Buka ya Bibela ya bo 23—Isaia
Mokwadi: Isaia
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: Morago ga 732 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 778–morago ga 732 B.C.E.
1. Seemo e ne e le sefe mo Botlhaba Bogare, mme segolobogolo mo Iseraele le mo Juda, mo lekgolong la borobabobedi la dingwaga B.C.E.?
MMUSI yo o setlhogo wa Asiria o ne a tshedisetsa mebuso e mengwe e megolo le magosi a mabotlana a Botlhaba Bogare mo letshogong mo ba neng ba sa je di welang. Mo kgaolong eo yotlhe kgang e ne e le ka merero le go bopa tlamagano. (Isa. 8:9-13) Iseraele wa motenegi kwa bokone o ne a tloga a direlwa boferefere ke merafe mengwe e mentsi, fa dikgosi tsa Juda kwa borwa tsone di ne di busa ka go nna di itshogetse fela. (2 Dikg., kgao. 15-21) Go ne go dirwa dibetsa tse disha tsa ntwa mme ebile di dirisiwa, se se neng se dira gore batho ba metlha eo ba nne mo poifong fela. (2 Ditih. 26:14, 15) Motho o ne a ka bona tshireletso le poloko kae? Lemororo batho le baperesiti ba bogosi jo bo botlana jwa Juda ba ne ba bua ka leina la ga Jehofa, dipelo tsa bone di ne tsa leba kgakala go sele, sa ntlha ba leba kwa Asiria mme go tswa foo ba fologela kwa tlase kwa Egepeto. (2 Dikg. 16:7; 18:21) Tumelo ya bone mo go Jehofa e ne ya ngotlega. Bangwe ba ne ba obamela medimo ya disetwa ka tlhamalalo, ba bangwe bone kobamelo ya bone e ne e le ya boitimokanyo, e le seomodiro fela mme e se gore ba boifa Modimo ka boammaaruri.
2. (a) Ke mang yo o neng a araba pitso ya go buelela Jehofa, mme o ne a dira jalo leng? (b) Ke eng se se botlhokwa ka leina la moperofeti yono?
2 Ke mang he, yo o neng a tla buelela Jehofa? Ke mang yo o neng a tla bolela gore o na le maatla a go falotsa batho? Ga utlwala karabelo ya motho mongwe yo o iketleeditseng a re, “Ke hano, roma nna.” Motho yo o neng a bua jalo e ne e le Isaia, yo o neng a ntse a dira jaaka moperofeti pele ga seno. E ne e le ka ngwaga o Kgosi Usia wa molepero a neng a tlhokafala ka one, e le mo e ka nnang ka 778 B.C.E. (Isa. 6:1, 8) Leina Isaia le raya “Poloko ya ga Jehofa,” leo tlhaloso ya lone e tshwanang le ya leina Jesu (“Jehofa Ke Poloko”), lefa yone e kwalelwa kwa morago. Go tswa fela kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, boperofeti jwa ga Isaia bo tlotlomatsa ntlha eno, gore Jehofa ke ene poloko.
3. (a) Ke eng se se itsiweng malebana le Isaia? (b) O ne a perofesa mo nakong efe, mme baperofeti ba bangwe ba motlha wa gagwe e ne e le bafe?
3 Isaia e ne e le morwa Amose (yono ga se Amose yo e neng e le moperofeti kwa Juda). (1:1) Dikwalo ga di bolele sepe kaga gore o ne a tsalwa leng a bo a tlhokafala leng, lemororo go ya ka polelo ya bogologolo ya Bajuda a ne a fatoganngwa ka shage ke Kgosi Manase. (Bapisa Bahebera 11:37) Mekwalo ya gagwe e supa gore o ne a le mo Jerusalema a na le mosadi wa gagwe wa moperofeti wa sesadi mme gongwe le bomorwawe ba babedi bao maina a bone e neng e le a seperofeti. (Isa. 7:3; 8:1, 3) O ka nna a bo a ne a le moperofeti ka nako ya dikgosi tse nnè tsa Juda: Usia, Jothame, Ahase, le Hesekia; mo go lebegang a ne a simolola mo e ka nnang ka 778 B.C.E. (fa Usia a ne a tlhokafala, kana gongwe pelenyana ga foo) mme a tswelela gongwe go fitlhela morago ga 732 B.C.E. (ngwaga wa bo 14 wa go busa ga ga Hesekia), kana dingwaga tse di seng kwa tlase ga tse 46. Kwantle ga pelaelo gape o ne a setse a kwadile boperofeti jwa gagwe mo ngwageng o o umakiwang labofelo ono. (1:1; 6:1; 36:1) Baperofeti ba bangwe ba motlha wa gagwe e ne e le Mika wa kwa Juda le Hosea le Obede kwa bokone.—Mika 1:1; Hosea 1:1; 2 Ditih. 28:6-9.
4. Ke eng se se supang gore Isaia ke ene yo o neng a kwala buka eno?
4 Isaia 30:8 e tlhomamisa gore Jehofa o ne a laela Isaia go kwala dikatlholo tsa boperofeti ka go re: “Me yana ea u se kwalè ha pele ga bōnè mo sekwalel[o]ñ, me u se kwalè ka go se nyenyèka mo lokwaloñ, gore e tlè e nnè selō sa motlha o o tlañ, ka bosakhutleñ [l]e ka bosaeeñkae.” Borabi ba bogologolo ba Bajuda ba ne ba tsaya Isaia jaaka mokwadi wa buka eno mme ba kwala buka eo jaaka buka ya ntlha ya baperofeti ba bagolo (Isaia, Jeremia, le Esekiele).
5. Ke eng se se supang gore buka ya Isaia e a dumalana?
5 Lemororo bangwe ba supa gore mokgwa o o farologaneng oo buka eno e kwadilweng ka one go simologa ka kgaolo 40 go ya pele o supa gore e kwadilwe ke mokwadi o sele go tswa foo, kana “Isaia wa Bobedi,” lebaka la gore go buiwa ka kgang e sele le tshwanetse la tlhalosa seno ka botlalo. Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Isaia ke ene yo o kwadileng buka eo yotlhe eo e bidiwang ka leina la gagwe. Ka sekai, gore buka eo ke selo se le sengwe fela go supiwa ka mafoko a a reng, “Moitshepi oa Iseraela,” ao a tlhagang makgetlo a le 12 mo dikgaolong 1 go ya go 39, le makgetlo a le 13 mo dikgaolong 40 go ya go 66, mo e nnang makgetlo a le 25 otlhe; lemororo a tlhaga makgetlo a le 6 fela mo Dikwalong tsotlhe tse dingwe tsa Sehebera. Moaposetoloi Paulo le ene o supela gore buka eo e a tsamaisana ka go tsopola mo dikarolong tsotlhe tsa boperofeti le go supa fa buka eo yotlhe e kwadilwe ke mokwadi a le mongwefela, ebong Isaia.—Bapisa Baroma 10:16, 20; 15:12 le Isaia 53:1; 65:1; 11:1.
