Kgaolo ya Borobedi
Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba fitlhela go le thata go dumela gore mo bogautshwaneng go tla nna le phetogo e kgolo mo bodumeding jwa lefatshe? (b) Re itse jang gore mafoko a Isaia kgaolo 47 a tla diragadiwa mo isagweng? (c) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore bodumedi jotlhe jwa maaka bo bidiwe “Babelona o Mogolo”?
“BODUMEDI bo a Boa.” Setlhogo sengwe sa The New York Times Magazine se ne sa bolela molaetsa oo. Setlhogo seo se ne sa bontsha gore go lebega bodumedi bo sa ntse bo ngangatletse dipelo le megopolo ya dimilione tsa batho fela thata. Ka gone go ka nna thata go dumela gore go setse go le gaufi gore go diragale phetogo e kgolo mo bodumeding jwa lefatshe. Mme kgaolo ya bo47 ya Isaia e tlhalosa phetogo e e ntseng jalo.
2 Mafoko a ga Isaia a diragetse dingwaga di le 2 500 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, mafoko a a kwadilweng mo go Isaia 47:8 a nopotswe mo bukeng ya Tshenolo mme a lebisitswe kwa go sengwe se se tla diragalang mo isagweng. Baebele koo e bolelela pele bokhutlo jwa mokgatlho o o tshwantshiwang le seaka o o bidiwang “Babelona o Mogolo”—mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 16:19) Go a tshwanela gore ditumelo tsa lefatshe tsa maaka di bidiwe “Babelona” ka gonne bodumedi jwa maaka bo simologile kwa Babelona wa bogologolo. Go tswa foo bo ne jwa anamela kwa dintlheng tsoo nnè tsa lefatshe. (Genesise 11:1-9) Dithuto tsa bodumedi tse di tlholegileng kwa Babelona, tse di jaaka go sa sweng ga moya, molelo wa dihele, le kobamelo ya medimo ya tharonngwe, di mo e batlileng e le mo ditumelong tsotlhe, go akaretsa le Labokeresete.a A boporofeti jwa ga Isaia ga bo fe lesedi lepe malebana le isagwe ya bodumedi?
Babelona o Digelwa mo Loroleng
3. Tlhalosa bogolo jwa Mmuso wa Lefatshe wa Babelona.
3 Reetsa polelo eno e e gakgamatsang ya Modimo: “Fologa o tle go nna mo loroleng, wena morwadia Babelona wa kgarebane. Nna fa fatshe mo lefatsheng fa go se nang setulo sa bogosi gone, wena morwadia Bakaladia. Gonne ga o kitla o bidiwa gape ke batho ba re o bokoa le tlekeetso.” (Isaia 47:1) Go fetile dingwaga tse dintsi Babelona a busa e le mmuso o o laolang wa lefatshe. O ntse a le “mokgabiso wa magosi”—lefelo le le atlegileng la bodumedi, kgwebo le sesole. (Isaia 13:19) Fa Babelona a le kwa setlhoeng sa puso ya gagwe, mmusomogolo wa gagwe o fitlha le kwa borwa kwa molelwaneng wa Egepeto. Mme fa a fenya Jerusalema ka 607 B.C.E., go lebega e kete le Modimo tota a ka se ka a kganela diphenyo tsa gagwe! Ka gone, o ipona e le ‘morwadi wa kgarebane,’ yo le ka motlha a ka se kang a tlhaselwa ke naga e sele.b
4. Babelona o tla diragalelwa ke eng?
4 Le fa go ntse jalo, “kgarebane” eno e e ikgogomosang e tla digwa mo setulong sa yone sa bogosi sa go nna mmuso wa lefatshe o o sa lekaneng le ope mme e dirwa gore e ‘nne mo loroleng’ e tlhabisitswe ditlhong. (Isaia 26:5) Ga a kitla a tlhola a lejwa jaaka yo o “bokoa le tlekeetso,” jaaka kgosigadi e e pepetlediwang. Ka gone Jehofa o laela jaana: “Tsaya lelwala o sile bupi. Bipolola lesire la gago. Apola sekete se se phuthologileng. Bipolola leoto. Kgabaganya dinoka.” (Isaia 47:2) Babelona jaanong o tla tshwarwa jaaka lekgoba ka boene, morago ga gore a dire setšhaba sotlhe sa Juda makgoba! Bameda le Baperesia, ba ba mo tlosang mo maemong a gagwe a go nna le maatla, ba tla mo pateletsa gore a ba direle tiro e e tlhabisang ditlhong.
