Tatian—A e Ne e le Mmueledi wa Tumelo Kana Mokgelogi?
FA MOAPOSELOLOI PAULO a tloga a wetsa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, o ne a kopana le banna ba bagolwane ba phuthego ya kwa Efeso. O ne a ba raya a re: “Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.”—Ditiro 20:29, 30.
Fela jaaka Paulo a ne a buile, lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. e ne ya nna nako ya diphetogo le ya botlhanogi jo bo neng bo boleletswe pele. Bokenosetiki, jo e neng e le mokgatlho wa bodumedi le wa borafilosofi o o neng wa senya tumelo ya badumedi ba le bantsi, bo ne bo gola. Bakenosetiki ba ne ba dumela gore dilo tsa semoya di molemo le gore dilo tse dingwe tsotlhe di ne di le boikepo. E re ka ba ne ba dumela gore dilo tsotlhe tsa nama di boikepo, ba ne ba gana go nyala le go nna le bana, ba re Satane ke ene yo o simolotseng dilo tseno. Bangwe ba bone ba ne ba dumela gore ga go molato gore motho o dira eng ka mmele wa gagwe wa nama ka gonne selo sa botlhokwa e ne e le se se amanang le bomoya jwa gagwe. Pono e e ntseng jalo e ne ya dira gore ba tshele botshelo jwa go feteletsa dilo, e ka ne e le ka go itima dilo kana go kgotsofatsa nama ka tsela e e feteletseng. Bakenosetiki ba bolela gore motho o bona poloko fela go tswa mo masaitseweng a Sekenosetiki, kana ka kitso e a e bonang ka namana, ba ne ba sa dumele mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo.
Batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba tsibogela jang kotsi eno ya Bokenositiki? Banna bangwe ba ba rutegileng ba ne ba le kgatlhanong le thuto eo ya maaka fa ba bangwe bone ba ne ba ineelela tlhotlheletso ya yone. Ka sekai, Irenaeus o ne a simolola go tsaya matsapa a a tsereng lobaka lo loleele a go ganetsa dithuto tsa bokgelogi. O ne a rutilwe ke Polycarp, monna yo o tshetseng mo motlheng wa baaposetoloi. Polycarp o ne a kgothatsa batho thata gore ba kgomarele dithuto tsa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Le mororo Florinus, yo e neng e le tsala ya ga Irenaeus le ene a ne a rutilwe ke Polycarp, ene o ne a amogela dithuto tsa ga Valentinus, moeteledipele yo mogolo wa mokgatlho wa Bakenositiki. Eo e ne e le nako ya tlhakatlhakano e kgolo ruri.
Mekwalo e e senolang se se neng se direga mo motlheng oo ke ya ga Tatian, mokwadi yo o itsegeng thata wa lekgolo la bobedi la dingwaga. Tatian e ne e le monna yo o ntseng jang? Go ne ga tla jang gore a ipitse Mokeresete? Mme Tatian o ne a kgona jang go itshokela tlhotlheletso ya dithuto tsa maaka tsa Bakenositiki? Dikarabo tsa gagwe tse di kgatlhang le sekao sa gagwe di ka ruta batho ba ba senkang boammaaruri gompieno dithuto tsa botlhokwa.
Go Rakana le “Mekwalo Mengwe E e Sa Tlwaelegang”
Tatian o ne a tlholega kwa Siria. Go tsaya mesepele e mentsi le go bala thata go ne ga dira gore a nne le kitso e kgolo ka setso sa Bagerika le Baroma ba motlha wa gagwe. Tatian o ne a tla kwa Roma e le sebui sa phatlhalatsa se se etileng. Le fa go ntse jalo, fa a le kwa Roma, o ne a gapiwa mogopolo ke Bokeresete. O ne a simolola go tsalana le Justin Martyr, gongwe e le moithuti wa gagwe.