6. Momeno wa Lewatle je le Suleng wa buka ya Isaia o na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jang malebana le (a) gore Dibibela tsa rona gompieno ke mokwalo wa ntlha o o tlhotlheleditsweng le (b) gore buka eo yotlhe e ne ya kwalwa ke Isaia a le mongwefela?
6 Ka mo go kgatlhisang, go simolola ka ngwaga wa 1947, go ne ga ntshiwa mekwalo mengwe ya bogologolo mo dikgageng tse di lefifi tse di seng kgakala le Khirbet Qumran, gaufi le lotshitshi lo lo kafa bokonebophirima jwa Lewatle le le Suleng. Mekwalo eno e ne e le Memeno ya Lewatle je le Suleng, eo e neng e akaretsa boperofeti jwa Isaia. Mekwalo eno e kwadilwe ka botswerere ka mokwalo wa Sehebera sa pele ga Ba-Masora se se phepa mme e na le dingwaga tse 2 000 e ntse e kwadilwe, go simolola kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka gone ditemana tsa yone di na le dingwaga tse di ka nnang sekete go feta mekwalo ya bogologolo e e leng teng ya ditemana tsa Masora, tseo dithanolo tsa bosheng tsa Dikwalo tsa Sehebera di thailweng mo go tsone. Go na le dipharologanyo di sekae tsa mopeleto le tsa go rulaganngwa ga puo, mme dithuto tsa yone tsa motheo ga di farologane le tsa ditemana tsa Masora. Seno ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Bibela ya rona gompieno e na le molaetsa wa kwa tshimologong o o tlhotlheleditsweng wa Isaia. Mo godimo ga moo, memeno eno ya bogologolo e latofatsa dipolelo tsa batshwayadiphoso tsa gore go na le “Bo Isaia” ba le babedi, ereka kgaolo 40 e simolola mo moleng wa bofelo mo kolomong e kgaolo 39 e leng mo go yone, seele sa ntlha se felela mo kolomong e e latelang. Ka gone, kwantle ga pelaelo mokwalolodi o ne a sa lemoge sepe ka magatwe a gore mokwadi wa go tloga foo ke o sele kana gore buka eo e kgaogane ka tsela nngwe.a
7. Go na le bosupi bofe jo bontsi jwa gore buka ya Isaia e boammaaruri?
7 Go na le bosupi bo le bontsi thata jo bo supang gore buka ya Isaia e boammaaruri. Kwantle ga Moshe, ga go na moperofeti ope yo mongwe yo o tsopolwang gantsi jaana ke bakwadi ba Bibela ba Bakeresete. Ka mo go tshwanang go na le bosupi bo le bontsi fela thata jwa dilo tse di ileng tsa diragala le jwa bafatolodi jo bo supang gore e boammaaruri, jo bo tshwanang le dikwalo tsa hisitori kaga magosi a Asiria, go akaretsa le letlapanakwalelo le le galalelang le le dikhutlothataro la ga Senakaribe leo mo go lone a bolelang kafa a neng a gapa Jerusalema ka gone.b (Isa., dikg. 36, 37) Mekoakoa ya marope a e kileng ya bo e le Babelona ke bosupi jo bongwe gape jwa gore Isaia 13:17-22 e ne ya diragadiwa.c Mongwe le mongwe wa Bajuda ba ba diketekete ba ba neng ba boela kwa Babelona, ba ba neng ba gololwa ke kgosi yo leina la gagwe, Kurose, le neng le ile la kwalwa ke Isaia mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele ga moo, ba ne ba fa bosupi jo bo nonofileng. Go ka nna ga bo go ile ga diragala gore Kurose a bo a ile a bontshiwa mokwalo ono wa boperofeti moragonyana, ka gonne, fa a ne a golola masalela a Bajuda, o ne a bolela fa Jehofa e ne e le ene yo o mo romileng go dira jalo.—Isa. 44:28; 45:1; Esere 1:1-3.
8. Go diragadiwa ga boperofeti jo bo buang ka Mesia go supa jang gore buka eno e tlhotlheleditswe?
8 Boperofeti jo bo tlhomologileng mo bukeng ya Isaia ke jo bo buang ka Mesia. Isaia o ile a bidiwa “moperofeti wa Efangele,” ereka dipolelelopele tsa gagwe tse di diragadiwang mo ditiragalong tsa botshelo jwa ga Jesu di le dintsi fela thata. Kgaolo 53, e ka lobaka lo loleele e neng e ntse e le “kgaolo ya masaitsiweng,” eseng fela go moopahadiwa wa Moethiopia yo go buiwang ka ene mo go Ditihō kgaolo 8 mme le mo Bajudeng botlhe, e bolelela pele sentle kafa Jesu a neng a tla tshwarwa ka teng mo e ntseng jaaka ekete ke polelo ya motho yo o boneng ka matlho. Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika go kwadilwe ditiragatso tsa boperofeti tsa kgaolo eno e e kgatlhisang ya Isaia, jaaka dipapisa tse di latelang di bontsha: tem. 1—Yohane 12:37, 38; tem. 2—Yohane 19:5-7; tem. 3—Mareko 9:12; tem. 4—Mathaio 8:16, 17; tem. 5—1 Petere 2:24; tem. 6—1 Petere 2:25; tem. 7—Ditihō 8:32, 35; tem. 8—Ditihō 8:33; tem. 9—Mathaio 27:57-60; tem. 10—Bahebera 7:27; tem. 11—Baroma 5:18; tem. 12—Luke 22:37. Ke mang yo o ka kgonang go lebela pele ka go opa kgomo lonaka jalo fa e se Modimo fela?