5.(a)Babelona o tla apolwa ‘lesire la gagwe le sekete se se phuthologileng’ jang? (b) Taelo ya gore a ‘kgabaganye dinoka’ e ka tswa e kaya eng?
5 Ka gone Babelona o tla bo a apotswe ‘lesire la gagwe le sekete se se phuthologileng,’ a sa tlhole a saletswe ke sepe fela sa bogolo jwa gagwe le seriti sa pele. Bagobagobetsi ba gagwe ba tla laela ba re, “Kgabaganya dinoka.” Gongwe Bababelona bangwe e bile ba tla laelwa go dira ditiro tsa bokgoba tse di direlwang kwa ntle. Kgotsa gongwe boporofeti bo kaya gore bangwe ba tla gogagogiwa ka tsela ya mmatota go kgabaganya dinoka fa ba isiwa botshwarwa. Kgang ke gore, Babelona ga a ne a tlhola a tsamaya ka tsela ya maemo ya kgosigadi e e tshedisiwang nokana e le mo setulong kgotsa mo kolotsaneng. Go na le moo, o tla tshwana le lekgoba le le tshwanelwang ke go tlogela mekgwa e mentle mme le tsholetse sekete le bipolola maoto a lone gore le gobue metsi go kgabaganya noka. A matlhabisaditlhong!
6. (a) Bosaikategang jwa Babelona bo tla bipololwa ka tsela efe? (b) Modimo ‘ga a kitla a kopana le motho ope ka bopelonomi’ ka tsela efe? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
6 Jehofa o tswelela pele a mo kgoba: “O tshwanetse wa bipolola bosaikategang jwa gago. Gape le kgobo ya gago e tshwanetse go bonwa. Ke tla ipusolosetsa, mme ga nkitla ke kopana le motho ope ka bopelonomi.” (Isaia 47:3)c Ee, Babelona o tla tlhabisiwa ditlhong le go tlontlololwa. Boikepo le bosetlhogo jo a bo direlang batho ba Modimo bo tla senolwa. Ga go motho ope yo o ka kganelang Modimo fa a ipusolosetsa!
7. (a) Batshwarwa ba Bajuda ba tla itshwara jang fa ba utlwela ka go wa ga Babelona? (b) Jehofa o tla rekolola batho ba gagwe ka tsela efe?
7 Batho ba Modimo ba tla itumela thata fa Babelona yo o nonofileng a wa, a sena go ba dira batshwarwa dingwaga di le 70. Ba tla goa jaana: “Go na le Yo o re rekololang. Leina la gagwe ke Jehofa wa masomosomo, Moitshepi wa Iseraele.” (Isaia 47:4) Mo Molaong wa ga Moshe, fa Moiseraele a ne a ithekisa gore a nne lekgoba e le gore a duele melato ya gagwe, morekolodi (mongwe wa losika) o ne a ka mo rekolola mo bokgobeng. (Lefitiko 25:47-54) E re ka Bajuda ba tla bo ba rekiseditswe mo bokgobeng jwa Babelona, ba tla tlhoka go rekololwa, kgotsa go gololwa. Mo makgobeng, gantsi phenyo e felela ka go fetisediwa go mong yo mosha fela. Mme Jehofa o tla tlhotlheletsa Kgosi Kurose yo o fenyang gore a golole Bajuda mo bokgobeng. Kurose o tla newa Egepeto, Ethiopia le Seba go nna “thekololo” mo boemong jwa Bajuda. (Isaia 43:3) Go a tshwanela go bo Morekolodi wa Iseraele a bidiwa “Jehofa wa masomosomo.” Masole a Babelona a go lebegang a le maatla ga se a sepe fa a bapisiwa le masomosomo a ga Jehofa a a sa bonaleng a baengele.