Tatian o bolela jaana mo pegong e e senolang dilo di le dintsi e e malebana le motlotlo wa gagwe le Bakeresete ba nako eo: “Ke ne ka senka kafa ke neng ke ka bona boammaaruri ka teng.” Fa a tlhalosa se se neng sa mo diragalela ka namana fa a ne a bona tshono ya go bala Dikwalo, a re: “Ke ne ka rakana le mekwalo mengwe e e sa tlwaelegang e e neng e le ya kgale thata mo e neng e ka se bapisiwe le megopolo ya Bagerika e bile e le molemo thata mo e neng e ka se bapisiwe le diphoso tsa bone; mme ke ne ka tlhotlhelediwa go dumela mo go yone ke tsela e e utlwalang sentle e e kwadilweng ka yone, go ikanyega ga bakwadi ba yone, tsela e e neng e kgona go bolelela pele ditiragalo tsa isagwe ka yone, melao ya yone ya maemo a a kwa godimo le tsela e e buelelang puso ya lobopo lotlhe e e ikaegileng ka Motho a le mongwe fela.”
Tatian o ne a se ka a okaoka go kgothaletsa batho ba motlha wa gagwe go sekaseka Bokeresete jwa motlha wa gagwe le go ela tlhoko tsela e bo sa raraanang ka yone le kafa bo utlwalang sentle ka teng fa bo bapisiwa le tsela e boheitane bo neng bo raraane ka yone. Re ka ithuta eng go tswa mo mekwalong ya gagwe?
Mekwalo ya Gagwe e Senola Eng?
Mekwalo ya ga Tatian e mo senola e le mmueledi wa tumelo, e le mokwadi yo o neng a femela tumelo ya gagwe. O ne a le kgatlhanong thata le filosofi ya boheitane. Mo bukeng ya gagwe ya Address to the Greeks, o gatelela kafa boheitane bo se nang mosola ka teng le tsela e Bokeresete ba motlha wa gagwe bo neng bo le tekatekano ka yone. O dirisa mafoko a a bogale tota fa a kwala, a supa kafa a leng kgatlhanong le ditsela tsa Bagerika ka teng. Ka sekai, fa a bua ka Heracleitus, yo e neng e le rafilosofi a re: “Le fa go ntse jalo, loso lwa monna yono lo supile gore ke seeleele; e re ka a ne a ithutile tsa kalafi le dithuto tsa filosofi, o ne a itshasa boloko jwa kgomo morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa pudulogo, mme fa boloko jono bo sena go omelela, o ne a sosobana letlalo lotlhe la mmele mo e leng gore o ne a nathogana dinama mme a swa.”
Tatian o ne a tlotla thata thuto ya gore go na le Modimo a le mongwe, Mmopi wa dilo tsotlhe. (Bahebera 3:4) Mo bukeng ya Address to the Greeks, o bua ka Modimo a re ke “Moya” a bo a re: “Ke ene fela a se nang tshimologo, mme Ke Ene mosimolodi wa dilo tsotlhe.” (Johane 4:24; 1 Timotheo 1:17) Tatian o ne a kwala jaana fa a ganetsa kgang ya go dirisa ditshwantsho mo kobamelong: “Nka bitsa dikgong le matlapana jang ke re ke medimo?” (1 Bakorintha 10:14) O ne a dumela gore Lefoko, kana Logos, o ne a nna gone e le leitibolo la ditiro tsa Rre wa legodimo mme morago ga moo o ne a dirisiwa go bopa lobopo. (Johane 1:1-3; Bakolosa 1:13-17) Tatian o ne a bua jaana malebana le tsogo e e tla diregang ka nako e e beilweng: “Re dumela gore batho ba tla tsosiwa ka mmele morago ga bokhutlo jwa dilo tsotlhe.” Tatian o ne a kwala jaana fa a tlhalosa lebaka la go bo re swa: “Re ne re sa bopelwa go swa, mme gone re swa ka ntlha ya molato wa rona. Tshwanelo ya rona ya go itlhophela ke yone e e re baketseng mathata; rona ba re neng re gololesegile re fetogile makgoba; re rekisitswe ka ntlha ya boleo.”