SEO SE LENG MO GO ISAIA
9. Buka ya Isaia e kgaogantswe ka dikarolo dife?
9 Dikgaolo tsa ntlha tse thataro di bolela kafa dilo di neng di ntse ka gone mo Juda le Jerusalema gape di anela molato o Juda a neng a o dira fa pele ga ga Jehofa le go rongwa ga ga Isaia. Kgaolo 7 go ya go kgaolo 12 di bua ka ditlhaselo tse di tshosang tsa mmaba le tsholofetso ya gore go ne go tla nna le Kgosana ya Kagiso e e romilweng ke Jehofa e e neng e tla golola batho. Kgaolo 13 go ya go 35 di na le metseletsele ya dikatlholo tseo merafe e le mentsi e neng ya atlholwa ka tsone ebile di bolelela pele ka poloko eo e neng e tla tlisiwa ke Jehofa. Ditiragalo tse di sa lebalesegeng tsa puso ya ga Hesekia di tlhalosiwa mo go kgaolo 36 go ya go 39. Dikgaolo tse dingwe, 40 go ya go 66, setlhogo sa tsone ke go gololwa mo Babelona, go bowa ga masalela a Bajuda, le go tsosolosiwa ga Siona.
10. (a) Ke ka ntlhayang fa Isaia a ikuela mo morafeng o gore o baakanye seemo sa one? (b) O perofesa eng kaga metlha ya bofelo?
10 Molaetsa wa ga Isaia “kaga Yuda le Yerusalema” (1:1–6:13). Akanya o mmona a apere letsela ja kgetsi a rwele bomphatšhane jaaka a ema mo Jerusalema a bo a goa ka go re: Babusaesi! Batho ke lona! Reetsang! Morafe wa lona o lwala go tswa kwa tlhogong go ya kwa monwaneng wa kgonope, mme lo lapisitse Jehofa ka dithapelo tsa lona tse lo di rapelang lo tsholeditse diatla tse di tshasegetseng madi. Tlang, baakanyang dilo fa gare ga lona le ene, e le gore dibe tsa lona tse di bohibidu jo bo mokgona di tle di nne ditshweu jaaka kapoko. Mo metlheng ya bofelo, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tla tlhatlosiwa, mme merafe yotlhe e tla ologela kwa go yone go ya go rutwa. Ga ba kitla ba ithuta ntwa gope. Jehofa o tla tlotlomadiwa le go itshepisiwa. Mme mo nakong eno Iseraele le Juda, lemororo ba ne ba tlhomilwe e le mofine o o kgethegileng, jaanong ba ungwa mofine o o senang molao. Ba senya se se molemo mme se se bosula baa se siamisa, ka gonne ba botlhale mo matlhong a bone fela.
11. Isaia o amogela thomo ya gagwe mo ponatshegelong efe?
11 “Ka bōna Yehofa a dutse mo setuloñ sa bogosi, se le kwa godimo, se choletsegile,” Isaia o bolela jalo. Mo ponatshegelong eno gape o utlwa Jehofa a mo roma a re: “Ea u reè chaba e, u re, Go utlwa loa utlwa.” Ka lobaka lo lo kana kang? “Ke go tlo go tsamaee metse e kgakgabale hèla.”—6:1, 9, 11.
12. (a) Isaia le bomorwawe ba dirisiwa jang jaaka ditshupo tsa boperofeti? (b) Ke tsholofelo efe e e tlhomologileng e e newang mo go Isaia kgaolo 9?
12 Ditlhaselo tse di tshosang tsa mmaba le tsholofetso ya kgololo (7:1–12:6). Jehofa o dirisa Isaia le barwa ba gagwe jaaka ‘ditshupo le dikgakgamatso’ tsa boperofeti go bontsha gore lekoko la ntlha la Siria le Iseraele le le tlileng go tlhabana le Juda le tla fenngwa mme morago ga nako Juda o tla ya botshwarwa mme go boe masalela fela. Morweetsana mongwe o tla ithwala a bo a tshole ngwana wa mosimane. Leina la gagwe e tla nna mang? O tla bidiwa Imanuele (se se rayang gore, “Modimo O Na Le Rona”). Ekete lekoko la baba ba ba lwang le Juda ba ka lemoga selo seno! “Itlameñ, me lo tla thubagañwa.” Go tla nna le dipaka tse di thata, mme ka nako eo batho ba Modimo ba tla phatsimelwa ke lesedi je legolo. Ka gonne re tsaletswe ngwana, “me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō.”—7:14; 8:9, 18; 9:6.
13. (a) Moasiria yo o boikgodiso o tlile go diragalelwa ke eng? (b) Ke eng se se tla diragalang fa go busa “letlhogèla” la ga Jese?
13 “Hèè, Moasiria,” Jehofa o goa jalo, “thobane ea bogale yoa me.” Morago ga a sena go dirisa thobane eo kgatlhanong le “morahe o o matlhapa,” Modimo o tla senya Asiria wa moikgogomosi ka boene. Moragonyana, “masalèla a tla boea.” (10:5, 6, 21) Jaanong bonang kalana, letlhogela le le tswang mo thitong ya ga Jese (rraagwe Dafide)! “Letlhogèla” leno le tla busa ka tshiamo, mme le tla dira gore dibopiwa tsotlhe di ipele, gore go seka ga nna sepe se se di gobatsang kana se se di senyang, “gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” (11:1, 9) Yono o simolola tsela ya mheru e e tswang kwa Asiria ya go boa ga masalela, e le sesupo mo merafeng. Go tla nna le boitumelo jo bogolo fa go giwa metsi mo melatswaneng ya poloko le fa go opelelwa Jehofa dipina tse di monate.