Ditlamorago Tsa Bosetlhogo
8. Babelona o tla ‘tsena mo lefifing’ ka tsela efe?
8 Jehofa o tswelela pele go kgoba Babelona ka tsela ya boporofeti: “Nna fa fatshe ka tidimalo mme o tsene mo lefifing, wena morwadia Bakaladia; gonne batho ga ba kitla ba go bitsa gape ba re o Mohumagadi wa Magosi.” (Isaia 47:5) Babelona ga a ne a salelwa ke sepe fa e se lefifi le khutsafalo. Ga a kitla a tlhola a gatelela magosi a mangwe e le mohumagadi yo o setlhogo.—Isaia 14:4.
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a galefela Bajuda?
9 Gone ke ka ntlha yang fa Babelona a ne a letlelelwa go utlwisa batho ba Modimo botlhoko di tloga fela? Jehofa o tlhalosa jaana: “Ke ne ka gakalela batho ba me. Ke ne ka itshepolola boswa jwa me, me ka ba tsenya mo seatleng sa gago.” (Isaia 47:6a) Jehofa o na le lebaka le le utlwalang la gore a galefele Bajuda. O ne a kile a ba tlhagisa pele gore fa ba sa utlwe Molao wa gagwe ba tla kobiwa mo nageng eo. (Duteronome 28:64) Fa ba ne ba simolola go obamela medingwana le go dira boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, Jehofa ka lorato o ne a nna a romela baporofeti gore ba ba thuse go boela kwa kobamelong e e itshekileng. Mme le fa go ntse jalo “ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba sotla baporofeti ba gagwe, go fitlha tšararego ya ga Jehofa e tla mo bathong ba gagwe, go fitlha go se na phodiso.” (2 Ditiragalo 36:16) Ka jalo Modimo o letla boswa jwa gagwe, Juda, gore bo tlhapadiwe fa Babelona a tlhasela naga a bo a leswefatsa tempele ya Gagwe e e boitshepo.—Pesalema 79:1; Esekiele 24:21.
10, 11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a galefetse Babelona, le mororo e le thato ya gagwe gore a fenye batho ba gagwe?
10 Ka ntlha ya seo, a Babelona ga a diragatse fela se e leng thato ya Modimo fa a isa Bajuda bokgobeng? Nnyaa, gonne Modimo a re: “Ga o a ka wa ba bontsha mautlwelobotlhoko ape. O ne wa dira jokwe ya gago boima thata mo monnamogolong. Mme o ne wa nna wa re: ‘Ke tla nna Mohumagadi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’ Ga o a ka wa tsaya dilo tseno ka masisi; ga o a ka wa gakologelwa bokhutlo jwa kgang.” (Isaia 47:6b, 7) Modimo ga a laela Babelona gore a dire ka bosetlhogo jo bo feteletseng, a sa utlwele “le eleng bannabagolo” botlhoko. (Dikhutsafalo 4:16; 5:12) Le gone ga a ba rotloetsa gore ba itumele ka bopeloemaswe fa ba sotla batshwarwa ba bone ba Bajuda.—Pesalema 137:3.
11 Babelona ga a lemoge gore o tla laola Bajuda ka nakwana fela. O itlhokomolositse ditlhagiso tsa ga Isaia tsa gore, fa nako e ntse e ya, Jehofa o tla golola batho ba gagwe. O itshwara jaaka e kete o ne a na le tshwanelo ya go gatelela Bajuda ruri le go tswelela e le mohumagadi wa ditšhaba tse a di laolang ka bosakhutleng. Ga a tseye tsia molaetsa wa gore puso ya gagwe e e gatelelang e tla nna le “bokhutlo”!
