40) Babelona o ne a ntse a le senwelo sa gouda mo seatleng sa ga Jehofa se se dirang gore merafe e tagwe, mme o ole ka tshoganetso, mo eleng gore ene ka boene o robegile. Mo leleleng, lona batho ke lona. Jehofa o tsositse meya ya dikgosi tsa Bameda gore e mo senye. Banna ba ba thata ba Babelona ga ba sa tlhole ba tlhabana. Ba ntse jaaka basadi. Morwadia Babelona o tla gatakwa go fitlhela a nna thata jaaka segotlo se se phothelang. “[Ba tshwanetse] “ba rōbalè thōbalō e e sa khutleñ, me ba se ke ba tlhōla ba kubuga.” Lewatle le rwaleletse la tla go apesa Babelona ka makhubukhubu. “Batho ba me, cwañ mo gare ga gagwè, me a moñwe le moñwe a iphedisè botshelō yoa gagwè mo bogaleñ yo bo tukañ yoa ga Yehofa.” (51:39, 45) Reetsang go lela ga gagwe, modumo o mogolo wa go thubagana ga Babelona! Dibetsa tsa Babelona tsa tlhabano di tshwanetse go senngwa, ka gonne Jehofa ke Modimo yo o busolosang. O tla duela eleruri.
34. Ke sesupo sefe se se tshwantshetsang go wa ga Babelona?
34 Jeremia o laela Seraia a re: ‘Ya kwa Babelona mme o balele mafoko ano a boperofeti jo bo kgatlhanong le Babelona kwa godimo. Go tswa foo o bo o bofelela letlapa mo bukeng eo o bo o e latlhela mo gare ga Euferatese. “Me u re, Babelona o tla nwèla hèla yalo, me ga a ketla a tlhōla a biloga ka ntlha ea boshula yo ke tla bo tlisañ mo go èna.”’—51:61-64.
35. Jaanong go latela pego efe?
35 Pego ya go wa ga Jerusalema (52:1-34). Polelo eno e batlile e tshwana le eo e kwadilweng pele mo go 2 Dikgosi 24:18-20; 25:1-21, 27-30.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
36. (a) Jeremia o re fa sekao se se molemo jang sa botlhaga le bopelokgale? (b) Baruke, Barekaba, le Ebedemeleke le bone ke dikao tse di molemo mo go eng?
36 Boperofeti jono jo bo tlhotlheleditsweng bo aga eletota ebile bo na le mosola. Bona sekao sa bopelokgale sa ga moperofeti yoo ka boene. O ne a sena poifo fa a ne a bolelela batho ba ba bosula bao molaetsa o ba neng ba sa o rate. O ne a bifela go tsalana le baikepi. O ne a lemoga gore go ne go potlakile gore molaetsa oo wa ga Jehofa o bolelwe, a ineela ka peloyotlhe mo tirong ya ga Jehofa mme a seka a lesa lefa e le gangwe fela. O ne a fitlhela fa lefoko la Modimo le tshwana le molelo mo marapong a gagwe, mme e ne e le boitumelo jo bogolo le boipelo mo pelong ya gagwe. (Yer. 15:16-20; 20:8-13) Ekete le rona ka metlha re ka tlhagafalela lefoko la ga Jehofa jaaka a ne a ntse! Ekete gape re ka tshegetsa batlhanka ba Modimo ka boikanyego, jaaka Baruke a ne a ntse mo go Jeremia. Kutlo ya bopeloephepa ya Barekaba le yone ke sekao se se molemo fela thata mo go rona, le yone kakanyetso ya bopelonomi ya ga Ebedemeleke mo moperofeting yo o neng a bogisiwa yoo.—36:8-19, 32; 35:1-19; 38:7-13; 39:15-18.