14. Ke go wa gofe mo go bolelelwang pele gore go tla diragalela Babelona?
14 Go bolela tatlhego ya Babelona (13:1–14:27). Jaanong Isaia o bonela pele ka kwa ga motlha wa Baasiria mo nakong ya fa Babelona a tla bo a nonofile thata. Reetsa! Modumo wa batho ba bantsi, mosumo wa magosi, wa merafe e e kgobokaneng mmogo! Jehofa o kgobokanya masole a ntwa! Ke letsatsi le le lefifi mo go Babelona. Mo difatlhegong tsa batho go bonala kgakgamalo, dipelo tsa bone di a nyera. Bameda ba ba senang pelotlhomogi ba tla kokobetsa Babelona, “kgalalèlō ea magosi.” O tshwanetse go nna lefelo le le swafetseng fela le go sa nneng sepe mo go lone mme e le bonno jwa dibatana “go cwa kokomaneñ, go ea kokomaneñ.” (13:19, 20) Baswi ba ba mo Bobipong ba tlhotlhelediwa go amogela kgosi ya Babelona. O ntse mo dibokong mme mmele wa gagwe o mokaganetswe ke dibokwana. Abo ‘naledi eno ya masa, morwa pelafalo ya bosa’ e ole jang ne! (14:12) O ne a lekela go tlhatlosa bogosi jwa gagwe mme o nna setopo se se latlhetsweng kwa ntle fela, jaaka Jehofa a nyeletsa Babelona jaaka ekete o mo feela ka lefeelo le legolo. Ga go a tshwanela ga sala leina lepe la gagwe, lefa e le masalela, lefa e le losika, kana kokomana!
15. Isaia o perofeta ka tshwafalo efe e e tla diragalelang merafe e mentsi?
15 Go swafadiwa ga meraferafe (14:28–23:18). Jaanong Isaia o supa kwa morago kwa Filisitia go bapa le Lewatle la Mediterranean mme go tswa foo a bo a supa kwa Moaba, kwa borwabotlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Mo boperofeting jwa gagwe o bua ka Damaseko wa Siria o o ka kwa ga molelwane o o kwa bokone wa Iseraele, o tsamaela kwa teng kwa Ethiopia, a bo a tlhatlogela kwa godimo ga noka ya Nile a ya kwa Egepeto, a tsamaya a bolela dikatlholo tsa Modimo tse di tla tlisang tshwafalo fa a ntse a feta ka metse eo. O bolela kafa kgosi Saragone wa Asiria, yo o neng a tlhatlhamiwa ke Senakaribe, a neng a romela molaodi wa masole ebong Taretane ka gone go ya go tlhabana le motse wa Filisitia wa Ashedoda, kwa bophirima jwa Jerusalema. Mo nakong eno Isaia o bolelelwa gore a apole sengwe le sengwe mme a tsamaye a sa ikatega a bile a sa rwala ditlhako ka dingwaga di le tharo. Ka gone o tshwantshetsa sentle kafa go leng boeleele ka gone go ikanya Egepeto le Ethiopia, bao ba tla isiwang botshwarwa kwa Asiria, ka “maragō a a cocweñ.”—20:4.
16. Go lebelwa pele matlhotlhapelo afe ka Babelona, Edoma, le bathata ba Jerusalema, mmogo le ka Sidona le Ture?
16 Fa a leba kwa ntle a le mo toreng ya gagwe ya tebelo o bona Babelona a wa mmogo le medimo ya gagwe, mme go tswa foo o bona dipitlagano tsa Edoma. Jehofa ka boene o bua le batho ba ba thata ba Jerusalema bao ba reng, “A re yeñ, re nweñ, gonne re tla shwa ka moshō.” ‘Eleruri lo tla swa,’ Jehofa o bolela jalo. (22:13, 14) Dikepe tsa kwa Tareshisha le tsone di tshwanetse go bokolela, mme Sidone ene o tshwanetse go tlhabisiwa ditlhong, ka gonne Jehofa o tlhagisitse Ture gore “a tsenyè batlotlegi botlhe ba lehatshe lonyacō.”—23:9.
17. Ke katlholo efe le go busediwa gae tse di bolelelwang pele ka Juda?
17 Katlholo ya ga Jehofa le poloko (24:1–27:13). Mme jaanong a ko o bone Juda! Jehofa o nyeletsa sengwe le sengwe mo lefatsheng leno. Batho le moperesiti, motlhanka le mong wa gagwe, moreki le morekisi—botlhe ba tshwanetse go tsamaya, ka gonne ba tlodile melao ya Modimo ebile ba robile kgolagano e e neng e le ya bosakhutleng. Mme morago ga nako e e rileng o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa magolegweng a bo a a phutha. Ke kago e e thata ya phemelo le botshabelo. O tla dira mokete wa dijo mo thabeng ya gagwe a bo a kometse loso ka bosakhutleng, a phimole dikeledi mo matlhong a batho botlhe. Go tla buiwa go twe “Bonañ, Modimo oa rona.” “Ke èna Yehofa.” (25:9) Juda o na le motse o o sireleditsweng ke dipota. Bao ba ikanyang mo go Jehofa ba nna mo kagisong ka metlha, “gonne mo go MORÈNA YEHOFA go na le lehika ya bosaeeñkae.” Mme moikepi ene “ga a ke a ithuta tshiamō.” (26:4, 10) Jehofa o tla bolaya baba ba gagwe, mme o tla busetsa Jakobe mo mannong a gagwe.
18, 19. (a) Go bolelwa fa Eferaime le Siona di tla tlelwa ke bohutsana le boipelo bofe? (b) Jehofa o tla boloka a bo a busa batho ba gagwe ka ditsela dife?
18 Bogale jwa Modimo le masego a gagwe (28:1–35:10). Abo go latlhega matagwa a Eferaime, bao “bontlè yo bo galalèlañ” jwa bone bo tla nyelelang jang ne! Mme Jehofa ene “o tla nna serwalō sa tlhōgō sa kgalalèlō” mo masaleleng a batho ba gagwe. (28:1, 5) Lefa go ntse jalo, baikgantshi ba Jerusalema ba batla botshabelo mo selong sa maaka fela, go na le go bo batla mo lentsweng la motheo le le lekilweng ebile e le le le tlhokegang la Siona. Ba tla nyelediwa ke morwalela o o tla phunyegang ka tshoganetso. Baperofeti ba Jerusalema ba robetse, mme ba tswaletswe buka ya Modimo. Lefa ba utlwala ba le gaufi fa ba bua, dipelo tsa bone tsone di kgakala fela thata. Lefa go le jalo go tla tla letsatsi leo dimumu di tla utlwang mafoko a buka eno. Difofu di tla bona mme bapelonomi bone ba tla ipela.