Go wa Ga Babelona go Bolelelwa Pele
12. Ke ka ntlha yang fa Babelona a bidiwa “mosadi yo o ratang menate”?
12 Jehofa o bolela jaana: “Jaanong utlwa seno, wena mosadi yo o ratang menate, yo o nnang ka polokesego, yo o buang mo pelong ya gagwe a re: ‘Ke nna, mme ga go na ope o sele. Ga nkitla ke nna jaaka motlholagadi, e bile ga nkitla ke itse gore go latlhegelwa ke bana go ntse jang.’” (Isaia 47:8) Babelona e itsiwe thata ka go rata menate. Mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. e bong Herodotus o bolela ka “ngwao e e tlhabisang ditlhong fela thata” ya Babelona, ya gore basadi botlhe ba tshwanetse ba ithekisa mebele e le go tlotla modimo wa bone wa sesadi wa lorato. Mokwalahisitori wa bogologolo e bong Curtius le ene o ne a re: “Mekgwa ya motse oo e ne e le makgapha mo go feteletseng; ga go bosula bope jo bo dirwang ka bontsi jo bo ka rotloetsang le go raela batho go dira makgapha a a feteletseng go feta jo bo neng bo dirwa koo.”
13. Go rata menate ga Babelona go tla dira jang gore a we ka bonako?
13 Go rata menate ga Babelona go tla dira gore a we ka bonako. Mo maitseboeng a pele ga a wa, kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di tla dira mokete, di nwa go fitlha di tagwa. Ka gone, ga ba kitla ba lemoga masole a Bameda le Baperesia fa ba tlhasela motse. (Daniele 5:1-4) E re ka Babelona a ‘ntse ka polokesego,’ o tla akanya gore dipota tsa gagwe tse go lebegang di ka se ka tsa thujwa le mosele wa gagwe di tla mo sireletsa fa a tlhaselwa. O ipolelela gore “ga go na ope o sele” yo o ka tsamayang a tsaya maemo a gagwe a bogolo. Ga a akanye gore a ka tsamaya a nna “motlholagadi,” a latlhegelwa ke mmusi wa mmusomogolo wa gagwe mmogo le ke “bana” ba gagwe, kana setšhaba. Le fa go ntse jalo, ga go na lobota lope lo lo ka mo sireletsang mo letsogong le le ipusolosetsang la ga Jehofa Modimo! Jehofa o tla bolela jaana moragonyana: “Le fa Babelona a ka tlhatlogela kwa magodimong le fa a ka dira gore bogodimo jwa nonofo ya gagwe e nne jo bo sa ka keng jwa atamelwa, bathopi ba tla tla kwa go ene ba tswa mo go nna.”—Jeremia 51:53.
14. Babelona o tla “swelwa ke bana [a bo a nne] motlholagadi” ka ditsela dife?
14 Babelona o tla diragalelwa ke eng? Jehofa o tswelela jaana: “Mme le fa go ntse jalo dilo tseno tse pedi di tla go tlela ka tshoganyetso, mo letsatsing le le lengwe fela: go swelwa ke bana le botlholagadi. Di tla go tlela ka selekanyo sa tsone se feletse, ka ntlha ya bontsi jwa boloi jwa gago, ka ntlha ya thata e e feletseng ya mafoko a gago a maselamose—ka tsela e e feteletseng.” (Isaia 47:9) Ee, bogolo jwa Babelona jwa go nna mmuso wa lefatshe bo tla fela ka tshoganyetso. Kwa dinageng tsa bogologolo tsa Botlhaba, go nna motlholagadi le go swelwa ke bana e ne e le ditiragalo tse di botlhoko thata tse di neng di ka tlela mosadi. Ga re itse gore Babelona o swelwa ke “bana” ba le kae mo bosigong jo a oleng ka jone.d Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya motse oo o tla sala o se na batho gotlhelele. (Jeremia 51:29) Gape o tla nna motlholagadi ka tsela ya gore dikgosi tsa gagwe di tla tlosiwa mo setulong sa bogosi.