37. Go sekaseka kgang ya ga Jeremia go nonotsha tumelo jang mo maatleng a ga Jehofa a go bolelela dilo pele?
37 Lefoko la ga Jehofa le le neng la tla mo go Jeremia le ne la diragadiwa ka go opa kgomo lonaka tota. Seno eleruri se nonotsha tumelo mo maatleng a ga Jehofa a go kgona go bolelela dilo pele. Ka sekai, tsaya ditiragatso tsa boperofeti tseo Jeremia ka boene a neng a bo a santse a tshela fa di diragala, tse di tshwanang le go tshwarwa ga ga Sedekia le go senngwa ga Jerusalema (21:3-10; 39:6-9), go tlosiwa mo setulong sa bogosi le go swela kwa botshwarong ga ga Kgosi Shalume (Jehoahase) (Yer. 22:11, 12; 2 Dikg. 23:30-34; 2 Ditih. 36:1-4), go isiwa botshwarwa ga ga Kgosi Konia (Jehoiakine) kwa Babelona (Yer. 22:24-27; 2 Dikg. 24:15, 16), le go tlhokafala ngwaga o ise o fele ga ga moperofeti wa maaka Hanania (Yer. 28:16, 17). Boperofeti jono jotlhe, le jo bongwe jo bo oketsegileng, bo ne jwa diragadiwa fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele. Morago baperofeti le batlhanka ba ga Jehofa le bone ba ne ba bona fa boperofeti jwa ga Jeremia bo le boammaaruri ebile bo na le mosola. Ka sekai, Daniele o ne a lemoga go tswa mo mekwalong ya ga Jeremia gore go swafala ga Jerusalema go ne go tshwanetse go nna dingwaga di le 70, mme Esere o ne a tlhokomedisa go diragadiwa ga mafoko a ga Jeremia kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 70.—Dan. 9:2; 2 Ditih. 36:20, 21; Esere 1:1; Yer. 25:11, 12; 29:10.
38. (a) Ke kgolagano efe, eo Jesu le ene a e umakang, e e tlotlomadiwang mo boperofeting jwa ga Jeremia? (b) Go bolelwa tsholofelo efe ya Bogosi?
38 Ka nako ya fa Jesu a ne a simolola moletlo wa Sejo sa Morena sa Maitseboa a na le barutwa ba gagwe, o ne a supa go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Jeremia malebana le kgolagano e ntšha. Ka gone o ne a umaka “kgōlaganō e ncha mo madiñ a me,” eo mo go yone dibe tsa bone di neng di itshwarelwa mme ba phuthiwa jaaka morafe wa ga Jehofa wa semoya. (Luke 22:20; Yer. 31:31-34) Batho bano ba ba tsetsweng ka moya bao ba neng ba tlisiwa mo kgolaganong e ntšha ke bone ba Keresete a ba tsenyang mo kgolaganong ya Bogosi, go ya go busa le ene kwa magodimong. (Luke 22:29; Tshen. 5:9, 10; 20:6) Bogosi jono bo umakiwa makgetlo a le mmalwa mo boperofeting jwa Yeremia. Mo dikatlholong tsotlhe tsa Jerusalema o o sa ikanyegeng, Jeremia o ne a supa gore lefa go le jalo go na le tsholofelo eno: “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla cosetsañ Dafide Letlhogèlè ya tshiamō ka eōna, me o tla busa yaka kgosi, a ba a diha ka botlhale, me o tla dihatsa katlholō le tshiamishō mo lehatshiñ.” Ee, kgosi e e bidiwang “Yehofa ke tshiamō ea rona.”—Yer. 23:5, 6.
39. Go boa ga masalela kwa Babelona, jaaka go boleletswe pele ke Jeremia, go tlhomamisetsa eng?
39 Jeremia o bua gape ka go busediwa gae ga bone: “Me ba tla dihèla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè, eo ke tla mo ba cosetsañ.” (30:9) Kwa bokhutlong, o bolela ka lefoko le le molemo le Jehofa o le buileng kaga Iseraele le Juda, a bolela gore “mo metlheñ euō, le ka lobaka louō, [Jehofa o] tla tlhogisetsa Dafide Letlhogèlè ya tshiamō,” e le gore a ntsifatse losika lwa gagwe le gore go tle go nne “ñwana oa mosimane eo o tla busañ mo setuloñ sa gagwè sa bogosi.” (33:15, 21) Fela jaaka go tla ne go na le masalela a a neng a bowa kwa Babelona, jalo Bogosi jwa “letlhogèlè” leno la tshiamo bo tla diragatsa tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng lotlhe.—Luke 1:32.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 326, 480.