19 Abo go latlhega bao ba yang go batla botshabelo kwa Egepeto! Batho ba ba tlhogodithata bano ba batla diponatshegelo tse di buang mafoko a mantle, tse di tsietsang. Ba tla kgaolwa, mme Jehofa o tla busa masalela a bone. Batho bano ba tla bona Morutisi wa bone yo o Molemolemo, mme ba tla gasagasa ditshwantsho tsa bone tsa disetwa, ba di bitsa “se se mashwè.” (30:22) Mofemedi wa boammaaruri wa Jerusalema ke Jehofa. Kgosi e tla busa ka tshiamo, e na le dikgosana tsa gagwe. O tla tlisa kagiso, tidimalo, le tshireletsego tse di tla nnelang ruri ka bosakhutleng. Boferefere bo tla dira gore barongwa ba kagiso ba lele mo go botlhoko, mme Motlotlegi yo Mogolo yono, Jehofa, ke ene Moatlhodi, Monei-Molao, le Kgosi mo bathong ba gagwe, mme ke ene yo o tla ba bolokang. Ga go na moagi ope yo o tla reng: “Kea bobola.”—33:24.
20. Ke bogale bofe jo bo tlogang bo tsogela merafe, mme ke masego afe ao a emetseng masalela a a buseditsweng gae?
20 Jehofa o tshwanetse go galefela merafe. Ditopo di tla nkga, mme dithaba di tla elela madi. Edoma o tshwanetse go kgakgabadiwa fela. Mme mo barekololweng ba ga Jehofa bone, dipowa tsa dikaka di tla nyakalala, mme “kgalalèlō ea ga Yehofa, le boitlotlomaco ya Modimo oa rona,” di tla bonala. (35:2) Difofu, bosusu, le dimumu di tla fodisiwa, bagololwa ba ga Jehofa ba tla bulelwa Tsela ya Boitshepo fa ba boela kwa Siona ka boipelo.
21. Moasiria o goelela Jerusalema ka matlhapa afe?
21 Jehofa o busa Asiria mo motlheng wa ga Hesekia (36:1–39:8). A kgothatso ya ga Isaia ya gore re tshwanetse go ikaega ka Jehofa e na le mosola? A e ka fitlhelwa e le boammaaruri? Mo ngwageng wa bo 14 wa puso ya ga Hesekia, Senakeribe wa Asiria o kgemetha Bapalesetina jaaka ekete ka tshipi a bo a romela masole a mangwe a gagwe go ya go tshosetsa Jerusalema. Mmueledi wa gagwe yo o buang Sehebera, Rabeshake, o botsa batho ba ba ikaegileng ka dipota tsa motse oo dipotso tse di kgobang a re: ‘Lo tshepile eng? A lo tshepile Egepeto? Ke lotlhaka lo lo phatlogileng! A lo tshepile Jehofa? Ga go na modimo ope o o ka lo gololang mo kgosing ya Asiria!’ (36:4, 6, 18, 20) Batho bao ga ba mo arabe ka gope, fela jaaka kgosi e ne e ba laetse.
22. Jehofa o araba thapelo ya ga Hesekia jang, mme O diragatsa boperofeti jwa ga Isaia jang?
22 Hesekia o rapela Jehofa gore a ba boloke ka baka la leina la Gagwe, mme ka Isaia, Jehofa o araba ka gore O tla haka nko ya Moasiria yoo ka sekgoge a bo a mmusa ka tsela e o tsileng ka yone. Moengele mongwe o kgemetha Baasiria ba le 185 000 a ba bolaela ruri, mme Senakaribe ene o ngongwaelela kwa gae, koo barwa ba eleng ba gagwe ba mmolaelang mo tempeleng ya gagwe ya boheitane.
23. (a) Ke eng se se dirang gore Hesekia a tlhamele Jehofa pesalema? (b) Ke selo sefe se a se dirang ka tsela e e seng botlhale, mme seo se felela ka boperofeti bofe jwa ga Isaia?
23 Hesekia o lwalela la go swa. Lefa go ntse jalo, Jehofa ka kgakgamatso o dira gore moriti wa letsatsi o boele kwa morago, e le sesupo sa gore Hesekia o tla fola, mme botshelo jwa ga Hesekia bo okediwa ka dingwaga di le 15. O lebogela seo ka go tlhama pesalema ya mafoko a mantle a baka Jehofa. Fa kgosi ya Babelona e romela barongwa ba yone, a mo akgolela go fola ga gagwe ka boitimokanyo, Hesekia ka go sa lemoge o mmontsha dikhumo tsa segosi. Ka baka leo, Isaia o bolelela pele gore ka letsatsi lengwe sengwe le sengwe se se mo ntlong ya ga Hesekia se tla tseelwa kwa Babelona.
24. (a) Jehofa o bolela mafoko afe a kgomotso? (b) A medimo ya merafe e ka lekana le Jehofa ka bogolo, mme o ba raya a re ba ntshe bosupi bofe?
24 Jehofa o gomotsa basupi ba gagwe (40:1–44:28). Lefoko la ntlha la kgaolo 40 le le reng, “Gomotsañ,” le tlhalosa se se setseng mo bukeng eno ya Isaia sentle. Lentswe lengwe le goa mo nageng le re: “Baakanyañ tsela ea ga Yehofa.” (40:1, 3) Siona o tsholetswe mafoko a mantle. Jehofa o disa letsomane la gagwe, a tshotse dikonyana mo sehubeng sa gagwe. O leba mo ditikologong tsa lefatshe a le kwa magodimong a a kwa godimo. Bogolo jwa gagwe bo ka lekanngwa le jwa eng? O naya ba ba lapileng le ba ba ngodiegang bao ba mo tshepileng maatla a a tletseng le maikatlapelo a magolo. O bolela fa ditshwantsho tse di nyerolositsweng tsa merafe e le phefo fela e bile e se dilo tsa mmatota. Mokgethiwa wa gagwe o tla nna jaaka kgolagano ya batho le lesedi ya merafe le le bulang difofu matlho. Jehofa o raya Jakobe a re, “Me ke gu ratile,” mme o raya go tlhaba ga letsatsi, go phirima ga lone, bokone, le borwa a re: ‘Ntsha, tlisa barwa ba me le bomorwadiake.’ (43:4, 6) Mo tshekong e e tseneng, o gwetlha medimo ya merafe gore e ntshe basupi ba yone go supa gore tota ke medimo. Batho ba Iseraele ke basupi ba ga Jehofa, motlhanka wa gagwe, yo o supang gore ke Modimo le Mogolodi. O solofetsa Jeshurune (“Mothokgami,” Iseraele) gore o tla mo naya moya wa gagwe mme go tswa foo o tlhabisa badiri ba ditshwantsho tsa disetwa tse di sa boneng sepe, tse di sa itseng sepe ditlhong. Jehofa ke ene Morekolodi wa batho ba gagwe; Jerusalema o tla agiwa gape mme tempele ya gagwe e tla agiwa sesha.