15. Kwantle ga bosetlhogo jwa Babelona mo Bajudeng, Jehofa o mo galefetse ka ntlha ya lebaka lefe le lengwe?
15 Le fa go ntse jalo, tsela e Babelona a neng a sotla Bajuda ka yone ga se lone fela lebaka la go bo Jehofa a ile a galefa. O galefisiwa le ke ‘bontsi jwa boloi jwa gagwe.’ Molao o Modimo a o neileng Iseraele o kgala bodimona; mme Babelona ene o dirisa masaitseweng fela thata. (Duteronome 18:10-12; Esekiele 21:21) Buka ya Social Life Among the Assyrians and Babylonians e bolela gore Bababelona “ba ne ba tshelela mo poifong e e sa feleng ya badimona ba bantsintsi ba ba neng ba dumela gore ba ba dikologile.”
Go Ikanya Bosula
16, 17. (a) Babelona o ‘ikanya bosula jwa gagwe’ jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go fedisiwa ga Babelona go ka se ka ga thibelwa?
16 A didupe tsa Babelona di tla mmoloka? Jehofa o araba jaana: “O ne wa nna o ikanya bosula jwa gago. O rile: ‘Ga go na ope yo o mponang.’ Botlhale jwa gago le kitso ya gago—ke sone se se go timeditseng; mme o nna o bua mo pelong ya gago o re: ‘Ke nna, mme ga go na ope o sele.’” (Isaia 47:10) Babelona o akanya gore a ka tswelela a le mmuso wa lefatshe ka botlhale jwa gagwe jwa lefatshe le jwa bodumedi, maatla a gagwe a sesole, le bosetlhogo jwa gagwe jwa boferefere. O akanya gore ga go na ope yo o ka ‘mmonang,’ ke gore a mo tseye a ikarabelela ditiro tsa gagwe tse di bosula. Le gone ga a bone ope yo o tla mo lwantshang mo bogautshwaneng. O ipolelela jaana: “Ke nna, mme ga go na ope o sele.”
17 Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlhagisa jaana a dirisa moporofeti wa gagwe yo mongwe: “A motho le fa e le ope o ka subiwa mo mafelong a go itshuba mme nna ka se ka ka mmona?” (Jeremia 23:24; Bahebera 4:13) Ka gone, Jehofa o bolela jaana: “O tla tlelwa ke masetlapelo; ga o kitla o kgona go a tshereanya. Mme o tla welwa ke pitlagano; ga o kitla o kgona go e tila. Mme ka tshoganyetso o tla tlelwa ke tshenyo e o neng o sa e itse.” (Isaia 47:11) Medimo ya Babelona le fa e le go “tshereanya” ka maselamose ga batho ba gagwe ba ba dirisanang le meya ga go ka ke ga thibosa masetlapelo a a tlang—a a sa tshwaneng le sepe se se kileng sa mo diragalela!
Bagakolodi ba Babelona ba a Palelwa
18, 19. Go ikaega ga Babelona ka bagakolodi go tla nna kotsi jang?
18 Jehofa o laela jaana a dirisa tshotlo e e botlhoko: “Ema fela jaanong, ka mafoko a gago a maselamose le ka bontsi jwa boloi jwa gago, tse o ileng wa dira ka natla mo go tsone go tswa bosheng jwa gago; e le gore gongwe di ka kgona go go tswela mosola, gore gongwe o tsenye batho letshogo.” (Isaia 47:12) Babelona o gwetlhiwa gore a ‘eme fela,’ kgotsa a tswelele pele a ikaegile ka maselamose, a sa fetoge. Kana ebu, o ile a dira ka natla go tlhabolola tsamaiso ya boloi go tloga “bosheng” jwa gagwe jaaka setšhaba.
19 Mme Jehofa o a mo sotla, a re: “O lapisitswe ke bontsintsi jwa bagakolodi ba gago. A ba eme ka dinao jaanong, ba go boloke, baobamedi ba magodimo, ba ba lebang dinaledi, ba ba nayang kitso ka bongwedi ba basha malebana le dilo tse di tla go diragalelang.” (Isaia 47:13)e Babelona o tla lebana le go palelwa mo go botlhoko ga bagakolodi ba gagwe. Ke boammaaruri gore tepodinaledi ya kwa Babelona e tla bo e tlhabolotswe ka go lebelela dinaledi ka makgolokgolo a dingwaga. Mme mo bosigong jo a wang ka jone, go palelwa mo go tlhabisang ditlhong ga balepadinaledi ba gagwe go tla senola gore boitseanape ga bo na mosola.—Daniele 5:7, 8.