Tsela e Tatian a tlhalosang moya ka yone e tlhakanya tlhogo. A re: “Bagerika, moya o a swa, kgang ya gore ga o swe ga e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go a kgonega gore o se ka wa swa. Fa moya o sa itse boammaaruri o a swa, o bo o nyelela le nama, le fa go ntse jalo, kgabagare o tsoga gape le mmele ka nako ya bokhutlo jwa lefatshe, o bo o atlholelwa loso ka kotlhao ya bosakhutleng.” Ga go utlwale sentle gore fa Tatian a ne a bua mafoko ano o ne a kaya eng. A e ka tswa e le gore le mororo a ne a batla go kgomarela dithuto dingwe tsa Baebele, gape o ne a tla a leka go itumedisa batho ba motlha wa gagwe mme seno sa dira gore a kgotlele dithuto tsa Dikwalo ka difilosofi tsa boheitane?
Buka e nngwe e e itsegeng ya ga Tatian ke ya Diatessaron, kana Harmony of the Four Gospels. Tatian e ne ya nna motho wa ntlha go abela diphuthego tsa Siria Diefangele ka puo ya bone. Buka eno e e neng e tseelwa kwa godimo, e ne e kopanya dibuka tse nnè tsa Efangele go di dira buka e le nngwe. E ne e dirisiwa ke Kereke ya Siria.
A e Ne e Le Mokeresete Kana Mokgelogi?
Go sekaseka mekwalo ya ga Tatian ka kelotlhoko go supa gore o ne a tlwaelane le Dikwalo le gore o ne a di tlotla thata. O kwala jaana a tlhalosa kafa di neng tsa mo tlhotlheletsa ka teng: “Ga ke gakalele go huma; ke gana maemo mo bosoleng; ke ila kgokafalo; ga ke tseye mesepele ka sekepe ka gonne ke tlhotlhelediwa ke lorato lo lo feteletseng lwa go rata dikhumo; . . . ga ke gakalele go tuma . . . Rotlhe re tlhabelwa ke letsatsi le le tshwanang, e bile rotlhe re a swa re ka tswa re tshelela mo khumong kana mo khumanegong.” Tatian o gakolola jaana: “Tlogela go nna karolo ya lefatshe, gana boeleele jwa lone. Direla Modimo mme o fetole botho jwa gago jwa bogologolo ka go ithuta ka Ene.”—Mathaio 5:45; 1 Bakorintha 6:18; 1 Timotheo 6:10.
Le fa go ntse jalo, akanya ka buka ya ga Tatian ya setlhogo se se reng On Perfection According to the Doctrine of the Savior. O amanya lenyalo le Diabolo. Tatian o ne a le kgatlhanong thata le lenyalo a bolela gore batho ba tla bo ba itira makgoba a nama mo lefatsheng leno le le senyegang fa ba nyala.
Go bonala Tatian a ile a simolola lekoko la baitlami le le bidiwang Encratites kana a ka tswa a ile a ikamanya le lone, mo e ka nang ka 166 C.E., fa Justin Martyr a sena go swa. Balatedi ba lone ba ne ba gatelela boikgapo le gore motho a laole mmele wa gagwe. Ba ne ba itima dilo, ba sa nwe beine, ba sa nyale e bile ba sa nne le dithoto.
Thuto E re Ka Ithutang Yone
Ke eng fa Tatian a ile a fapoga dithuto tsa Dikwalo thata jaana? A o ne a fetoga “moutlwi yo o lebalang bobe”? (Jakobe 1:23-25) A Tatian o ile a palelwa ke go gana dithuto tsa maaka mme seo sa dira gore a fenngwe ke difilosofi tsa batho? (Bakolosa 2:8; 1 Timotheo 4:7) E re ka diphoso tse a neng a di ema nokeng di ne di le dikgolo thata, a e ka tswa e se gore o ile a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka nakwana?
Le fa seemo e ka tswa e le sefe, mekwalo ya ga Tatian le sekao sa gagwe di re naya lesedinyana la kafa maemo a bodumedi a neng a le ka gone mo motlheng wa gagwe. Di bontsha kafa tlhotlheletso ya filosofi ya lefatshe e leng kotsi ka teng. E kete re ka tsaya tsia tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re furalele “dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.”—1 Timotheo 6:20.