25. Ke eng se batho ba tla simololang go se itse fa Jehofa a atlhola Babelona le medimo ya gagwe ya maaka?
25 Ipusolosetso mo go Babelona (45:1–48:22). Jehofa o bolela fa Kurose e le ene yo o tla fenyang Babelona, go golola Iserale. Go tla dirwa gore batho ba itse gore Jehofa ke ene Modimo a le nosi, ke ene Mmopi wa magodimo, lefatshe, le motho yo o mo godimo ga lone. O sotla medimo ya Babelona Bele le Nebo, ka gonne ke Ene fela yo o ka kgonang go bolela bokhutlo fela kwa tshimologong. Morweetsana wa kgarebane wa Babelona o tla nna mo loroleng, a isitswe kwa tlase ebile a sa ikatega, mme matshutitshuti a bagakolodi ba gagwe a tla jewa ka molelo jaaka dirite tsa bojang. Jehofa o bolelela baobamedi ba medimo ya disetwa ‘ya melala ya tshipi, ya ditlhogo tsa kgotlho’ ba Baiseraele gore ba ka nna le kagiso, tshiamo, ba bo ba tlhogonolofala fa ba ka mo reetsa, mme ‘baikepi bone ga ba na kagiso epe.’—48:4, 22.
26. Siona o tla gomodiwa jang?
26 Siona o a gomodiwa (49:1–59:21). Fa Jehofa a ntsha motlhanka wa gagwe jaaka lesedi la lefatshe, o kua ba ba mo lefifing a re: “Cwañ.” (49:9) Siona o tla gomodiwa, mme dinaga tsa gagwe di tla nna jaaka Edena, tshingwana ya ga Jehofa, di penologa ka boitumelo jo bogolo, boipelo, malebogo, le lentswe la pina e e monate. Jehofa o tla dira gore magodimo a tuke ka molelo, lefatshe o tla dira gore le onale jaaka seaparo, mme banni ba lone ba tla swa jaaka montsana fela. Jalo ke ka ntlhayang fa go tshwanetswe ga boifiwa kgobo ya motho yo o swang? Phafana e e nang le seno se se botšarara eo Jerusalema a e noleng jaanong e tshwanetswe go sielwa merafe eo e ileng ya mo gataka.
27. Ke mafoko afe a a molemo a a bolelelwang Siona, mme ke eng se se bolelelwang pele ka ‘motlhanka wa ga Jehofa’?
27 ‘Tsoga, Wena Siona, nanoga mo loroleng!’ Bona morongwa, yo o tlolatlolang mo dithabeng a tshotse mafoko a a molemo mme a bitsa Siona a re, “Modimo oa gago oa busa!” (52:1, 2, 7) Tswang mo lefelong le le seng phepa leno mme lo ipoloke lo le phepa, lona ba lo leng mo tirelong ya ga Jehofa. Jaanong moperofeti yono o tlhalosa ‘motlhanka wa ga Jehofa.’ (53:11) Ke motho yo o nyadiwang, yo o tilwang, yo o rweleng matlhoko a rona mme lefa go le jalo a tsewa jaaka yo o iteilweng ke Modimo. O ne a tlhabelwa maleo a rona, mme o ne a re fodisa ka dintho tsa gagwe. Jaaka konyana e e isiwang tlhabong, o ne a seka a lwa le ope le gone o ne a seka a bua boferefere bope. O ne a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo sa boleo go sikara melato ya batho ba le bantsi.
28. Tshegofalo e e tlang ya Siona e tlhalosiwa jang, mme e le malebana le kgolagano efe?
28 Jehofa o bolelela Siona, jaaka monna wa gagwe, gore a goe ka boipelo ka gonne o tlile go nna le bana ba le bantsi. Lemororo a le mo patikegong ebile a kgarakgatshediwa kwa le kwa, o tla nna motse o metheo ya one e leng safira, o mejakwana ya one e leng rube, o dikgoro tsa one e leng maje a a lakaselang. Bana ba gagwe, ba ba rutwang ke Jehofa, ba tla ipelela letlotlo la kagiso, mme ga go na sebetsa sepe se se tla ba fenyang. “Heelañ! moñwe le moñwe eo o nañ le lenyōra,” Jehofa o tlhaeletsa jalo. Fa ba ka tla, o tla dira “kgōlaganō e e sa khutleñ, eboñ mautlwèlō botlhoko a a tlhōmameñ a ga Dafide” nabo; o tla ntsha moeteledipele le molaodi wa masole go nna mosupi mo ditlhopheng tsa merafe. (55:1-4) Dikakanyo tsa Modimo di kwa godimo fela thata go na le tsa motho, mme eleruri lefoko la gagwe le tla diragala. Baopahadiwa ba ba bolokang molao wa gagwe, lefa e ka bo e le ba morafe ofe fela, ba tla nna le segopotso se se gaisang sa bana ba basimane le ba basetsana. Ntlo ya ga Jehofa e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya batho botlhe.
29. Ke eng se Jehofa a se bolelelang baobamedi ba medimo ya disetwa, mme ke kgothatso efe e a e nayang batho ba gagwe?
29 Jaaka Yo O Kwa Godimo le Motlotlegi, yo leina la gagwe le leng boitshepo, Jehofa o bolelela baobamedi ba medimo ya disetwa ba ba tsentshiwang ke tlhakanelodikobo gore ga a na go emelelana le Iseraele ka bosakhutleng. Ba bipa boikepo jwa bone ka go itima dijo ga bone ga boitimokanyo. Letsogo la ga Jehofa ga le lekhutshwane go ka boloka, le gone ditsebe tsa gagwe ga di bosusu mo di sa kakeng tsa utlwa, mme ke ‘maleo a lona batho ke lona ao a lo kgaoganyang le Modimo wa lona,’ go bolela jalo Isaia. (59:2) Ke gone mo e reng fa ba solofela lesedi ba apaape mo lefifing. Mo letlhakoreng le lengwe, moya wa ga Jehofa o o mo bathong ba o dirileng kgolagano nabo o tiisa gore lefoko la gagwe le tla nnela ruri mo melomong ya bone mo dikokomaneng tsotlhe tse di tlang, ga le na go phimoga ka gope.