20. Go tla diragala eng ka bagakolodi ba Babelona?
20 Jehofa o konela karolo eno ya boporofeti ka go re: “Bona! Ba tshwana le dirite. Molelo o tla ba laila. Ga ba kitla ba golola moya wa bone mo maatleng a kgabo ya molelo. Ga go kitla go nna le magala a a tukang gore batho ba ithuthafatse, le fa e le lesedi la molelo le ba ka nnang fa pele ga lone. Ka jalo ba tla nna jalo mo go wena, ba o ileng wa dira ka natla le bone e le batshereanyi ba gago go tswa bosheng jwa gago. Ba tla kgarakgatshega, mongwe le mongwe a ya kwa kgaolong ya gagwe. Ga go kitla go nna le ope yo o tla go bolokang.” (Isaia 47:14, 15) Ee, bagakolodi bano ba tloga ba tlelwa ke dinako tse di fisang. E tla bo e se molelo o o bothitho o batho ba ka ithuthafatsang ka one, mme e tla bo e le molelo o o senyang o o lailang o o tla senolang bagakolodi ba maaka gore ba ntse jaaka dirite tse di se nang mosola. Ga go gakgamatse he, go bo bagakolodi ba Babelona ba tla tshaba ka ntlha ya letshogo! E re ka setshegetso sa Babelona sa bofelo se tla bo se ile, ga go kitla go nna le ope yo o ka mmolokang. O tla diragalelwa ke sone se a tla bong a se diretse Jerusalema.—Jeremia 11:12.
21. Mafoko a ga Isaia a boporofeti a diragala jang le gone leng?
21 Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a simolola go diragadiwa mo ngwageng wa 539 B.C.E. Masole a Bameda le Baperesia a eteletswe pele ke Kurose a gapa motse, a bo a bolaya kgosi ya teng ya nama o tshwere, Beleshasare. (Daniele 5:1-4, 30) Mo bosigong bo le bongwe fela, Babelona o digilwe mo maemong a gagwe a go busa lefatshe. Ya fela jalo puso ya Ba-Semite e e tsereng makgolo a dingwaga, mme lefatshe la simolola go busiwa ke Ba-Aryan. Babelona ka boene o tsena mo motlheng wa go wa o o tla tsayang makgolo a dingwaga. Ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., o sala e le “mekoa ya maje” fela. (Jeremia 51:37) Ka jalo boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka botlalo.
Babelona wa Motlha wa Gompieno
22. Go wa ga Babelona go re ruta eng ka ga boikgogomoso?
22 Boporofeti jwa ga Isaia bo na le dilo tse dintsi tse di tshwanetseng tsa akanyediwa. Selo sa ntlha, bo bontsha dikotsi tsa boikgogomoso le boikgodiso. Go wa ga Babelona yo o boikgodiso go supela seane seno sa Baebele: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” (Diane 16:18) Ka dinako tse dingwe boikgogomoso bo laola botho jwa rona jo bo sa itekanelang, mme go “gogomosiwa ke boikgogomoso” go ka dira gore re wele “mo kgobong le mo serung sa ga Diabolo.” (1 Timotheo 3:6, 7) Ka jalo, go molemo go tsaya tsia kgakololo eno ya ga Jakobe: “Ikokobetseng mo matlhong a ga Jehofa, mme o tla lo godisa.”—Jakobe 4:10.
23. Boporofeti jwa ga Isaia bo re thusa gore re nne le tshepo efe?
23 Mafoko ano a boporofeti gape a re thusa go tshepa Jehofa, yo o nang le maatla go feta baganetsi botlhe ba gagwe. (Pesalema 24:8; 34:7; 50:15; 91:14, 15) Eno ke kgakololo e e gomotsang mo metlheng eno e e bokete. Go tshepa Jehofa go re nonotsha gore re nne re ititeile sehuba gore re nne re se na molato mo matlhong a gagwe, re itse gore “isagwe ya motho [yo o se nang molato] e tla nna le kagiso.” (Pesalema 37:37, 38) Ka metlha re tshwanetse go leba kwa go Jehofa go na le go ikanya maatla a rona fa re lebane le “ditiro tsa botsipa” tsa ga Satane.— Baefeso 6:10-13, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
24, 25. (a) Ke ka ntlha yang fa tepodinaledi e sa utlwale, mme ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba e ikanya? (b) Mabaka mangwe a a dirang gore Bakeresete ba tile tumelobotlhodi ke afe?
24 Go botlhokwa go bo re tlhagisiwa ka mekgwa ya bodimona, bogolo jang tepodinaledi. (Bagalatia 5:20, 21) Fa Babelona a wa, batho ba ile ba tswelela pele ba dumela mo tepodinaleding. Go a kgatlha go bo buka ya Great Cities of the Ancient World e bontsha gore ditlhopha tsa dinaledi tse di neng di tshwailwe ke Bababelona di “sutile” mo di neng di le teng mo metlheng ya bogologolo, “ka jalo di dira gore mogopolo otlhe [wa tepodinaledi] e nne boeleele.” Le fa go ntse jalo, tepodinaledi e sa ntse e atile, e bile dipampiri di le dintsi tsa dikgang di na le dikholomo tse di dirang gore babadi ba tsone ba kgone go bona dihorosekoupo motlhofo fela.
25 Ke eng se se dirang gore batho—bontsi jwa bone e le dirutegi—ba ikanye dinaledi kana ba dire mekgwa e mengwe e e sa utlwaleng ya tumelobotlhodi? The World Book Encyclopedia ya re: “Tumelobotlhodi e tla nna e le teng mo botshelong fa fela batho ba sa ntse ba tshabana e bile ba sa tlhomamisege ka isagwe.” Poifo le go sa tlhomamisege di ka dira gore batho ba dumele mo botlhoding. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bone ba tila tumelobotlhodi. Ga ba boife motho ope—Jehofa ke ene a ba tshegetsang. (Pesalema 6:4-10) E bile ga ba etsaetsege ka isagwe; ba itse maikaelelo a ga Jehofa a a senotsweng e bile ga ba na pelaelo gore “boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla ema ka bosakhutleng.” (Pesalema 33:11) Go tshela tumalanong le kgakololo ya ga Jehofa go re tlhomamisetsa isagwe e e itumetseng, e e nnetseng ruri.
26. “Dikakanyo tsa batho ba ba botlhale” di itshupile jang di ‘se na mosola’?
26 Mo dingwageng tsa bosheng jaana bangwe ba ile ba leka go tlhodumela isagwe ka ditsela tse di etseng thata kwa “saenseng.” E bile go na le thuto e go tweng futurology, e go tlhalosiwang e le “thuto ya dilo tse go akanngwang gore di ka diragala mo isagweng go lebilwe dilo tse di diragalang jaanong.” Ka sekai, morago kwa, ka 1972 setlhopha sa barutegi le borakgwebo se se bidiwang Club of Rome se ne sa bolelela pele gore ka 1992 gouta, mercury, zinc le petroleum di tla bo di fedile gotlhelele mo lefatsheng. Gone ke boammaaruri gore lefatshe le ntse le le mo mathateng a a boitshegang fa e sale ka 1972, mme polelelopele eo e ne e rathile sekgwa. Lefatshe le sa ntse le na le gouta, mercury, zinc le petroleum. Eleruri, motho o lekile ka natla yotlhe go bolelela isagwe pele, mme diphopholetso tsa gagwe ga di ke di ikanyega. Eleruri, “dikakanyo tsa batho ba ba botlhale ga di na mosola”!— 1 Bakorintha 3:20.