30. Jehofa o ntlafatsa Siona jang, jaaka go tshwantshiwa ke maina afe a masha?
30 Jehofa o ntlafatsa Siona (60:1–64:12). “Coga, u phatsimè; gonne . . . kgalalèlō ea ga Yehofa e gu tlhabetse.” Phapaanong le seo, lefifi le le kwenneng le apesitse lefatshe. (60:1, 2) Ka nako eo Siona o tla tlhatlosa matlho a gagwe mme o tla phatsima, mme pelo ya gagwe e tla roroma fa a bona letlotlo la merafe le tlisiwa kwa go ene le rwelwe ke segopa sa dikamela tse di hemang ka thata. Le tla fofela kwa go ene jaaka digopa tsa maphoi a a fofang. Baeng ba tla aga dipota tsa gagwe, dikgosi di tla mo direla, mme dikgoro tsa gagwe ga di kitla di tswalwa ka gope. Modimo wa gagwe o tla nna kgalalelo ya gagwe, mme ka bofefo fela o tla ntsifatsa a le mongwe fela go nna sekete mme yo mmotlana a mo dire morafe o o thata. Motlhanka wa Modimo o khutsa a re moya wa ga Jehofa o mo go ene, o mo tloletsa go bolela mafoko a a molemo. Siona o rewa leina le lesha, Go Itumela Ga Me Go mo go Ene (Hefesiba), mme lefatshe la gagwe le bidiwa Yo O Ruilweng jaaka Mosadi (Beula). (62:4, NW ntlhanyana e e kwa tlase) Go tswa taolo ya gore go tlhatlogelwe mo tseleng go duwe kwa Babelona le gore go tlhagisiwe sesupo mo Siona.
31. Ke mang yo o tswang kwa Edoma, mme batho ba Modimo ba rapela thapelo efe?
31 Mo Bosera mo Edoma go tswa motho mongwe yo o apereng seaparo sa bohibidu jwa madi. Mo tšhakgalong ya gagwe o ile a gatakela batho mo sedibeletsong sa mofine, a dira gore ba phatšhe madi. Batho ba ga Jehofa eleruri ba ikutlwa fa ba se phepa mme ba rapela thapelo e e amang pelo fela thata, ba re: ‘Ao tlhe Jehofa, wena ke wena Rraarona. Rona re letsopa fela, mme wena o Mmopi wa Letsopa. O seka wa gakala, tlhe Jehofa, go feta selekanyo. Rotlhe re batho ba gago.’—64:8, 9.
32. Phapaanong le bao ba latlhang Jehofa, batho ba eleng ba ga Jehofa bone ba ka itumelela eng?
32 “Magodimo a masha le lehatshe ye lesha”! (65:1–66:24). Batho ba ba latlhileng Jehofa ba ya go obamela medimo ya “Mashwalō” le “Ditaolèla” ba tla bolawa ke tlala ba bo ba tlhabiwe ke ditlhong. (65:11) Batlhanka ba Modimo bone ba tla ipela ka botlalo. Bona! Jehofa o tlhola magodimo a masha le lefatshe je lesha. Abo Jerusalema le batho ba gagwe ba tla ipela le go itumela mo gogolo jang ne! Go tla agiwa matlo le masimo a mofine a tla lengwa, fa phiri le konyana tsone di tla fula mmogo. Ga go kitla go nna sepe se se tla gobatsang kana se se tla senyang.
33. Ke boitumelo bofe, kgalalelo, le go nnela ruri tse go bolelelwang pele gore batho ba ba ratang Jerusalema ba tla nna natso?
33 Magodimo ke setulo sa gagwe sa bogosi mme lefatshe lone ke sebeo sa dinao tsa gagwe, jalo batho ba ka agela Jehofa ntlo e e ntseng jang? Morafe mongwe o tla tsholwa ka letsatsi le le lengwe fela, mme barati botlhe ba Jerusalema ba lalelediwa go ipela jaaka Jehofa a mo fa kagiso e eketeng noka. O tla tlhasela baba ba gagwe fela jaaka molelo—dikara tsa gagwe tsa ntwa tse di bofefo jaaka sefefo di tla busolosa bogale jwa gagwe mo nameng yotlhe e e senang kutlo, di tla ka bogale jo bogolo le dikgabo tsa molelo. Go tla tswa barongwa mo merafeng yotlhe ba ya kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala go ya go bolela kgalalelo ya gagwe. Magodimo le lefatshe tsa gagwe tse disha ke tse di tla nnelang ruri. Ka mo go tshwanang, bao ba mo direlang le bana ba bone ba tla ema ka bosakhutleng. Batho ba sele kwantle ga bano ba tla swa loso lwa bosakhutleng.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
34. Ditshwantsho dingwe tse di tlhalosang sentle tseo di nonotshang molaetsa wa ga Isaia ke dife?
34 Lefa buka ya boperofeti ya Isaia e lebiwa ka tsela epe fela, ke mpho e e nang le mosola fela thata e e tswang kwa go Jehofa Modimo. E galalela ka dikakanyo tse di kwa godimo tsa Modimo. (Isa. 55:8-11) Dibui tsa phatlalatsa tsa boammaaruri jwa Bibela di ka dirisa buka ya Isaia go bona ditshwantsho tse dintsi tse di tlhalosang sentle tse di opang kgomo lonaka ka maatla tse di tshwanang le ditshwantsho tsa ga Jesu. Isaia o tlhalosa sentle boeleele jwa motho yo o dirisang setlhare se le sengwe fela go gotsa molelo le go dira modimo wa sesetwa o o obamelwang. O dira gore re babalelwe fela jaaka motho yo o ntseng mo bolawaneng jo bokhutshwane jo kojwana ya jone e leng tshesane, mme o dira gore e nne ekete re utlwa baperofeti ba ba otselang thata ba ba tshwanang le dintša tse di bosusu, tse di tshwakgafalelang go bogola. Fa rona ka borona, jaaka Isaia a kgothatsa, ‘re ka hukutsa buka ya ga Jehofa ra bo ra e balela kwa godimo,’ re ka anaanela molaetsa o o maatla oo buka ya Isaia e o tsholetseng batho ba motlha ono.—44:14-20; 28:20; 56:10-12; 34:16.
35. Isaia o lebisa tlhokomelo mo Bogosing jwa ga Mesia, mmogo le motlapele wa gagwe, Johane wa Mokolobetsi jang?
35 Boperofeti jono bo remeletse segolobogolo mo Bogosing jwa Modimo ka Mesia. Jehofa ka boene ke Kgosi e kgolo, mme ke ene yo o re bolokang. (33:22) Mme go tweng ka Mesia ka boene? Kitsiso ya moengele go Maria ka ngwana yo o tla tsholwang e bontsha gore Isaia 9:6, 7 e ne e tshwanetse go diragadiwa fa a ne a nna mo setilong sa bogosi sa ga Dafide; “me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” (Luke 1:32, 33) Mathaio 1:22, 23 e bontsha gore go tsholwa ga ga Jesu ke kgarebane e ne e le tiragatso ya Isaia 7:14 mme e bolela fa e le “Imanuele.” Dingwaga di ka nna 30 moragonyana, Johane Mokolobetsi o ne a tla a rera gore “bogosi yoa legodimo bo atametse.” Bakwadi botlhe ba banè ba Efangele ba tsopola Isaia 40:3 go bontsha gore Johane yono ke ene yo ‘o neng a kua a le mo nageng.’ (Math. 3:1-3; Mar. 1:2-4; Luke 3:3-6; Yoh. 1:23) Fa Jesu a ne a kolobediwa o ne a nna Mesia—Motlodiwa wa ga Jehofa, letlhogela kana kalana ya ga Jese—yo o neng a tla busa merafe. Ba ne ba tshwanetse go solofela mo go ene, ba diragatsa Isaia 11:1, 10.—Bar. 15:8, 12.
36. Ke ditiragatso tsa boperofeti bofe tse di sa kakeng tsa belaelwa tseo di supang ka phepafalo gore Kgosi ya Mesia ke mang?
36 Bona kafa Isaia a tswelelang a bolela gore Kgosi eno ya Bomesia ke mang! Jesu o bala thomo ya gagwe mo momenong wa Isaia go bontsha gore ke ene Motlodiwa wa ga Jehofa, mme go tswa foo o tswelela “go [rera] Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne,” jaaka a bolela, “ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:17-19, 43; Isa. 61:1, 2) Dipego tsa Diefangele tse nnè di tletse ka dintlha tsa bodihedi jwa ga Jesu jwa selefatshe le mokgwa o a suleng ka one jaaka go ne go boleletswe pele mo go Isaia kgaolo 53. Lemororo Bajuda ba ne ba utlwa mafoko a a molemo a Bogosi joo ba bo ba bona ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jesu, ba ne ba seka ba tlhaloganya ka baka la dipelo tsa bone tse di sa dumeleng, e le tiragatso ya Isaia 6:9, 10; 29:13; le 53:1. (Math. 13:14, 15; Yoh. 12:38-40; Dit. 28:24-27; Bar. 10:16; Math. 15:7-9; Mar. 7:6, 7) Jesu o ne a tshwana le lentswe le le kgopisang mo go bone, mme o ne a nna lentswe la motheo leo Jehofa a neng a le tlhomile mo Siona le leo A agang ntlo ya gagwe ya semoya mo go lone a diragatsa Isaia 8:14 le 28:16.—Luke 20:17; Bar. 9:32, 33; 10:11; 1 Pet. 2:4-10.
37. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tsopola ba bo ba dirisa Isaia jang?
37 Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba tswelela ba dirisa boperofeti jwa Isaia ka botlalo, ba bo dirisa mo bodiheding jwa bone. Ka sekai, fa Paulo a ne a bontsha gore go tlhokega bareri go aga tumelo, o ne a tsopola mo bukeng ya Isaia ka go re: “Ana dinaō di dintlè yañ tsa ba ba lereñ mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō!” (Bar. 10:15; Isa. 52:7; bona le Baroma 10:11, 16, 20, 21.) Petere le ene o tsopola Isaia a bontsha gore mafoko a a molemo a tla nnela ruri a re: “Gonne, ga twe, Nama eotlhe ke boyañ, le go kgaba gotlhe ga eōna go etsa sethunya sa boyañ. Boyañ boa swaba, me sethunya se we: Me lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ. Me yeuō ke yeōna polèlō ea Mahoko a a Molemo, a lo a rerecweñ. Me yeuō ke yeōna polèlō ea Mahoko a a Molemo, a lo a rerecweñ.”—1 Pet. 1:24, 25; Isa. 40:6-8.
38. Ke setlhogo sefe se se galalelang sa Bogosi seo se tlhalosiwang mo go Isaia, seo moragonyana se neng sa dirisiwa ke bakwadi ba bangwe ba Bibela?
38 Buka ya Isaia e tlhalosa tsholofelo ya Bogosi jo bo tla busang mo isagweng ka mo go kgatlhisang! Bonang! Ke “magodimo a masha le lehatshe ye lesha,” koo “kgosi e tla busa[ng] ka tshiamō” le dikgosana di tla laolang ka tshiamiso. Abo seo se ipedisa le go itumedisa thata jang ne! (65:17, 18; 32:1, 2) Gape, Petere o bua molaetsa o o itumedisang wa Isaia: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Pet. 3:13) Setlhogo seno se se molemolemo sa Bogosi se galalediwa ka botlalo mo dikgaolong tsa bofelo tsa Tshenolō.—Isa. 66:22, 23; 25:8; Tshen. 21:1-5.
39. Isaia o lebisa go tsholofelo efe e e molemolemo?
39 Ka gone, lemororo buka ya Isaia e tsholetse baba ba ga Jehofa le bao ka boitimokanyo ba ipolelang fa e le batlhanka ba gagwe dikatlholo tse di botlhoko, e supa ka mafoko a a utlwalang sentle go tsholofelo e e molemo ya Bogosi jwa ga Mesia joo mo go jone leina la ga Jehofa le tla itshepisiwang. E tlhalosa boammaaruri jo bo gakgamatsang jwa Bogosi jwa ga Jehofa ka botlalo le go re omosa dipelo ka tsholofelo e e ipedisang mo “polokeñ ea gagwè.”—Isa. 25:9; 40:28-31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 1221-3.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 957; Bol. 2, ditsebe 894-5.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 324.