Bokhutlo jo bo Tlang Jwa Babelona o Mogolo
27. Babelona o Mogolo o ne a wa leng jaaka Babelona a ole ka 539 B.C.E. mme e le ka tsela efe?
27 Ditumelo tsa motlha wa gompieno di ile tsa tsweledisa dithuto di le dintsi tsa Babelona wa bogologolo pele. Ka gone, go a tshwanela go bo mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka o bidiwa Babelona o Mogolo. (Tshenolo 17:5) Mokgatlho oo wa ditšhabatšhaba o setse o ole jaaka Babelona wa bogologolo a ne a wa ka 539 B.C.E. (Tshenolo 14:8; 18:2) Ka 1919 masalela a bomonnawe Keresete a ne a tswa mo botshwarong jwa semoya mme a tswa mo tlhotlheletsong ya bodumedi ya Labokeresete, karolo ya konokono ya Babelona o Mogolo. Fa e sa le ka nako eo Labokeresete ga e tlhole e na le tlhotlheletso e kgolo jaaka pele mo dinageng di le dintsi tse e kileng ya bo e nonofile kwa go tsone.
28. Babelona o Mogolo o ikgantsha jang, mme o tlile go diragalelwa ke eng?
28 Le fa go ntse jalo, go wa moo e ne e le ketapele fela ya go senngwa ga bofelo ga bodumedi jwa maaka. Se se kgatlhang ke gore, boporofeti jwa Tshenolo jwa go senngwa ga Babelona o Mogolo bo re gopotsa mafoko a boporofeti a a kwadilweng mo go Isaia 47:8, 9. Fela jaaka Babelona wa bogologolo, Babelona o Mogolo wa motlha wa gompieno a re: “Ke ntse jaaka kgosigadi, ga ke motlholagadi, e bile ga ke kitla ke bona khutsafalo.” Mme “dipetso tsa gagwe di tla [tla] ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.” Ka jalo mafoko a boporofeti a a kwadilweng mo go Isaia kgaolo 47 ke tlhagiso mo go botlhe ba ba sa ntseng ba le mo bodumeding jwa maaka. Fa ba batla go tila go senngwa le ene, ba tshwanetse ba tsaya tsia taelo eno e e tlhotlheleditsweng: “Tswang mo go ene”!—Tshenolo 18:4, 7, 8.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga tshimologo ya dithuto tsa bodumedi jwa maaka, bona buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Ka Sehebera, “morwadia Babelona wa kgarebane” ke polelwana e e kayang Babelona kgotsa banni ba Babelona. Ke “kgarebane” ka gonne ga a ise a ko a thopiwe ke mofenyi ope fa e sa le a nna mmuso wa lefatshe.
c Polelwana ya Sehebera e e ranotsweng go twe “ga nkitla ke kopana le motho ope ka bopelonomi” e ile ya tlhalosiwa ke bakanoki e le “polelwana e go leng thata tota” go e ranola. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tsenya lefoko “bopelonomi” go bontsha gore go ne go se kitla go letlwa batho bape ba kwa ntle go thusa Babelona. Thanolo nngwe ya Jewish Publication Society e ranola polelwana eno jaana: “Ga nkitla ke . . . letla ope go tsereganya.”
d Buka ya Nabonidus and Belshazzar, ya ga Raymond Philip Dougherty, e bontsha gore le fa Nabonidus Chronicle e bolela gore batlhasedi ba Babelona ba ne ba tsena “kwantle ga go lwa,” mokwalahisitori wa Mogerika e bong Xenophon o bontsha gore go ka tswa go ile ga nna le tshololo ya madi.
e Bangwe ba ranola polelwana ya Sehebera e e ranotsweng go twe “baobamedi ba magodimo” ka go re “bakgaoganyi ba magodimo.” Seno se ka kaya mokgwa wa go kgaoganya magodimo ka dikarolo gore go dirwe dihorosekoupo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 111]
Babelona yo o ratang menate o tla digelwa mo loroleng
[Setshwantsho mo go tsebe 114]
Balepadinaledi ba Babelona ga ba ne ba kgona go bolelela pele go wa ga gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 116]
Khalendara ya kwa Babelona ya tepodinaledi, mileniamo wa ntlha B.C.E.
[Ditshwantsho mo go tsebe 119]
Go ise go ye kae, Babelona wa motlha wa gompieno o tla bo a sa tlhole a le teng